Fetela kwa tshedimosetsong

Watch Tower Bible and Tract Society ke Eng?

Watch Tower Bible and Tract Society ke Eng?

 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania ke mokgatlho o o sa direng madi, o o tlhomilweng ka 1884 go dirisiwa melao ya Commonwealth of Pennsylvania kwa U.S.A. O dirisiwa ke Basupi ba ga Jehofa go tshegetsa tiro ya bone ya lefatshe lotlhe, e e akaretsang go gatisa Dibaebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng.

 Go ya ka molaotheo wa mokgatlho ono, boikaelelo jwa one ke go dira ditiro tsa “bodumedi, tsa go ruta le go thusa batho,” segolobogolo “go rera le go ruta ka efangele ya Bogosi Jwa Modimo jo Jesu Keresete a busang mo go jone.” Batho ba lalediwa go nna maloko mme seo ga se a ikaega ka gore motho o ntshitse koleke ya bokae. Maloko a mokgatlho ono le bakaedi ba one ba thusa Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa.

Watchtower e Dirisa Makgotla a Semolao

 Kwantle ga Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, Basupi ba ga Jehofa ba dirisa makgotla a mangwe a semolao a a mo dinageng tse dintsi. Makgotla a mangwe a dirisa mareo a a jaaka “Watch Tower,” “Watchtower,” kgotsa a ranola mafoko ano.

 Fa e sa le mekgatlho eno ya semolao e tlhomiwa, re ile ra kgona go fitlhelela dilo tse di latelang:

  •   Go kwala le go gatisa. Re gatisitse Dibaebele di ka nna dimilione di le 220 le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng di ka nna dibilione di le 40 ka dipuo di feta 700. Website ya jw.org e dira gore batho ba kgone go bala Baebele mahala mo Internet ka dipuo di feta 120 le go bona dikarabo tsa dipotso tsa Baebele tse di jaaka: “Bogosi Jwa Modimo ke eng?

  •   Thuto. Re na le dikolo tse dintsi tse di rutang Baebele. Ka sekai, go simologa ka 1943, Basupi ba ga Jehofa ba feta 8 000 ba ne ba solegelwa molemo ke thuto ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade, e e neng ya ba thusa go nna barongwa le go nonotsha tiro ya rona ya lefatshe lotlhe. Gape beke le beke, batho ba le dimilione, go akaretsa le ba e seng Basupi, ba a rutiwa kwa diphuthegong tsa rona. Mo godimo ga moo, re na le ditlelase tsa go ruta batho go bala le go kwala le buka e e re thusang go dira jalo e e gatisitsweng ka dipuo di le 110.

  •   Go thusa batho. Re thusitse ba ba wetsweng ke masetlapelo ka dilwana tsa namolo, e ka tswa e le masetlapelo a a bakwang ke batho kgotsa a tlholego, jaaka ka 1994, fa merafe e ne e bolaana kwa Rwanda le ka thoromo ya lefatshe ya 2010 kwa Haiti.

 Le fa makgotla ano a re thusitse gore re fitlhelele go le gontsi, tiro ya rona ga ya ikaega ka one. Modimo o neile Mokeresete mongwe le mongwe maikarabelo a go rera le go ruta dikgang tse di molemo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Re dumela gore Modimo ke ene a emeng tiro ya rona nokeng le gore o tla tswelela e le ene “yo o godisang.”—1 Bakorintha 3:6, 7.