Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Go Itumelela Botshelo

Jehofa o re Thusitse go Baakanya lenyalo la Rona

Melaometheo ya Baebele e ka thusa banyalani ba ba lebanang le dikgwetlho mo manyalong a bone.

Lorato lo lo Ikanyegang lo Tla Fenya Letlhoo Leng?

Go fenya tlhaolele go ka nna thata. Bona gore Mojuda le Mopalesetina ba kgonne jang.

Ke Kgatlhilwe ke Dikarabo Tse di Utlwalang Tsa Baebele

Ernest Loedi o bone dingwe tsa dikarabo tsa botlhokwa mo botshelong. Dikarabo tse di utlwalang tsa Baebele di mo neile tsholofelo ya mmatota ka isagwe.

Dipotso Tse Tharo di Fetotse Botshelo Jwa Me

Fa moithuti a nna morutabana, Doris Eldred o ne a bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa gagwe.

Ke ne Ke sa Batle go Swa!

Nako nngwe Yvonne Quarrie o ne a ipotsa gore, “Goreng ke le fano?” Karabo ya potso eo e ile ya fetola botshelo jwa gagwe.

Jehofa o Ntiretse go Tlala Seatla

Crystal o ile a sotlwa ka tlhakanelodikobo fa a le monnye. Ke eng se se mo thusitseng go nna le kamano le Modimo le go tshela botshelo jo bo nang le bokao?

Ga ke Tlhole ke Itlhabelwa ke Ditlhong

Ithute gore Israel Martínez o ile a fenya jang boikutlo jwa go inyatsa, a bo a simolola go itlotla.

Nna le Rre re Feleleditse re Utlwana

Bona gore ke eng se se dirileng gore Renée a simolole go dirisa diritibatsi le gore o thusitswe ke eng go di tlogela.

Jaanong ke Kgona go Thusa Batho ba Bangwe

Julio Corio o ne a welwa ke masetlapelo a bo a akanya gore Modimo ga a mo kgathalele. Ekesodo 3:7 e ne ya mo thusa go fetola tsela e a lebang dilo ka yone.

Ke ne Ke Ikakanyetsa ke le Nosi

Christof Bauer o ne a bala Baebele ka tlhagafalo fa a tsere loeto ka sekepe. O ne a ithuta eng?

Ke ne Ke Batla go Lwantsha Tshiamololo

Rafika o ne a tsenela mokgatlho o o neng o lwela go fedisa dilo tse di neng di sa dirwe sentle. Mme fa a ne a bala Baebele, o ile a ithuta gore Modimo o tlile go tlisa kagiso mo lefatsheng a dirisa Bogosi jwa Gagwe.

“Ga ke Tlhole ke Akanya Gore ke Tshwanetse go Fetola Lefatshe”

Go ithuta Baebele go thusitse molweladiphetogo jang go ithuta ka se se tla tlisang diphetogo tsa mmatota mo bathong?

Ke ne Ke sa Dumele Gore Modimo o Teng

Go tlile jang gore mosha yo o neng a dumela gore ga go na Modimo e bile a rata bokomonisi, a simolole go rata Baebele?

Baebele e Fetola Matshelo a Batho—November 2012

Mosadi mongwe yo o nang le tiro e e atlegileng, motho yo o neng a rata go betšha le monna yo o neng a kgobilwe marapo ke botshelo ba ne ba bona jang boitumelo jwa mmatota?

Baebele e Fetola Matshelo a Batho—O ne A Nyetse Lefufa Mme a Nna Rralelapa yo o Botoka

Ke eng se se neng sa dira gore motho yo pele a neng a nyetse lefufa la fetole tsela e a lebang lenyalo ka yone?

Ba Fetotse Bodumedi

“Ke ne Ke na Le Dipotso di le Dintsi”

Ke eng se se dirileng gore Mario, yo e neng e le moruti, a dumele gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta boammaaruri ka Baebele?

Baebele e Nneile Dikarabo Tse di Kgotsofatsang

Mayli Gündel o ne a kgaotsa go dumela mo Modimong fa rraagwe a tlhokafala. O ne a nna le tumelo le kagiso ya mogopolo jang?

Ba Dirisitse Baebele go Araba Potso Nngwe le Nngwe!

Isolina Lamela ene e le moitlami wa Mokatoliki, le mokomanise, mme o ne a sa kgotsofala. Basupi ba ne ba mo thusa gore a nne le boikaelelo mo botshelong

“Jehofa O ne A sa Ntebala”

Kgabagare mosadi yo o ratang bodumedi yono o ne a bona dikarabo tsa Dikwalo malebana le lebaka la go bo re swa le gore go diragala eng fa re swa. Ithute ka kafa boammaaruri bo fetotseng botshelo jwa gagwe ka teng.

“Ke ne Ke Batla go Nna Moruti”

Go tloga bosheng, Roberto Pacheco o ne a na le mokgele wa go nna moruti wa Katoliki. Bona gore ke eng se se fetotseng botshelo jwa gagwe.

“Ba ne Ba Batla Gore ke Iponele Boammaaruri”

Luis Alifonso o ne a batla go nna morongwa wa Mo-Mormon. Go ithuta Baebele go ile ga fetola jang mekgele ya gagwe le botshelo jwa gagwe?

Diritibatsi le Bojalwa

“Ga ke Tlhole ke le Rra Ntwa”

Mo letsatsing la gagwe la ntlha kwa tirong, Michael Kuenzle o ne a bodiwa gore: “A Modimo ke ene a dirang gore re boge?” Seo se ne sa fetola botshelo jwa gagwe.

Botshelo Jwa Me bo ne Bo Tlhakatlhakane

Solomone o ile a fudugela kwa Amerika gore a bone botshelo jo bo botoka. Le fa go ntse jalo o ile a simolola go dirisa diokobatsi a bo a felela a tshwerwe. Ke eng se se mo thusitseng go fetola botshelo jwa gagwe?

Ke Ithutile go Tlotla Basadi le go Itlotla

Joseph Ehrenbogen o ne a bala sengwe mo Baebeleng se se neng sa fetola botshelo jwa gagwe gotlhelele.

“Ke ne Ka Simolola go Itharabologelwa”

Bona kafa melaometheo ya Baebele e ileng ya thusa monna mongwe go fetola mekgwa ya gagwe le tsela e a akanyang ka yone gore a itumedise Modimo.

Ke ne Ke sa Tlhole ke Kgona go Tshela Jalo

Dmitry Korshunov o ne a tshwakgotswe ke bojalwa mme o ne a simolola go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Ke eng se se mo thusitseng go fetola botshelo jwa gagwe?

Baebele e Fetola Matshelo a Batho—October 2012

Go tlile jang gore batho ba babedi ba tlogele go dira dilo tse di sa siamang, go akaretsa bojalwa le diokobatsi, mme ba itumele tota?

“Kgabagare ke Bone Kgololesego ya Mmatota”

Ithute kafa Baebele e thusitseng lekawana lengwe go tlogela go goga motsoko le go dirisa diokobatsi le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng.

Bokebekwa

“Ke ne Ke Ikepela Lebitla”

Ke eng se se thusitseng monna yono wa kwa El Salvador go fetoga?

Ga ke Tlhole ke Leba Batho Jaaka Pele

Sobantu o ithutile Baebele, a bo a tlogela go kgothosa batho, gone jaanong o ruta batho ka lefatshe le go tla bong go se na borukhutlhi le bokebekwa kwa go lone.

Ke ne Ke le Motho yo o Bogale

Monna yo o neng a le mo setlhopheng sa digongwana o dumela gore tsela e a fetogileng ka yone e bontsha gore Baebele e na le maatla. Jaanong ke tsala ya Modimo.

Ke ne Ke le Bogale e Bile Ke le Ra Ntwa Dumela

Ke eng se se dirileng gore ra ntwa dumela wa kwa Mexico a batle go fetola botho jwa gagwe?

Mphe Ngwaga o le Mongwe Fela wa Kagiso le Boitumelo

Alain Broggio o ne a amiwa maikutlo ke temana ya Baebele ya 1 Johane 1:9.

Ke ne ke Akanya Gore ke Tshela Monate

Pawel Pyzara o ne a rata ntwa, a dirisa diritibatsi e bile a na le tiro ya maemo a a kwa godimo. Dilo di ne tsa fetoga fa a simolola ntwa le banna ba le robedi.

Botshelo Jwa Me bo Ne bo Nna Maswe le go Feta

Stephen McDowell o ne a le dikgoka mme go bolawa ga motho go ne ga fetola botshelo jwa gagwe.

Ke Ithutile Gore Jehofa o Pelotlhomogi e Bile o a Itshwarela

Go ne go le mo mading gore Normand Pelletier a tsietse. Mme o ne a amiwa thata ke go bala temana nngwe ya Baebele.

Ke ne Ke Batla go Fedisa Tshiamololo le Thubakanyo

Antoine Touma e ne e le kgeleke ya Kung Fu, mme 1 Timotheo 4:8 e ne ya fetola botshelo jwa gagwe.

Ke ne Ke Tshwara Tlhobolo Gongwe le Gongwe Kwa ke Yang Teng

Annunziato Lugarà e ne e le leloko la segongwana se se kotsi mme go etela ga gagwe kwa Holong ya Bogosi go ile ga fetola botshelo jwa gagwe.

“Batho ba le Bantsi Ba ne Ba Ntlhoile”

Ithute kafa go ithuta Baebele go neng ga thusa monna yo o neng a rata dikgoka gore a rate kagiso ka gone.

Metshameko, Mmino le Boitlosobodutu

Go ne Go Bonala Ke na Le Sengwe le Sengwe Se ke Se Tlhokang

Stéphane o ne a le mosha, a atlegile e bile a tumile. O ne a na le sengwe le sengwe mme a sa itumela. Ke eng se se ileng sa mo thusa gore a itumele mo botshelong?

Sekgele Se se Di Gaisang Tsotlhe mo Botshelong Jwa Me

Ke eng se se dirileng motshameki yo o tumileng wa tenese a rute batho Baebele?

Ke Paletswe Makgetlo a le Mantsi Pele ke Atlega

Monna mongwe o thusitswe ke eng go tlogela go leba ditshwantsho tsa thobalano le go nna le kagiso ya mogopolo?

Baebele e Fetola Matshelo a Batho—April 2013

Ntle le go atlega mo kgwebong ya mmino, Esa o ne a itse gore botshelo jwa gagwe ga bo na bokao. Ithute kafa moopedi yono wa mmino wa heavy-metal a ileng a bona boitumelo jwa mmatota ka teng.

Ke ne Ke Rata Beisebolo go Feta Sengwe le Sengwe!

Samuel Hamilton o ne a rata metshameko ka pelo yotlhe mme go ithuta Baebele go ne ga fetola botshelo jwa gagwe.

Tsholofelo ya Lefatshe la Paradaise e Fetotse Botshelo Jwa Me!

Ivars Vigulis o ne a dira gore botshelo jwa gagwe bo ikaege ka botumo, kgalalelo, le monate wa go gaisana ka dikuta. Boammaaruri jwa Baebele bo ile jwa fetola jang botshelo jwa gagwe?