Fetela kwa tshedimosetsong

Basupi ba ga Jehofa ba Dumela Eng?

Basupi ba ga Jehofa ba Dumela Eng?

 Rona Basupi ba ga Jehofa, re leka ka natla go latela tsela ya Bokeresete e Jesu a e rutileng le e baaposetoloi ba gagwe ba neng ba e latela. Setlhogo seno se sobokanya se re se dumelang.

  1.   Modimo. Re obamela Modimo a le esi wa boammaaruri, Modimo Mothatayotlhe, Mmopi, yo leina la gagwe e leng Jehofa. (Pesalema 83:18; Tshenolo 4:11) Ke Modimo wa ga Aborahame, Moshe le Jesu.—Ekesodo 3:6; 32:11; Johane 20:17.

  2.   Baebele. Re dumela gore Baebele ke molaetsa o o tlhotlheleditsweng ke Modimo o a o kwaletseng batho. (Johane 17:17; 2 Timotheo 3:16) Tumelo ya rona e theilwe mo dibukeng tsa yone tsotlhe di le 66 tse di akaretsang “Tesetamente e Kgologolo” le “Tesetamente e Ntšha.” Professor Jason D. BeDuhn o ne a naya tlhalosa e e matshwanedi ka ga Basupi ba ga Jehofa fa a ne a re “ba theile tumelo ya bone le ditiro tsa bone mo go se ruri Baebele e se buang, e seng mo go se ba akanyang gore Baebele e tshwanetse e se bue.” a

     Le fa gone re amogela Baebele yotlhe, re dumela gore dikarolo dingwe tsa Baebele di kwadilwe ka tsela ya tshwantshetso kgotsa gore go dirisitswe ditshupo le gore ga di a tshwanelwa go tsewa jaaka di ntse.—Tshenolo 1:1.

  3.   Jesu. Re latela dithuto le sekao sa ga Jesu Keresete e bile re a mo tlotlomatsa gonne e le Mmoloki le Morwa Modimo. (Mathaio 20:28; Ditiro 5:31) Ka jalo re Bakeresete. (Ditiro 11:26) Le fa go ntse jalo, re ithutile gore Jesu ga se Modimo Mothatayotlhe le gore thuto ya gore Rara, Morwa le moya o o boitshepo ke Modimo a le mongwe, ga e a thaiwa mo Dikwalong.—Johane 14:28.

  4.   Bogosi Jwa Modimo. Bogosi jono ga se boemo jo bo mo dipelong tsa Bakeresete mme ke puso ya mmatota ya kwa legodimong. Dipuso tsa batho di tla emisediwa ke jone e bile bo tla diragatsa boikaelelo jwa Modimo mo lefatsheng. (Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10) Dilo tseno di tla diragala mo bogautshwaneng ka gonne boporofeti jo bo mo Baebeleng bo bontsha gore re tshela mo “metlheng ya bofelo.”—2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:3-14.

     Jesu ke Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo kwa legodimong. O simolotse go busa ka 1914.—Tshenolo 11:15.

  5.   Poloko. Setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo se dira gore batho ba kgone go gololwa mo boleong le mo losong. (Mathaio 20:28; Ditiro 4:12) Gore batho ba solegelwe molemo ke setlhabelo seo, go botlhokwa gore ba nne le tumelo mo go Jesu, ba fetole tsela e ba tshelang ka yone ba bo ba kolobediwa. (Mathaio 28:19, 20; Johane 3:16; Ditiro 3:19, 20) Ditiro tsa motho ke tsone tse di bontshang gore o na le tumelo. (Jakobe 2:24, 26) Le fa go ntse jalo, batho ga ba bolokwe fela—ba bolokwa ka ntlha ya “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.”—Bagalatia 2:16, 21.

  6.   Legodimo. Jehofa Modimo, Jesu Keresete le baengele ba ba ikanyegang ba nna kwa lefelong la moya. b (Pesalema 103:19-21; Ditiro 7:55) Go tla tsosiwa batho ba le 144 000 mme ke bone ba ba tla busang le Jesu mo Bogosing kwa legodimong.—Daniele 7:27; 2 Timotheo 2:12; Tshenolo 5:9, 10; 14:1, 3.

  7.   Lefatshe. Modimo o bopile lefatshe gore batho ba nnele ruri mo go lone. (Pesalema 104:5; 115:16; Moreri 1:4) Ba ba ikobelang Modimo ba tla segofadiwa ka botsogo jo bo siameng le ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.—Pesalema 37:11, 34.

  8.   Pogo le dilo tse di maswe. Dilo tseno di simologile fa moengele mongwe wa Modimo a ne a tsuologa. (Johane 8:44) Moengele yono, yo o ileng a bidiwa “Satane” le “Diabolo” fa a sena go tsuologa, o ne a tlhotlheletsa batho ba ntlha mo lefatsheng gore ba nne mo letlhakoreng la gagwe mme ditlamorago tsa teng tse di botlhoko di ne tsa ama bana ba bone. (Genesise 3:1-6; Baroma 5:12) E le gore ditatofatso tsa ga Satane di arabiwe, Modimo o letleletse pogo le dilo tse di maswe gore di diragale mme ga a na go di letlelela go ya go ile.

  9.   Loso. Fa motho a swa, ga a sa tlhole a le teng. (Pesalema 146:4; Moreri 9:5, 10) Batho ga ba tlhokofadiwe mo molelong wa dihele.

     Modimo o tlile go tsosa dibilione tsa batho ba ba suleng. (Ditiro 24:15) Le fa go ntse jalo, ba ba ganang go ikobela melao ya Modimo fa ba sena go tsosiwa, ba tla senngwa ba bo ba sa tlhole ba tsosiwa gape.—Tshenolo 20:14, 15.

  10.   Lelapa. Re ikobela molao wa Modimo wa gore lenyalo ke lone fela le kopanyang monna le mosadi le gore ba ka tlhalana fela fa molekane yo mongwe a dirile boaka. (Mathaio 19:4-9) Re tlhomamisegile gore botlhale jo bo mo Baebeleng bo thusa malapa gore a atlege.—Baefeso 5:22–6:1.

  11.   Kobamelo ya rona. Ga re dirise sefapaano mo kobamelong ya rona kgotsa ditshwantsho dipe fela. (Duteronome 4:15-19; 1 Johane 5:21) Dintlha tsa konokono mo kobamelong ya rona di akaretsa:

  12.   Mokgatlho wa rona. Re rulagantswe ka diphuthego, mme phuthego nngwe le nngwe e eteletswe pele ke setlhopha sa bagolwane. Le fa go ntse jalo, bagolwane ga se baruti e bile ga ba duelwe. (Mathaio 10:8; 23:8) Ga re ntshe tsa bolesome e bile ga go ke go tsewa koleke epe kwa dipokanong tsa rona. (2 Bakorintha 9:7) Tiro ya rona e tshegediwa ka meneelo e batho ba e ntshang ka go ithaopa.

     Setlhopha se se Laolang se kaela Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara mme ke setlhotswana sa Bakeresete ba ba godileng sentle mo tumelong ba ba direlang kwa ntlokgolong ya rona.—Mathaio 24:45.

  13.   Kutlwano ya rona. Re dumela dilo tse di tshwanang mo lefatsheng lotlhe. (1 Bakorintha 1:10) Gape re leka ka natla gore re se ka ra kgaoganngwa ke maemo mo setšhabeng, lotso kgotsa itsholelo. (Ditiro 10:34, 35; Jakobe 2:4) Le fa go ntse jalo, kutlwano ya rona e letla motho go nna le kgololesego ya go itlhophela se a se batlang. Mosupi mongwe le mongwe o dira ditshwetso tumalanong le segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele.—Baroma 14:1-4; Bahebera 5:14.

  14.   Boitsholo jwa rona. Re leka ka natla go bontsha lorato ka ditiro tsa rona. (Johane 13:34, 35) Re tila ditiro tse di sa ipediseng Modimo, go akaretsa tiriso ya madi e e seng maleba jaaka go tshelwa madi. (Ditiro 15:28, 29; Bagalatia 5:19-21) Re batho ba kagiso e bile ga re tseye karolo mo ntweng. (Mathaio 5:9; Isaia 2:4) Re tlotla puso le bolaodi jwa naga e re nnang mo go yone fa fela bolaodi joo bo sa batle re tlola melao ya Modimo.—Mathaio 22:21; Ditiro 5:29.

  15.   Tsela e re dirisanang le ba bangwe ka yone. Jesu o ne a laela jaana: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” Mo godimo ga moo o ne a re Bakeresete “ga ba karolo ya lefatshe.” (Mathaio 22:39; Johane 17:16) Ka jalo, re leka go ‘dira se se molemo mo go botlhe,’ mme re sa tseye letlhakore mo mererong ya tsa sepolotiki e bile re sa ikamanye le madumedi a mangwe. (Bagalatia 6:10; 2 Bakorintha 6:14) Le fa go ntse jalo, re tlotla ditshwetso tse batho ba bangwe ba di dirang malebana le dikgang tseno.—Baroma 14:12.

 Fa e le gore o na le dipotso tse dingwe ka tumelo ya Basupi ba ga Jehofa, o ka bala mo go oketsegileng ka rona mo jw.org, o ka ikgolaganya le nngwe ya diofisi tsa rona, o ka etela kwa Holong ya Bogosi kgotsa o ka bua le Mosupi mongwe mo lefelong le o nnang mo go lone.

a Bona Truth in Translation, tsebe 165.

b Baengele ba ba bosula ba sa ntse ba nna kwa lefelong la moya le fa ba kobilwe kwa legodimong.—Tshenolo 12:7-9.