Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baithuti ba Gileade ba rutiwa ka 2017

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Sekolo sa Lefatshe Lotlhe sa Gileade

Sekolo sa Lefatshe Lotlhe sa Gileade

DECEMBER 1, 2020

 Ngwaga le ngwaga bangwe ba ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng ba lalediwa gore ba nne teng mo sekolong sa Gileade se se tshwarelwang kwa Patterson, New York. a Sekolo seno se thusa Baboledi go nna ditswerere fa ba dira dikabelo tsa bone tse di farologaneng mo phuthegong ya Modimo. Thapiso e ba e newang kwa sekolong seno e ba thusa go nonotsha diphuthego le Makala a a Basupi ba ga Jehofa lefatshe lotlhe.

 Sekolo sa Gileade se kopanya bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tswang mo lefatsheng lotlhe. Ka sekai, tlelase ya bo 147 e e neng e tshwerwe ka 2019, e ne e na le baithuti ba le 56 ba ba tswang mo dinageng di le 29. Baithuti bano botlhe ba mo tirelong ya nako e e tletseng e e kgethegileng, bangwe ba direla kwa Bethele, bangwe ke bapotologi, barongwa le babulatsela ba ba kgethegileng.

 Go na le dilo di le dintsi tse di rulaganngwang pele ga sekolo se simolola. Ka sekai, Lefapha la Tsa Maeto la Kwa Ntlokgolo le rulaganyetsa baithuti difofane tse ba tla tlang ka tsone. Mo tlelaseng ya bo147 go dirisitswe madi a a kana ka R16 393.00 go rekela moithuti mongwe le mongwe yo o tswang kwa ntle ga Patterson, ditekete tsa go tla sekolong le go boela gae fa ba fetsa. Baithuti ba ba neng ba tswa kwa ditlhaketlhakeng tsa Solomon ba ne ba pagama difofane di le nnê go ya Patterson ba bo ba palama tse tharo fa ba boela gae. Ba ne ba tsamaya sekgala sa dikilomitara di ka nna 35 400. Go ne ga dirisiwa R35 073.39 go duelela moithuti mongwe le mongwe. Lefapha la Tsa Maeto la Kwa Ntlokgolo le dirisa dikhomputara go batla ditekete tse di sa tureng thata. Le fa go na le tekete nngwe e ba batlang go e reka, lefapha leno le nna le e beile leitlho go bona gore a e ka se ye kwa tlase. Seno se ka tsaya kgwedi kana dibeke di le mmalwa. Gape lefapha leno le dirisa di-points tse di ntshiwa e le moneelo go reka ditekete.

 Bontsi jwa baithuti ba tlhoka di-visa go tsena kwa United States. Ka ntlha ya seno, Lefapha la Tsa Molao la Kwa Ntlokgolo le ba thusa go nna le di-visa gore ba kgone go tla go ithuta mo United States. Gore moithuti a le mongwe a nne le visa, o tlhoka madi a a kana ka R7 777.14.

 Re solegelwa molemo jang ke se bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba se rutiwang kwa Gileade? Hendra Gunawan ke mogolwane kwa phuthegong nngwe e e kwa Southeast Asia. O mo phuthegong le banyalani bangwe ba ba alogileng kwa sekolong sa Gileade. A re: “Phuthego ya rona e ne e se na babulatsela ba ka metlha. Mme fa banyalani bano ba se na go goroga, ba ne ba thusa baboledi bangwe gore le bone e nne babulatsela. Moragonyana kgaitsadi mongwe mo phuthegong ya rona o ne a ya Sekolong sa Baboledi ba Bogosi!”

 Sergio Panjaitan yo o kwa Bethele ya Southeast Asia o bereka le baithuti bangwe ba ba alogileng kwa Gileade, a re: “Se ba se ithutileng ga se a solegela bone fela molemo le rona se re solegetse molemo. Ba rutilwe dilo di le dintsi mme go na le gore ba itseele kwa godimo ka ntlha ya kitso e ba nang le yone, ba e abelana le ba bangwe. Seo se a re kgothatsa e bile se dira gore le rona re kgothatse ba bangwe.”

 Re kgona jang go duelela ditshenyegelo tsa sekolo seno? Re dira seo ka meneelo e e ntshediwang tiro ya lefatshe lotlhe go dirisiwa donate.dan124.com. Re lebogela go nna pelotshweu ga lona ka go ntsha meneelo eno e e tshegetsang sekolo sa Gileade.

a Se se rutiwang kwa sekolong sa Gileade se rulaganngwa ke Lephata la Dikolo tsa Puso ya Modimo ba kaelwa ke Komiti e e Rutang ya Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Sekolo seno se tshwarwa ke bakaulengwe ba Komiti e e Rutang mme ka dinako dingwe go nna le baeng ba ba akaretsang maloko a Setlhopha se se Laolang.