Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Babadi Ba Botsa Jaana . . .

A Keresemose ke Moletlo wa Bakeresete?

A Keresemose ke Moletlo wa Bakeresete?

Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba dumela gore go Keresemose ke moletlo wa letsatsi la botsalo jwa ga Jesu Keresete. Le fa go ntse jalo a o kile wa ipotsa gore a Bakeresete ba bogologolo ba ba neng ba atamalane thata le Jesu, ba ne ba keteka Keresemose? E bile a o itse gore Baebele ya reng ka malatsi a botsalo? Go bona dikarabo tsa dipotso tseno go tla re thusa go itse gore a Keresemose ke moletlo wa Bakeresete.

Santlha, ga gona gope mo Baebele e reng Jesu kgotsa baobamedi bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo ba ne ba keteka malatsi a botsalo. Baebele e bua ka batho ba le babedi fela ba ba neng ba keteka malatsi a bone a botsalo. E ne e se baobamedi ba Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa, e bile ka nako ya fa ba ne ba keteka malatsi a bone a botsalo go ne ga direga sengwe se se bosula. (Genesise 40:20; Mareko 6:21) Go ya ka Encyclopædia Britannica, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba le kgatlhanong le “moetlo wa boheitane wa go keteka malatsi a botsalo.”

Jesu o tshotswe leng?

Baebele ga e bue gore Jesu o tshotswe ka letsatsi lefe. Buka ya Cyclopedia ya ga McClintock le Strong ya re: ‘Ga go na bosupi bope mo Tesetamente e Ntšha kgotsa motswedi ope o o tlhomamisang gore Keresete o tshotswe leng.’ Tota e bile, fa e le gore Jesu o ne a batla balatedi ba gagwe ba keteka letsatsi la gagwe la botsalo, a ka bo a dirile gore ba itse gore o tshotswe leng.

Sa bobedi, ga go na gope mo Baebele e reng Jesu kgotsa mongwe wa barutwa ba gagwe o ne a keteka Keresemose. Buka ya New Catholic Encyclopedia, ya re lekgetlho la ntlha fa go buiwa ka go keteka Keresemose “ke mo bukeng ya Chronograph of Philocalus, e leng khalendara ya Baroma e e dirilweng go dirisiwa tshedimosetso ya ngwaga wa 336.” Seo se diragetse lobakanyana Baebele e sena go kwalwa le dingwaga di le dintsi Jesu a boetse kwa legodimong. Ke lone lebaka la go bo buka ya ga McClintock le Strong e re ‘go keteka Keresemose ga se taelo e e tswang kwa Modimong kgotsa mo Tesetamente e Ntšha.’ *

Ke moletlo ofe o Jesu a neng a raya barutwa ba gagwe a re ba o keteke?

E re ka Jesu e le Morutisi yo Mogolo, o ne a naya balatedi ba gagwe ditaelo tsa se a neng a batla ba se dira e bile ditaelo tseo di kwadilwe mo Baebeleng. Mme gone, go keteka Keresemose e ne e se nngwe ya ditaelo tseo. Fela jaaka morutabana a sa batle baithuti ba dira dilo tse a sa ba laelang go di dira, Jesu le ene ga a batle balatedi ba gagwe ba “ya ka kwa ga dilo tse di kwadilweng” mo Baebeleng.—1 Bakorintha 4:6.

Le fa go ntse jalo, go na le moletlo mongwe o Bakeresete ba bogologolo ba neng ba tlwaelane thata le one—Segopotso sa loso lwa ga Jesu. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re ba tshware tiragalo eno e bile o ne a ba bontsha gore ba tshwanetse go dira seo jang. Ditaelo tseo tse di tlhamaletseng le letsatsi le le tlhomameng la loso lwa ga Jesu di kwadilwe mo Baebeleng.—Luke 22:19; 1 Bakorintha 11:25.

Jaaka re bone, Keresemose ke moletlo wa letsatsi la botsalo mme Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa keteke moletlo oo wa boheitane. Gape Baebele ga e tlhalose gore Jesu kgotsa motho mongwe o ne a keteka Keresemose. Ka ntlha ya mabaka ano a a utlwalang, Bakeresete ba le bantsi mo lefatsheng ba dirile tshwetso ya gore ga ba kitla ba keteka Keresemose.

^ ser. 6 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya gore meetlo e mentsi ya Keresemose e simologile kae, bona setlhogo se se reng, “Babadi ba Botsa Jaana . . . Boammaaruri ke Eng ka Keresemose?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya December 1, 2014. E gone mo www.dan124.com/tn.