Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW Broadcasting mo Apple TV

JW Broadcasting mo Apple TV

JW Broadcasting e kgona go thusa lelapa gore le nne le tumelo mo Modimong. Leba dithulaganyo tse di rekotilweng go tswa kwa setudiong sa JW Broadcasting mmogo le dibidio tse dingwe tse di tlhophilweng go tswa mo websiteng ya jw.org. Leba mananeo a a gasiwang letsatsi lotlhe mo karolong ya Se se Tshamekang kgotsa batla dibidio o dirisa karolo ya Dibidio Tse di Farologaneng. Tsena mo karolong ya Tse di Reediwang fa o batla go reetsa dithulaganyo tse di farologaneng tse di jaaka mmino le diterama tsa mmalo wa Baebele.

O ka leba JW Broadcasting mo Internet o dirisa khomputara, tablet kgotsa difouno tsa bosheng o dirisa aterese ya tv.dan124.com. O ka di leba mo thelebisheneng o dirisa Amazon Fire TV, Apple TV, kgotsa Roku digital media player.

 

MO KAROLONG ENO

Tsenya App ya JW Broadcasting mo Apple TV

Latela dikgato tseno fa o tsenya Apple TV le fa o tsenya software ya JW Broadcasting.

Leba Dibidio mo Apple TV

Tsela ya go dirisa Apple TV go bona dibidio, go di tshameka jaaka o batla, go leba dibidio tsa bosheng le tse di gone.

Reetsa Dikgatiso Tsa Mantswe Fela mo Apple TV

Tsela ya go dirisa app ya Apple TV go reetsa dikgatiso tsa mantswe fela le go tlhopha gore o batla go di reetsa jang.

Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang ka JW Broadcasting (Apple TV)

Bona dikarabo tsa dipotso tse gantsi di bodiwang.