Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele e a Reng ka go Tlhokomela Batsadi ba ba Godileng?

Baebele e a Reng ka go Tlhokomela Batsadi ba ba Godileng?

Karabo ya Baebele

Bana ba ba godileng ba na le boikarabelo jwa botlhokwa jwa go tlhomamisa gore batsadi ba bone ba ba tsofetseng ba tlhokomelwa sentle. Baebele e a re bana ba ba godileng ba tshwanetse go ‘ithuta pele go bontsha gore ba boifa Modimo ka go tlhokomela ba malapa a bone le ka go duela batsadi ba bone . . . , ka gonne Modimo o amogela seno.’ (1 Timotheo 5:4) Gape fa bana ba ba godileng ba tlhomamisa gore batsadi ba bone ba ba tsofetseng ba tlhokomelwa sentle, ba a bo ba ikobela taelo ya Babele ya gore ba tlotle batsadi ba bone.—Baefeso 6:2, 3.

Baebele ga e na ditaelo tse di tlhamaletseng ka kgang ya go tlhokomela batsadi. Le fa go ntse jalo, e na le dikai tsa banna le basadi ba tumelo ba ba ileng ba dira jalo. Gape e na le dikgakololo tse di ka thusang batlhokomedi.

 Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, maloko a lelapa a ne a tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng jang?

Ba ne ba dira jalo ka ditsela tse di farologaneng, go ikaegile ka maemo.

  • Josefa o ne a nna kgakala le rraagwe yo o tsofetseng e bong Jakobe. Fa maemo a ga Josefa a ne a setse a mo letla, o ne a dira dithulaganyo tsa gore Jakobe a fudugele gaufi le ene. Ka jalo, Josefa o ne a batlela rraagwe lefelo le a ka nnang mo go lone, a mo fepa a bo a mo sireletsa.—Genesise 45:9-11; 47:11, 12.

  • Ruthe o ne a fudegela kwa nageng ya ga mmatsalaagwe e bile o ne a dira ka natla gore a mo tlhokomele.—Ruthe 1:16; 2:2, 17, 18, 23.

  • Jesu, pele ga a swa, o ne a tlhopha mongwe gore a tlhokomele mmagwe e bong Marea yo gongwe ka nako eo e neng e le motlholagadi.—Johane 19:26, 27. *

 Ke kgakololo efe e e mo Baebeleng e e ka thusang batlhokomedi?

Baebele e na le melaometheo e e ka thusang batlhokomedi go itshokela kgwetlho ya go tlhokomela batsadi ba ba tsofetseng, e ka dinako tse dingwe e dirang gore ba ikutlwe ba lapile mo mmeleng le mo maikutlong.

  • Tlotla batsadi ba gago.

    Se Baebele e se buang: “Tlotla rrago le mmago.”—Ekesodo 20:12.

    Molaomotheo ono o ka dirisiwa jang? Tlotla batsadi ba gago ka go ba letla gore ba tswelele ba itirela dilo dingwe go ya kafa ba kgonang ka gone. Fa go kgonega, ba letle gore ba itirele ditshwetso tsa kafa ba batlang go tlhokomelwa ka gone. Mme gape ba bontshe tlotlo ka go dira sotlhe se o ka se kgonang go ba thusa.

  • Nna motho yo o tlhaloganyang le yo o itshwarelang.

    Se Baebele e se buang: “Motho yo o nang le temogo ga a galefe ka bonako, E bile o tla tlotlwa fa a tlhokomologa molato.”—Diane 19:11.

    Molaomotheo ono o ka dirisiwa jang? Fa motsadi yo o tsofetseng a bua sengwe se se utlwisang botlhoko kgotsa se se ka tswang se bontsha gore ga a lebogele tlhokomelo ya gago, ipotse gore, ‘Ke ne ke tla ikutlwa jang fa ke ne ke sa kgone go itirela dilo jaaka ene mme seo se mpitisa pelo?’ Fa o leka go tlhaloganya boemo e bile o itshwarela, o ka nna wa tila go gakatsa bothata.

  • Kopa thuso mo go ba bangwe.

    Se Baebele e se buang: “Dithulaganyo di a kgoreletsega fa go se na puisano, mme go na le se se fitlhelelwang fa go na le bagakolodi ba bantsi.”—Diane 15:22.

    Molaomotheo ono o ka dirisiwa jang? Dira dipatlisiso tsa kafa o ka lebanang le mathata a botsogo a batsadi ba gago ka gone. Batlisisa gore ke ditlamelo dife tse di leng gone mo lefelong la lona tse di ka go thusang go ba tlhokomela. Bua le ba bangwe ba ba kileng ba tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng. Fa e le gore o na le bomogoloo kgotsa bomonnao, akanyetsang go kopana lo le lelapa gore lo tlotle ka dilo tse batsadi ba lona ba di tlhokang, kafa lo ka ba tlhokomelang ka gone le gore lo ka thusana jang.

    Akanyetsang go kopana lo le lelapa gore lo tlotle ka kgang ya gore lo tla tlhokomela batsadi ba lona ba ba tsofetseng jang

  • Nna boikokobetso.

    Se Baebele e se buang: “Motho yo o ikokobeditseng o botlhale.”—Diane 11:2.

    Molaomotheo ono o ka dirisiwa jang? Amogela gore go na le dilo tse o sa kgoneng go di dira. Ka sekai, mongwe le mongwe o na le nako le maatla a a lekanyeditsweng. Dilo tseno di ka ama kgang ya gore o ka kgona go tlhokomela batsadi ba gago go le kana kang. Fa o ikutlwa o imelwa ke maikarabelo a go tlhokomela batsadi ba gago ba ba godileng, kopa thuso mo malokong a mangwe a lelapa kgotsa mo go ba bongaka.

  • Itlhokomele.

    Se Baebele e se buang: “Ga go motho ope yo o kileng a tlhoa mmele wa gagwe, mme o a o fepa a bo a o tlhokomela.”—Baefeso 5:29.

    Molaomotheo ono o ka dirisiwa jang? Le fa gone o na le maikarabelo a go tlhokomela batsadi ba gago, gape o tshwanetse go itlhokomela le go tlhokomela ba lelapa la gago, fa e le gore o nyetswe. O tlhoka go ja sentle. O tshwanetse go ikhutsa le go robala mo go lekaneng. (Moreri 4:6) Gape o tshwanetse go kgwa mowa fa go tlhokega. Fa o dira dilo tseno, o tla nna mo boemong jo bo siameng mo maikutlong, mo mogopolong le mo mmeleng, gore o kgone go tlhokomela batsadi ba gago.

 A Baebele e a re batsadi ba ba tsofetseng ba tshwanetse go tlhokomelelwa kwa gae?

Baebele ga e na kaelo e e tlhamaletseng ya go re a bana ba ba godileng ba tshwanetse go tlhokomelela batsadi ba bone kwa gae. Malapa mangwe a tlhopha go tlhokomelela batsadi ba bone ba ba tsofetseng kwa gae fa ba sa ntse ba kgona go dira jalo. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, ba ka nna ba akanya gore go botoka gore ba ise motsadi wa bone kwa lefelong le bagodi ba tlhokomelelwang kwa go lone. Lelapa le ka kopana gore le dire tshwetso e e tla solegelang botlhe molemo.—Bagalatia 6:4, 5.

^ ser. 6 Buka nngwe e e buang ka Baebele fa e bua ka pego eno ya re: “E ka tswa e ne e le lobaka lo loleele Josefa [monna wa ga Marea] a tlhokafetse, le gore morwawe e bong Jesu o ne a mo tlhokomela. Jaanong ka gonne a swa, o ne a tla tlhokomelwa ke mang? . . . Mo ntlheng eno, Keresete o rutile bana go tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng.”—The NIV Matthew Henry Commentary in One Volume, tsebe 428-429.