Bakorintha wa Bobedi 7:1-16

  • Iphepafatseng leswe lengwe le lengwe (1)

  • Paulo o itumelela Bakorintha (2-4)

  • Tito o tlisa pego e e molemo (5-7)

  • Go utlwa botlhoko ka tsela e e itumedisang Modimo le go ikwatlhaya (8-16)

7  Ka jalo baratwa, e re ka Modimo a re solofeditse dilo tseno,+ a re iphepafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya,+ gore re nne boitshepo le go feta fa re ntse re boifa Modimo.  Re amogeleng.+ Ga re a fosetsa ope, ga re a faposa ope, ga re a tsietsa ope gore re solegelwe molemo.+  Ga ke bue seno go lo bona molato. Gonne nkile ka lo bolelela gore lo nna lo le mo dipelong tsa rona le fa re ka tshela kgotsa ra swa.  Ke na le kgololesego e kgolo ya go bua le lona. Ke ikgantsha ka lona thata. Ke gomoditswe tota; ke itumela thata ka ntlha ya dipogiso tsotlhe tsa rona.+  Tota e bile, e rile re goroga mo Makedonia,+ ga re a ka ra* ikhutsa, mme re ne ra tswelela re boga ka ditsela tsotlhe. Batho ba ne ba re ganetsa, mme gape re ne re tshwenyegile ka diphuthego.  Le fa go ntse jalo, Modimo yo o gomotsang ba ba kgobegileng marapo,+ o ne a re gomotsa ka go re Tito a re etele;*  mme e seng ka go re etela fela, gape o re gomoditse ka kgomotso e lo mo gomoditseng ka yone. O ne a re bolelela gore lo tlhologeletswe go mpona, gore lo utlwile botlhoko ka ntlha ya me, le gore lo amegile thata* ka nna; ka jalo ke ne ka itumela le go feta.  Tota le fa ke ne ka lo utlwisa botlhoko ka lekwalo la me,+ ga ke ikwatlhaye. Le fa gone kwa tshimologong ke ile ka ikwatlhaya ka gonne lekwalo leo le ne la lo utlwisa botlhoko; mme gone le ne la lo utlwisa botlhoko ka nakwana fela.  Mme jaanong ke a itumela, ga ke itumelele gore lo ne lo utlwile botlhoko, mme ke itumelela gore kutlobotlhoko ya lona e ne ya lo tlhotlheletsa go ikwatlhaya. Lo ne lo utlwile botlhoko ka tsela e e itumedisang Modimo, mme seo se lo thusitse. Ke gone ka moo lo sa gobalang ka ntlha ya se re neng ra se bua le lona. 10  Gonne ka metlha go utlwa botlhoko ka tsela e e itumedisang Modimo go re tswela mosola, ka gonne seo se dira gore motho a ikwatlhaye a bo a bolokwe;+ mme go utlwa botlhoko ka tsela e batho ba bangwe mo lefatsheng ba utlwang botlhoko ka yone, go isa kwa losong. 11  Gonne bonang gore go utlwa botlhoko ka tsela e e itumedisang Modimo go ne ga dira gore lo tlhagafale thata jang! Lo ne lwa itshupa gore ga lo molato, gore lo hutsafaditswe ke se lo se dirileng, gore lo boifa Modimo, gore lo batla go ikwatlhaya, gore lo direla Modimo ka pelo yotlhe le gore lo baakanya diphoso tsa lona.+ Mo dilong tsotlhe tse lo di dirileng, lo dirile se se siameng* ka kgang eno. 12  Le fa ke ile ka lo kwalela, ke ne ke sa kwalele yo o dirileng phoso+ kgotsa yo o neng a fosediwa, mme ke ne ka lo kwalela gore ke bone gore a ruri lo tla bontsha fa pele ga Modimo gore lo ne lo eletsa go re reetsa. 13  Ke gone ka moo re neng ra gomotsega. Le fa re ne re gomotsegile, re ne ra itumela le go feta ka gonne Tito a ne a itumeletse go bo lotlhe lo mo kgothaditse. 14  Gonne fa e le gore ke ne ka mo ikgantshetsa ka ntlha ya lona, ga ke a tlhabiwa ke ditlhong; mme fela jaaka dilo tsotlhe tse re lo boleletseng tsone di ne di le boammaaruri, se re neng re ikgantshetsa Tito ka sone ka lona, le sone se ne se le boammaaruri. 15  Gape, o lo rata le go feta, fa a gakologelwa gore lona lotlhe lo kutlo,+ le gore lo ne lwa mo amogela lo boifa e bile lo roroma. 16  Ke a itumela, ka gonne ke tshepa* gore lo tla dira sengwe le sengwe se se siameng.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “nama ya rona ga e a ka ya.”
Seger., “ka go nna gone ga ga Tito.”
Seger., “lo tlhagafetse.”
Kgotsa “lo itshekile; ga lo na molato.”
Kgotsa gongwe “ke tla nna pelokgale ka ntlha ya lona.”