Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 19

Sejo sa Morena sa Maitseboa

Sejo sa Morena sa Maitseboa

(Mathaio 26:26-30)

  1. 1. Rrarona yo’o kwa legodimong

    ’Sigo jono bo boitshepo!

    O ne wa bontsha lorato lo logolo;

    Wa golola batho ba ’go.

    Mme o ne wa ba sireletsa

    Ka kwana ya Tlolaganyo.

    E le go diragatsa boprofeti jo,

    Kresete o ne a re swela.

  2. 2. Beine le senkgwe di bontsha

    Tlhwatlhwa ya ’tlhabelo seo;

    Le bomolemo jwa ’go ka go ntsha Morwa

    Yo o neng a go’ikobela.

    Bosigo jono bo botlhokwa

    Ka gonne bo re gopotsa

    Gore loso lwa Kwana lo re thusitse

    Gore re gololwe mo losong.

  3. 3. Re tlile fa pele ga gago

    Gonne o re laleditse,

    Re go baka gonne o re file Kreste,

    E bile re a go tlotla.

    Go tshwara segopotso seno

    Go re nonotsha tumelo.

    Ka jalo re tla nna re etsa Kresete,

    Mme ruri re tla bona tuelo.