Fetela kwa tshedimosetsong

A Baebele e Ruta Gore fa Motho a Swa Botshelo Jwa Gagwe bo Fetela mo Setsheding se Sengwe?

A Baebele e Ruta Gore fa Motho a Swa Botshelo Jwa Gagwe bo Fetela mo Setsheding se Sengwe?

Karabo ya Baebele

Nnyaa. Thuto eo ga e yo mo Baebeleng. Batho ba dumela seno ka gonne ba akanya gore fa motho a swa, moya wa gagwe o tswelela o tshela. * Le fa go ntse jalo, Baebele e ruta gore motho ke moya, ka jalo fa motho a swa, moya le one o a swa. (Genesise 2:7; Esekiele 18:4) Fa motho a swa, ga a tlhole a le teng.—Genesise 3:19; Moreri 9:5, 6.

Pharologano ke eng magareng ga tsogo ya baswi le thuto ya gore fa o swa botshelo jwa gago bo fetela mo setsheding se sengwe?

Thuto ya Baebele ya gore go na le tsogo ya baswi ga ya ikaega mo kgopolong ya gore moya ga o swe. Modimo o tla dirisa maatla a gagwe go tsosa batho ba ba suleng. (Mathaio 22:23, 29; Ditiro 24:15) Batho ba ba tsosiwang mo baswing ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise ba sa swe.—2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3, 4.

Dikgopolo tse di seng boammaaruri ka thuto eno le se Baebele e se rutang

Kgopolo e e phoso: Baebele ya re botshelo jwa ga moporofeti Elija bo ne jwa fetisediwa mo mmeleng wa ga Johane Mokolobetsi.

Boammaaruri: Modimo o ne a re: “Ke lo romelela Elija moporofeti” mme Jesu o ne a re Johane Mokolobetsi ke ene a diragatsang boporofeti joo. (Malaki 4:5, 6; Mathaio 11:13, 14) Mme seo ga se reye gore botshelo jwa ga Elija bo ne bo fetiseditswe mo mmeleng wa ga Johane Mokolobetsi. Johane o ne a re ga se Elija. (Johane 1:21) Go na le moo, Johane o ile a dira tiro e e tshwanang le ya ga Elija, ya go bolelela batho molaetsa wa Modimo wa gore ba ikwatlhaye. (1 Dikgosi 18:36, 37; Mathaio 3:1) Gape Johane o ne a “tlhagafetse e bile a na le maatla fela jaaka moporofeti Elija.”—Luke 1:13-17, Good News Translation.

Kgopolo e e phoso: Baebele ya re thuto eno e tshwana le ya gore motho o “pholositswe.”

Boammaaruri: Baebele ya re motho o tsalwa sesha ka tsela ya semoya fa a sa ntse a tshela. (Johane 1:12, 13) Go tsalwa sesha, ga go direge ka gonne motho a dirile sengwe mo botshelong jwa gagwe jwa pele, go na le moo ke mpho e Modimo a e nayang batho ba ba nang le tsholofelo e e kgethegileng.—Johane 3:3; 1 Petere 1:3, 4.

^ ser. 1 Thuto eno ya gore moya ga o swe e simologile bogologolo kwa Babelona. Go tswa foo, bafilosofi ba kwa India ba ne ba tla ka thuto ya Karma. Go ya ka Britannica Encyclopedia of World Religions, batho ba ba dumelang Karma ba re “selo se o se dirang mo botshelong jwa gone jaanong o tla bona diphelelo tsa sone mo botshelong jo bo latelang.”—Tsebe 913.