Fetela kwa tshedimosetsong

BAEBELE E FETOLA MATSHELO

“Ga ke Tlhole ke le Rra Ntwa”

“Ga ke Tlhole ke le Rra Ntwa”
  • O Tshotswe ka: 1956

  • O Tsholetswe Kwa: Canada

  • Botshelo Jwa Gagwe Jwa Pele: Go kgobega marapo, go se itshware sentle, go nna dikgoka

TSELA E A NENG A TSHELA KA YONE PELE

 Ke tsholetswe kwa Calgary kwa Alberta, Canada. Fa ke sa ntse ke le lesea, batsadi ba me ba ne ba tlhalana, nna le mama re bo re fudugela kwa ga bone. Batsadi ba ga mmê ba ne ba re rata thata, e bile ke ne ke itumetse. Ke sa ntse ke gopola kafa go neng go le monate ka gone.

 Fa ke na le dingwaga di le supa, botshelo jwa me bo ne jwa fetoga fa batsadi ba me ba ne ba nyalana gape, re bo re fudugela kwa St. Louis, Missouri, kwa United States. Ke ne ka lemoga gore ka dinako dingwe papa o ne a na le go nna setlhogo. Ka sekai, fa ke se na go fudugela kwa sekolong se sesha, letsatsi lantlha fa ke boa, papa o ne a utlwalela gore bana bangwe ba ne ba nkgerisa mme ga ke a ka ka ipusolosetsa. O ne a galefa, a bo a ntitaya botlhoko go feta bana ba ba neng ba nkgerisa. Ke ithutile mo go se se ntiragaletseng gore le nna ke tlhoka go itwela. Fa ke na le dingwaga di le supa, ke fa ke simolola go lwa le bana ba ke tsenang sekolo le bone.

 Mama o ne a sa rate tsela e rre a neng a itshwara ka yone, ka jalo seo se ne se dira gore ba nne fela ba omana . Ke ne ka simolola go dirisa diritibatsi le go nwa thata fa ke na le dingwaga di le 11. Ke ne ke nnela bosula go ya pele, e bile ke tlhola ke lwa le batho mo seterateng. Fa ke fetsa sekolo, ke ne ke le rra ntwa dumela.

 Fa ke na le dingwaga di le 18, ke ne ka ya go ithutela go nna lesole la U.S. Marine Corps. Ke ne ka ithuta go bolaya batho. Morago ga dingwaga di le tlhano, ke ne ka tlogela bosole ke bo ke ya bo ithutela go bereka ka tlhaloganyo gore ke kgone go nna lepodise la Federal Bureau of Investigation. Ke ne ka simolola dithuto tsa me kwa United States ke bo ke di feleletsa kwa Canada fa ke se na go fudugela teng.

 Fa ke le kwa yunibesithing ke ne ke kgobiwa marapo ke dilo tse batho ba di dirang. Ba ne ba le pelotshetlha, sengwe le sengwe se ba neng ba se solofetsa ba ne ba sa se diragatse, e bile mathata a batho a ne a bonala a se kitla a tsamaya a rarabololwa. Ke ne ka felelwa ke tsholofelo ya gore batho ba ka kgona go baakanya lefatshe.

 Tota ke ne ke sa itse gore ke tshelela eng, ke ne ke nwa thata, ke dirisa diritibatsi ka tsela e e sa siamang e bile ke rata madi le tlhakanelodikobo. Ke ne ke nna fela ke akantse ka gore ke tla ya phathing efe le gore ke tla tlhakanela dikobo le mosadi ofe. Se ke neng ke se ithutile kwa bosoleng se ne se dira gore ke itshepe thata. Ka jalo, ka dinako dingwe ke ne ke lwa le batho. Ke ne ke akanya gore nka ipeela melao ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang, gape ke ne ke sa tshabe go nna kgatlhanong le mongwe le mongwe fela yo ke neng ke akanya gore ga a tshware batho ba bangwe sentle. Fa re bua nnete fela, ke ne ke le rra ntwa.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE

 Nako nngwe fa ke na le tsala ya me, re se na go goga diritibatsi e bile re le mo maibing, re rulaganya gore re tla rekisa jang marijuana, o ne a mpotsa gore a ke dumela mo Modimong. Ke ne ka re: “Fa e le gore Modimo ke ene a dirang gore re boge, ga ke batle bo utlwa sepe ka ene!” Mo letsatsing le le latelang, e bile e le letsatsi la me la ntlha kwa tirong, mmereki mmogo le nna yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa, o ne a mpotsa gore: “A o akanya gore Modimo ke ene a dirang gore re boge?” Ke ne ke maketse ka gonne ke se ke letseng ke se buile maabane, ka jalo ke ne ke batla go utlwa mo go oketsegileng. Dikgwedi tse thataro tse di latelang, re ne ra tlotla thata ka Baebele. O ne a mpontsha dikarabo tsa dipotso tsa botlhokwa tse ke neng ke na le tsone mo Baebeleng.

 Lekgarebe le ke neng ke nna le lone le ne le sa batle gore ke le bolelele sepe ka Baebeleng. Sontaga mongwe ke ne ka mmolelela gore ke laleditse Basupi ba ga Jehofa gore ba tle go ithuta Baebele le rona. Letsatsi le le latelang fa ke boa kwa tirong, ke ne ka fitlhela a tsamaile e bile a tshotse sengwe le sengwe se se neng se le mo ntlong. Ke ne ka nna kwa ntle ke bo ke lela. Gape ke ne ka rapela Modimo ke mo kopa gore a nthuse. E ne e le lantlha ke dirisa leina la Modimo, Jehofa, mo thapelong ya me.—Pesalema 83:18.

 Morago ga malatsi a le mabedi ke fa ke simolola go ithuta Baebele le banyalani bangwe ba Basupi ba ga Jehofa. Fa ba se na go tsamaya, ke ne ka bala buka ya O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise mo bosigong joo, ke bo ke e fetsa. a Se ke neng ke se ithuta ka Jehofa Modimo le morwawe, Jesu Keresete se ne se ama pelo ya me. Ke ne ka ithuta gore Jehofa o kutlwelobotlhoko le gore o utlwa botlhoko fa re boga. (Isaia 63:9) Ke ne ka amiwa thata ke go itse gore Modimo o a nthata le gore o ntshitse Morwawe setlhabelo gore a ntshwele. (1 Johane 4:10) Ke ne ka lemoga gore Jehofa o ntse a le pelotelele le nna “ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) Ke ne ke ikutlwa e kete Jehofa o batla gore ke nne tsala ya gagwe.—Johane 6:44.

 Ke ne ka simolola go ya dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa mo go yone beke eo. Ke ne ke na le moriri o motelele, ke rwala manyena, e bile ke lebega ke tlhakatlhakane, mme fa ke goroga, Basupi ba ne ba ntshwara jaaka leloko lengwe la lelapa le e neng e le kgale ba sa le bone. Ba ne ba itshwere jaaka Bakeresete ba boammaaruri. Ke ne ke utlwa e kete ke kwa ga bo mmê, mme koo go ne go le monate thata.

 Fa nako e ntse e ya, se ke neng ke se ithuta mo Baebeleng se ne se fetola botshelo jwa me. Ke ne ka beola moriri, ka tlogela boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le go nwa bojalwa. (1 Bakorintha 6:9, 10; 11:14) Ke ne ke ke batla go itumedisa Jehofa. Ka jalo, fa ke ithuta gore Jehofa ga a rate sengwe, ke ne ke tlogela go se dira ke bo ke sa dire diipato tsa go tswelela ke se dira, le fa gone ka dinako dingwe seo se ne se nkutlwisa botlhoko. Ke ne ke tlhola ke ipolelela gore ‘ga ke a tshwanela go dira jaana,’ ka bonako ke bo ke tlogela go akanya jalo kgotsa go dira selo seo. Ke ne ka lemoga gore ke tshela botoka fa ke dira dilo ka tsela e Jehofa a batlang ke di dira ka yone. Ka di 29 tsa July  1989—morago ga dikgwedi di le thataro ke ithuta Baebele—ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE

 Baebele e nthusitse go fetola botho jwa me. Pele ke ne ke galefa fa mongwe a sa ntshware sentle. Mme gone jaanong ke leka ka thata go ‘agisana le batho botlhe.’ (Baroma 12:18) Fa e ne e se ka Jehofa le Lefoko la Gagwe le thuso ya moya gagwe o o boitshepo, nkabo ke sa kgona go fetola botshelo jwa me.—Bagalatia 5:22, 23; Bahebera 4:12.

 Gone jaanong ga ke tlhole ke rata ntwa, ke le lekgoba la diritibatsi e bile ke dira boitsholo jo bo sa siamang, mme ke leka ka natla go itumedisa Jehofa Modimo le go mo direla ka bojotlhe. Seo se akaretsa le go ruta batho ba bangwe ka ene. Morago ga dingwaganyana ke kolobeditswe ke ne ka fudugela kwa go nang le baboledi ba bogosi gone. Ke feditse dingwaga ke itumelela go ruta batho Baebele le go bona kafa Baebele e neng e tokafatsa matshelo a bone ka gone. Gape ke itumelela gore mmê o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa fa a se na go bona ka fa ke neng ke itshwara ka gone.

 Ka 1999, ke ne ka aloga kwa sekolong se gone jaanong se bidiwang Sekolo sa Baboledi ba Bogosi, se se neng se tshwaretswe kwa El Salvador. Sekolo seo se nthusitse go etelela pele mo tirong ya go rera, go ruta le go tlhokomela phuthego ya Modimo. Fa ngwaga oo o wela, ke fa ke nyala Eugenia. Gone jaanong re mo tirelong ya nako e e tletseng kwa Guatemala.

 Go na le gore nka bo ke kgobilwe marapo ke botshelo, gone jaanong ke itumetse thata. Go dirisa se ke se ithutang mo Baebeleng go nkgolotse mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo gape go nthusitse gore ke se ka ka nna rra ntwa, gape go dirile gore ke tshele monate le batho ba ba ratang kagiso.

a Gantsi Basupi ba ga Jehofa ba ithuta Baebele le batho ba dirisa buka ya Baebele e re Ruta Eng?