Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng ka Keresemose?

Baebele ya Reng ka Keresemose?

Karabo ya Baebele

Baebele ga e re bolelele gore Jesu o tshotswe leng e bile ga e re bolelele gore re keteke letsatsi la botsalo jwa gagwe. Cyclopedia ya ga McClintock le Strong ya re: “Moletlo wa Keresemose ga o a tlhomiwa ke Modimo, e bile ga o umakiwe mo TN [Tesetamente e Ntšha].”

Go na le moo, dipatlisiso di bontsha gore Keresemose e simologile kwa meetlong ya bodumedi jwa boheitane. Baebele e bontsha gore re kgopisa Modimo fa re mo obamela ka tsela e a sa e amogeleng.—Ekesodo 32:5-7.

Tshimologo ya dingwao tsa Keresemose

  1. Go keteka letsatsi la botsalo jwa ga Jesu: “Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa keteke botsalo [jwa ga Jesu] ka gonne ba ne ba tsaya go keteka botsalo jwa motho ope fela e le ngwao ya boheitane.”—The World Book Encyclopedia

  2. December 25: Ga go na bosupi bope jwa gore Jesu o tshotswe ka letsatsi leno. Baeteledipele ba Kereke ba ne ba tlhopha letlha leno gore le tsamaisane le meletlo ya boheitane e e neng e tshwarwa ka paka ya mariga fa nako ya motshegare e le khutshwane.

  3. Go aba dimpho, go dira meletlo le diphathi: The Encyclopedia Americana ya re: “Dingwao tsa Keresemose tsa go ijesa monate di dirwa go ya ka tsela e go neng go ketekwa Saturnalia, e leng mokete wa Baroma o o neng o ketekwa mo bogareng jwa December. Ka sekai, mokgwa wa go dira mekete e e feteletseng, go abelana dimpho, le go tshuba dikerese o tserwe mo moketeng ono.” Encyclopædia Britannica ya re “go ne go sa dirwe tiro kgotsa kgwebo epe” ka letsatsi la go keteka Saturnalia.

  4. Dipone tsa Keresemose: Go ya ka The Encyclopedia of Religion, Bayuropa ba ne ba kgabisa matlo a bone “ka dipone le dilo tse ditala tsa mefuta yotlhe” fa ba keteka paka ya mariga ka nako ya fa motshegare o le mokhutshwane e bile ba ne ba di dirisa go thibela meya e e boikepo.

  5. Setlhare sa mistletoe le sa holly: “Baruti ba ne ba re setlhare sa mistletoe se kgona go dira dikgakgamatso. Setlhare sa holly se se nnang se le setala se ne se obamelwa ka tsholofelo ya gore letsatsi le tla tlhaga gape.”—The Encyclopedia Americana.

  6. Setlhare sa Keresemose: “Go obamela setlhare sa Keresemose go ne go tlwaelegile mo bathong ba kwa Yuropa ba baheitane mme ba ne ba tswelela ba dira jalo fa ba sena go sokologela mo Bokereseteng.” Sengwe sa dilo tse di ileng tsa dira gore kobamelo ya setlhare e tswelele ke ngwao ya go “baya setlhare sa Keresemose mo kgorong kgotsa mo ntlong ka nako ya malatsi a boikhutso mo gare ga paka ya mariga.”—Encyclopædia Britannica.