Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Go tshwara Dipokano re dirisa Videoconferencing

Go tshwara Dipokano re dirisa Videoconferencing

JUNE 26, 2020

 Dipuso di le dintsi mo lefatsheng di thibetse batho gore ba se ka ba tlhola ba kopana ka ditlhopha tse di kgolo. Basupi ba ga Jehofa ba ikobela melao e e beilweng ke dipuso mme gone ba tswelela ka kobamelo ya bone. E le gore ba kgone go dira jalo, diphuthego di tshwara dipokano tsa tsone di dirisa di app tsa videoconferencing, tse di jaaka Zoom.

 Setlhopha se se Laolang se ile sa letlelela gore meneelo e dirisiwe go reka diakhaonto tsa Zoom, e le gore diphuthego di tswelele di tshwara dipokano. Seno se ile sa thusa diphuthego di le dintsi tse di neng di ka se ka tsa kgona go duelela diakhaonto tseno. Phuthego e le nngwe e ne e ka tshwanelwa ke go duela madi a a ka nnang R258.65 go ya go R344.87, kgotsa go feta. Ka ntlha ya seo, diphuthego tseno di ne di dirisa di app tsa mahala, tse di neng di sa kgone go tsenya batho ba le bantsi gape di sa sireletsega. Gone jaanong diphuthego tsotlhe tse di dirisang diakhaonto tseno tsa Zoom di kgona go tsenya batho ba le bantsi mo videoconferencing ya bone, e bile gape ga ba tlhoke go tshwenyega ka tshireletsego. Diphuthego di feta 65 000 mo dinageng di ka nna 170, di dirisa thulaganyo eno.

 Phuthego ya Kairagi, kwa Indonesia, e ile ya tlogela go dirisa app ya mahala ya videoconferencing mme ya simolola go dirisa akhaonto ya Zoom e e rulagantsweng ke mokgatlho. Mokaulengwe Hadi Santoso a re: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa tlwaelang go dirisa di dirisiwa tsa ileketeroniki ba itumelela dipokano, ka gonne ba sa tlhole ba tlhoka go tsena gangwe le gape mo app ya videoconferencing fa dipokano di tsweletse.”

 Mogolwane mongwe yo o bidiwang Lester Jijón, Jr., kwa phuthegong ya Guayacanes Oeste kwa Guayaquil Ecuador, a re: “Go ne go ka se ka ga kgonega gore phuthego e duelele license ya Zoom ka gonne bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya rona ga ba na madi a a kalo. Gone jaanong ka ntlha ya thulaganyo e e dirilweng ya go dirisa akhaonto ya Zoom, re kgona go laletsa batho ba le bantsi re sa tshwenyege ka palo.”

 Mogolwane mongwe yo o bidiwang Johnson Mwanza, kwa phuthegong ya Ngwerere North kwa Lusaka Zambia, a re: “Bakaulengwe ba le bantsi ba re thulaganyo e e dirilweng ke mokgatlho ya Zoom e dirile gore ba ikutlwe ba atamalane thata le bakeresete mmogo le bone, gape seno se ba bontsha gore Jehofa o a ba rata le gore o a ba kgathalela.”

 Diakhaonto tseno di rekilwe ka madi a a beetsweng tiro ya namolo. Madi ano a tswa mo meneelong e e ntshediwang tiro ya lefatshe lotlhe. Gantsi batho ba dirisa donate.dan124.com go ntsha meneelo eno. Re lo leboga fela thata ka meneelo e lo e ntshang, e gape e thusang ka tiro e e dirwang lefatsheng lotlhe ya go namola.—2 Bakorintha 8:14.