Fetela kwa tshedimosetsong

Go ‘Tlotla Rraago le Mmaago’ go Kaya Eng?

Go ‘Tlotla Rraago le Mmaago’ go Kaya Eng?

Karabo ya Baebele

Taelo e e reng “tlotla mmago le rrago” e tswa mo Baebeleng. (Ekesodo 20:12; Duteronome 5:16; Mathaio 15:4; Baefeso 6:2, 3) Go na le ditsela di le nnê tsa konokono tse re bontshang ka tsone gore re latela taelo eno.

  1. Go ba leboga. Re bontsha gore re tlotla batsadi ba rona fa re ba leboga ka dilo tsotlhe tse ba re diretseng tsone. Gape re ka bontsha gore re a ba leboga ka go ba reetsa fa ba re gakolola. (Diane 7:1, 2; 23:26) Baebele e re kgothaletsa gore re nne motlotlo ka bone.—Diane 17:6.

  2. Ba ikobele. Ga re a tshwanela go lebala gore Modimo o neile batsadi ba rona taolo. Ke ka moo re tshwanetseng go ba ikobela, segolobogolo fa re sa ntse re le bannye. Bakolosa 3:20 e laela bana jaana: “Utlwang batsadi ba lona mo go sengwe le sengwe, gonne seno se itumedisa thata mo Moreneng.” Jesu le ene o ne a ikobela batsadi ba gagwe fa a ne a le monnye.—Luke 2:51.

  3. Dirisana le bone ka tlotlo. (Lefitiko 19:3; Bahebera 12:9) Gantsi seno se bonala mo tseleng e o buang le e o dirisanang le bone ka yone. Ke nnete gore ka dinako tse dingwe batsadi bangwe ba itshwara ka tsela e e ka dirang gore go nne thata go ba tlotla. Tota le mo maemong ano, bana ba tshwanetse go tlotla batsadi ba bone ka go tila go bua kgotsa go dira dilo tse di bontshang gore ba a ba nyatsa. (Diane 30:17) Baebele ya re go sa bue sentle ka batsadi ba gago ke phoso e e masisi tota.—Mathaio 15:4.

  4. Ba tlhokomele. Batsadi ba gago ba ka nna ba tlhoka gore o ba tlhokomele fa ba ntse ba gola. O ka ba tlotla ka go leka go dira sotlhe se se mo maatleng a gago go ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang. (1 Timotheo 5:4, 8) Ka sekai, pele Jesu a tlhokafala, o ne a rulaganya gore go nne le mongwe yo o tla tswelelang a tlhokomela mmaagwe.—Johane 19:25-27.

Dikgopolo tse di phoso ka go tlotla batsadi

Kgopolo e e phoso: Go tlotla batsadi go raya gore re tshwanetse go ba letla gore ba laole manyalo a rona.

Boammaaruri: Baebele e re ruta gore lenyalo ke thulaganyo ya batho ba babedi. Genesise 2:24 ya re: “Ke gone ka moo monna o tla tlogelang rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe.” (Mathaio 19:4, 5) Boammaaruri ke gore, batsadi ba ka gakolola bana ba bone ba ba nyetseng. (Diane 23:22) Mme gone banyalani ba ka nna ba dira tshwetso ya go se tsenye ba losika mo dikgannyeng tsa bone tsa lenyalo.—Mathaio 19:6.

Kgopolo e e phoso: O tshwanetse go dira sengwe le sengwe se batsadi ba gago ba reng o se dire.

Boammaaruri: Le fa Modimo a neile batsadi taolo mo baneng ba bone, seo ga se reye gore taolo ya bone e feta ya Modimo. Ka sekai, balatedi ba ga Jesu ba ile ba bua jaana fa kgotlatshekelo e kgolo e ne e ba laela gore ba tlole taelo ya Modimo: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” (Ditiro 5:27-29) Bana le bone ba ikobela batsadi “seoposengweng le Morena,” seo se raya mo dilong tsotlhe tse di seng kgatlhanong le melao ya Modimo.—Baefeso 6:1.

Kgopolo e e phoso: Go tlotla batsadi go raya gore o tshwanetse go tsena kereke e ba e tsenang.

Boammaaruri: Baebele e re kgothaletsa gore re lekeletse go bona gore a dilo tse re di rutiwang di boammaaruri kana jang. (Ditiro 17:11; 1 Johane 4:1) Seo se ka nna sa dira gore re feleletse re sa dumalane le dilo tse re godileng re di rutiwa kwa kerekeng. Baebele e umaka maina a batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ba ileng ba tlhopha go tlogela bodumedi jwa batsadi ba bone, ba ba jaaka Aborahame, Ruthe le moaposetoloi Paulo.—Joshua 24:2, 14, 15; Ruthe 1:15, 16; Bagalatia 1:14-16, 22-24.

Kgopolo e e phoso: Go tlotla batsadi go raya gore re tshwanetse go nna le seabe fa go dirwa meetlo ya dimpho tsa badimo.

Boammaaruri: Baebele ya re: “Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.” (Luke 4:8) Motho yo o obamelang badimo ga a itumedise Modimo. Mo godimo ga moo, Baebele e re ruta gore batho ba ba suleng ga ba itse sepe. Ga ba itse le gore re a ba tlotla; ga ba kgone go re thusa le fa e le go re utlwisa botlhoko ka tsela epe fela.—Moreri 9:5, 10; Isaia 8:19.