Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TLHAGAFALELA BODIREDI | ITUMELE MO BODIREDING

Thusa Batho ba o Ithutang le Bone go Tlogela Mekgwa E e Sa Siamang

Thusa Batho ba o Ithutang le Bone go Tlogela Mekgwa E e Sa Siamang

Gore batho ba nne ditsala tsa ga Jehofa ba tshwa-netse go dira dilo tse di siameng. (1Pe 1:14-16) Fa motho yo o ithutang le ene a tlogela mekgwa e e sa siamang a ka nna le lelapa le le itumetseng, botsogo jo bontle e bile seo se ka mo thusa gore a kgone go dirisa madi sentle.

Mo tlhalosetse gore Jehofa o batla gore re dire eng le gore re se ka ra dira eng. Gape mo tlhalosetse gore ke eng fa Jehofa a ikutlwa jalo le gore go mo reetsa go re solegela molemo jang. Thusa motho yo o ithutang le ene gore a fetole tsela e a akanyang ka yone mme fa a dira jalo, o tla kgona go dira se Jehofa a batlang gore a se dire. (Bae 4:22-24) Ba tlhomamisetse gore Jehofa a ka ba thusa go tlogela go dira dilo tse di sa siamang, tse ba nang le lobaka lo loleele ba ntse ba di dira. (Baf 4:13) Ruta batho ba o ithutang le bone gore ba rapele Jehofa ka tlhoafalo gore a ba thuse fa ba raelesega go dira dilo tse di sa siamang. Ba thuse go lemoga maemo a a ka dirang gore go nne thata gore ba dire se se siameng. Ba kgothaletse go dira dilo tse di siameng, gore ba kgone go tlogela mekgwa e e sa siamang. Fa o bona batho ba o ithutang le bone ba dira diphetogo ka go bo ba thusiwa ke Jehofa, seo se tla dira gore o itumele.

LEBANG BIDIO YA THUSA BATHO BA O ITHUTANG LE BONE GORE BA TLOGELE MEKGWA E E SA SIAMANG, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Lesego le bagolwane ba ne ba itshwara jang fa ba lemoga gore Mmasentle o na le mokgwa mongwe o o sa siamang?

  • Lesego o ile a thusa jang Mmasentle?

  • Mmasentle o ile a kopa thuso jang mo go Jehofa?