Fetela kwa tshedimosetsong

A Basupi ba ga Jehofa ke Lekoko?

A Basupi ba ga Jehofa ke Lekoko?

 Nnyaa, Basupi ba ga Jehofa ga se lekoko. Go na le moo, re Bakeresete ba ba lekang ka natla go etsa sekao sa ga Jesu Keresete le go tshela go dumalana le dithuto tsa gagwe.

Lekoko ke eng?

 Batho ba tlhalosa lefoko “lekoko” ka ditsela tse di sa tshwaneng. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko dikgopolo tse pedi ka makoko le gore ke eng fa dikgopolo tseno di sa re tshwanele.

  •   Batho bangwe ba akanya gore lekoko ke bodumedi jo bosha kgotsa jo bo sa tlwaelegang. Basupi ba ga Jehofa ga ba a tlhama bodumedi jo bosha. Go na le moo, re latela kobamelo ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba sekao sa bone le dithuto tsa bone di kwadilweng mo Baebeleng. (2 Timotheo 3:16, 17) Re dumela gore Dikwalo Tse di Boitshepo ke tsone tse di tshwanetseng go bua se se amogelesegang mo kobamelong.

  •   Bangwe ba akanya gore lekoko ke setlhopha se se kotsi sa bodumedi se se eteletsweng pele ke motho mongwe. Basupi ba ga Jehofa ga ba tseye motho ope e le moeteledipele wa bone. Go na le moo, re dira dilo go dumalana le se Jesu a se boleletseng balatedi ba gagwe fa a ne a re: “Moeteledipele wa lona o mongwe, e bong Keresete.”—Mathaio 23:10.

 Basupi ba ga Jehofa ga se setlhopha se se kotsi, mme bodumedi jwa bone bo solegela bone mmogo le batho ba bangwe molemo. Ka sekai, bodiredi jwa rona bo thusitse batho ba le bantsi gore ba fenye mekgwa e e sa siamang, jaaka go dirisa diokobatsi le bojalwa ka tsela e e sa siamang. Mo godimo ga moo, re tshwara ditlelase tsa go ithuta go bala le go kwala mo lefatsheng lotlhe, mme di solegela batho ba le bantsi molemo. Gape re nna le seabe mo tirong ya namolo ka nako ya masetlapelo. Re leka ka natla go tlhotlheletsa batho ba bangwe ka tsela e e molemo, fela jaaka Jesu a ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire jalo.—Mathaio 5:13-16.