Fetela kwa tshedimosetsong

Moya (Soul) ke Eng?

Moya (Soul) ke Eng?

Karabo ya Baebele

Mo Baebeleng lefoko “moya (soul)” le ranotswe go tswa mo lefokong la Sehebera neʹphesh le la Segerika psy·kheʹ. Fa lefoko leno le tlhalosiwa jaaka le ntse ka Sehebera, le kaya “sebopiwa se se hemang,” mme ka Segerika le kaya “setshedi.” * Ka jalo, moya ke sebopiwa sotlhe, e seng sengwe se se mo teng se se tswelelang se tshela fa mmele o swa. Ela tlhoko kafa Baebele e bontshang ka gone gore moya ke motho ka boene:

Adame ga a newa moya—o ne “a direga mowa o o tshedileng”

  • Baebele ya re fa Jehofa Modimo a ne a bopa motho wa ntlha e bong Adame, “motho [o ne] a direga mowa o o tshedileng.” (Genesise 2:7, Baebele e e Boitshepo) Adame ga a newa moya—o ne a direga mowa o o tshedileng kgotsa motho.

  • Baebele ya re moya o kgona go dira, go eletsa dijo, go ja, go ikobela melao le go ama setoto. (Lefitiko 5:2; 7:20; 23:30; Duteronome 12:20; Baroma 13:1) Tseno ke dilo tse di ka dirwang ke motho.

A moya o tswelela o tshela?

Nnyaa, moya o a swa. Ditemana tse dintsi tsa Baebele tsa re o a swa. Dikai dingwe ke tseno:

  • “Mowa o o leofang, go tlaa swa one.”—Esekiele 18:4, 20, Baebele e e Boitshepo.

  • Kwa Iseraele wa bogologolo, fa motho a dirile boleo jo bo masisi, katlholo e ne e nna gore “moya oo o kgaolwe.” (Ekesodo 12:15, 19; Lefitiko 7:20, 21, 27; 19:8) Seo se raya gore motho yoo “o [ne a] tshwanetse go bolawa.”—Ekesodo 31:14, Baebele ya Tswana Central.

  • Ditemana dingwe tsa Baebele di tlhalosa gore mafoko “moya . . . o o suleng,” a a dirisiwang fa motho a sena go swa a kaya setopo. (Lefitiko 21:11; Dipalo 6:6) Le fa dithanolo di le dintsi tsa Baebele di dirisa mafoko “mmele o o suleng” kgotsa “motho yo o suleng” mo ditemaneng tseo, Sehebera sa ntlhantlha se dirisa lefoko neʹphesh kgotsa “moya.”

“Moya” o ka kaya “botshelo”

Gape Baebele e dirisa lefoko “moya” e le lekaelagongwe la “botshelo.” Ka sekai, Jobe 33:22 e dirisa lefoko la Sehebera “moya” (neʹphesh) go kaya “botshelo.” Mo godimo ga moo, Baebele e bontsha gore moya wa motho kgotsa botshelo, bo ka tsenngwa mo kotsing kgotsa jwa latlhega.—Ekesodo 4:19; Baatlhodi 9:17; Bafilipi 2:30.

Tsela e lefoko “moya” le dirisitsweng ka yone fano e re thusa go tlhaloganya ditemana tse mo go tsone go tweng moya ‘o ne wa tswa’ kgotsa “wa mo tlogela.” (Genesise 35:18; King James Version) Sekapuo seno se bontsha gore botshelo jwa motho bo a fela. Dithanolo dingwe di ranola mafoko a a mo go Genesise 35:18 di re “o ne a hema labofelo.”​—Good News Translation; New Jerusalem Bible.

Tumelo ya gore moya ga o swe e simologile kae?

Madumedi a a ipitsang a Bokeresete a a dumelang gore moya ga o swe a tsere thuto eno mo difilosofing tsa bogologolo tsa Segerika, e seng mo Baebeleng. Encyclopædia Britannica ya re: “Makgetlho a Baebele e umakang moya ka one e a bo e bua ka mohemo mme ga e bue sepe ka pharologanyo fa gare ga moya o o yang legodimong le mmele wa nama. Thuto e Bakeresete ba e dumelang ya gore mmele le moya ga se selo se le sengwe e simologile kwa Gerika wa bogologolo.”

Modimo ga a batle gore dithuto tsa gagwe di kopanngwe le difilosofi tsa batho, tse di jaaka tumelo ya gore moya ga o swe. Go na le moo, Baebele e re tlhagisa jaana: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana [filosofi] le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho.”—Bakolosa 2:8.

^ ser. 1 Bona The New Brown, Driver, and Briggs Hebrew and English Lexicon of the Old Testament, tsebe 659 le Lexicon in Veteris Testamenti Libros, tsebe 627. Dithanolo tse dintsi tsa Baebele di ranola mafoko neʹphesh le psy·kheʹ ka ditsela tse di sa tshwaneng go ikaegile ka se go buiwang ka sone di dirisa mafoko a a jaaka “moya,” “botshelo,” “motho,” “sebopiwa” kgotsa “mmele.”