Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng ka go Aba?

Baebele ya Reng ka go Aba?

Karabo ya Baebele

Baebele e re ruta gore re abele ba bangwe ka go rata, mme ya re re dire jalo ka maitlhomo a a siameng. Gape ya re fa re abela ba bangwe, re a itumela e bile le bone ba a itumela. (Diane 11:25; Luke 6:38) Jesu o ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

 Ke leng go aba go itumedisang Modimo?

Go aba go itumedisa Modimo fa re go dira ka go rata. Baebele ya re: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.”—2 Bakorintha 9:7.

Fa re batla go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang, re tshwanetse go abela ba bangwe ka go rata. (Jakobe 1:27) Fa re thusa batho ba ba tlhokang, go tshwana le fa re dira mmogo le Modimo, e bile go ntse jaaka e kete re mo adima sengwe. (Diane 19:17) Mme Baebele ya re Modimo o tla re duela.—Luke 14:12-14.

 Ke leng go aba go sa itumediseng Modimo?

Fa motho a go dira ka maitlhomo a a sa siamang. Ka sekai:

Fa go abela motho sengwe go mo rotloetsa go dira dilo tse di sa itumediseng Modimo. Ka sekai, ga re a tshwanela go naya motho madi gore a ye go betšha kgotsa gore a reke diritibatsi. (1 Bakorintha 6:9, 10; 2 Bakorintha 7:1) Gape fa motho a gana go bereka, ga re a tshwanela go mo naya madi.—2 Bathesalonika 3:10.

Fa go abela motho go dira gore o se ka wa diragatsa maikarabelo a Modimo a go a neileng. Baebele e ruta gore ditlhogo tsa malapa di tshwanetse go tlamela malapa a tsone. (1 Timotheo 5:8) Ga ba a tshwanela go aba thata jaana mo malapa a bone a feleletsang a se na sepe. Jesu o kile a kgala batho ba ba neng ba gana go tlhokomela batsadi ba bone ba ba godileng ka gonne ba re dilo tsotlhe tse ba nang le tsone ke “mpho e e tshwaetsweng Modimo.”—Mareko 7:9-13.