Bakorintha wa Ntlha 15:1-58

  • Tsogo ya ga Keresete (1-11)

  • Tsogo ya baswi ke motheo wa tumelo (12-19)

  • Tsogo ya ga Keresete ke sesupo sa gore baswi ba tla tsosiwa (20-34)

  • Mmele wa nama le madi, mmele wa moya (35-49)

  • Se se sa sweng le se se sa boleng (50-57)

  • Mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena (58)

15  Jaanong bakaulengwe, ke lo gopotsa dikgang tse di molemo tse ke neng ka di lo bolelela,+ tse gape lo neng lwa di amogela mme lwa ema lo tlhomame mo go tsone.  Fa lo tswelela lo eme e bile lo dumela dikgang tse di molemo tse ke neng ka lo di bolelela, lo bolokilwe. Mme fa lo sa dire jalo, tumelo ya lona ke ya lefela.  Gonne sa ntlha, ke ne ka lo ruta selo sa botlhokwa thata se ke neng ke se ithutile, gore go ya ka Dikwalo,+ Keresete o ne a swela maleo a rona;  le gore go ya ka Dikwalo,+ o ne a fitlhwa+ mme a tsosiwa+ mo letsatsing la boraro.+  Gape o ne a bonala mo go Kefase,*+ go tswa foo mo baaposetoloing ba ba 12.+  Morago ga moo, o ne a bonwa ke barutwa* ba ba fetang 500 ka nako e le nngwe,+ ba bontsi jwa bone ba sa ntseng ba na le rona, mme ba bangwe ba robetse mo losong.  Morago ga moo o ne a bonala kwa go Jakobe,+ go tswa foo kwa baaposetoloing botlhe.+  Mme kwa bofelong o ne a bonala le mo go nna,+ ka ntlha ya seno ke tshwana le losea lo lo tsetsweng pele ga nako.  Gonne nna ga ke botlhokwa jaaka baaposetoloi ba bangwe, e bile ga ke tshwanelwe ke go bidiwa moaposetoloi, ka gonne ke ne ka bogisa phuthego ya Modimo.+ 10  Mme ke se ke leng sone ka bopelonomi jo bogolo* jwa Modimo. Bopelonomi jwa gagwe jo bogolo e ne e se jwa lefela, mme ke ne ka dira ka natla go ba gaisa botlhe; le fa go ntse jalo e ne e se nna mme e le bopelonomi jo bogolo jwa Modimo jo bo mo go nna. 11  Nna kgotsa baaposetoloi ba bangwe re tsamaya re rera molaetsa ono, mme lona bakaulengwe lo dumetse. 12  Jaanong fa e le gore re rera gore Keresete o tsositswe mo baswing,+ goreng bangwe ba lona ba re ga go na tsogo ya baswi? 13  Fa e le gore ruri, ga go na tsogo ya baswi, Keresete le ene ga a tsosiwa. 14  Mme fa e le gore Keresete ga a tsosiwa, ga go na mosola go bo re rera e bile tumelo ya rona ga e na mosola. 15  Mo godimo ga moo, fa e le gore tota baswi ga ba na go tsosiwa, Modimo le ene ga a ka a tsosa Keresete, mme seno se raya gore re bua maaka+ fa re re Modimo o tsositse Keresete.+ 16  Gonne fa e le gore baswi ga ba kitla ba tsosiwa, le ene Keresete ga a tsosiwa. 17  Gape fa e le gore Keresete ga a tsosiwa, tumelo ya lona ga e na mosola; mme lo sa ntse lo le mo maleong a lona.+ 18  Le ba ba neng ba robala mo losong ba le seoposengwe le Keresete, ba nyeletse.+ 19  Fa e le gore re solofetse mo go Keresete mo botshelong jono fela, re tshwanetse go tlhomogelwa pelo go feta batho botlhe. 20  Le fa go ntse jalo, Keresete o tsositswe mo baswing, ke ene wa ntlha go tsosiwa* mo bathong ba ba suleng.*+ 21  E re ka loso lo nnile gone ka motho a le mongwe,+ tsogo ya baswi le yone e tla nna gone ka motho a le mongwe.+ 22  Gonne batho botlhe ba swa ka ntlha ya ga Adame,+ e bile batho botlhe ba tla tsosiwa ka ntlha ya ga Keresete.+ 23  Mme go tla diragala ka tsela e e rulaganeng: Keresete ke ene wa ntlha+ go tsosiwa,* mme morago ga moo, go tla tsosiwa ba e leng ba ga Keresete mo nakong ya go nna gone ga gagwe.+ 24  Mme kwa bofelong, o tla busetsa Bogosi kwa Modimong, yo e leng Modimo wa gagwe e bile e le Rraagwe. O tla dira seno fa a sena go fedisa dipuso tsotlhe le botlhe ba ba nang le maatla.+ 25  Gonne Keresete o tshwanetse go busa e le kgosi go fitlha Modimo a fenya baba botlhe ba gagwe.*+ 26  Mme mmaba wa bofelo yo o tla nyelediwang ke loso.+ 27  Gonne Modimo “o ne a baya dilo tsotlhe mo taolong ya ga Keresete.”+ Mme fa a re ‘dilo tsotlhe di laolwe ke Keresete,’+ seo ga se reye gore Modimo le ene o laolwa ke Keresete, mme se raya gore Modimo o dirile gore dilo tsotlhe kwantle ga gagwe di laolwe ke Keresete.+ 28  Le fa go ntse jalo, fa Modimo a sena go naya Morwa taolo ya gore a laole dilo tsotlhe, morago ga moo, Morwa le ene o tla nna mo taolong ya Modimo yo o neng a mo naya taolo.+ Ka tsela eo, Modimo e tla nna ene Mmusi wa dilo tsotlhe.+ 29  Ka jalo, ba ba kolobediwang ka maikaelelo a gore ba swe, ba tla dira eng?+ Fa e le gore baswi ga ba kitla ba tsosiwa gotlhelele, ke ka ntlha yang fa ba kolobediwa ka boikaelelo jwa gore ba swe? 30  Le gone, ke ka ntlha yang fa re tsenya botshelo jwa rona mo kotsing ka dinako tsotlhe?*+ 31  Bakaulengwe, ke ikana jaana ka boitumelo jo ke nang le jone ka lona barutwa ba ga Keresete Jesu Morena wa rona, gore letsatsi le letsatsi ke mo kotsing ya go swa. 32  Fa e le gore ke lole le dibatana tsa naga kwa Efeso+ fela jaaka batho ba bangwe,* go ntswela mosola ofe? Fa e le gore baswi ga ba kitla ba tsosiwa, “a re jeng re nweng, ka gonne kamoso re tlile go swa.”+ 33  Lo se ka lwa tsiediwa. Fa lo tsalana le batho ba ba bosula, ba tla senya mekgwa ya lona e mentle.+ 34  Tlogelang go dira se se sa siamang mme lo dire se se siameng. Bangwe ba lona ga ba itse Modimo. Ke bua jaana gore ke lo tlhabise ditlhong. 35  Le fa go ntse jalo, mongwe a ka nna a botsa a re: “Baswi ba tla tsosiwa jang? Ba tla tsosiwa ba na le mmele o o ntseng jang?”+ 36  Wena motho yo o se nang tlhaloganyo! A ga o itse gore se o se jalang se tshwanetse go swa pele, e bo e nna gone se golang?* 37  Mme fa o jala, ga o jale sengwe se se setseng se godile, go na le moo o jala tlhaka, e ka tswa e le ya korong kgotsa peo epe fela e nngwe; 38  mme Modimo o dira gore peo nngwe le nngwe e gole ka tsela e e mo itumedisang, e bile fa dipeo di ntse di gola, ga di tshwane. 39  Ka tsela e e tshwanang, mebele ga e tshwane, go na le mebele ya batho, go na le mebele ya dikgomo, go na le mebele ya dinonyane le ya ditlhapi. 40  Gape go na le mebele ya kwa legodimong,+ le mebele ya mo lefatsheng;+ mme mebele ya kwa legodimong e mentle ka tsela ya yone, mebele ya mo lefatsheng le yone e mentle ka tsela ya yone. 41  Bontle jwa letsatsi ga bo tshwane le bontle jwa ngwedi e bile bontle jwa dinaledi ga bo tshwane.+ Tota e bile, naledi nngwe le nngwe e farologana le e nngwe ka bontle. 42  Go ntse jalo le ka tsogo ya baswi. Mmele o jalwa e le o o bolang; o tsosiwa e le o o sa boleng.+ 43  O jalwa e le mmele o o sa tlotlegeng, mme o tsosiwa e le mmele o o tlotlegang.+ O jalwa o le bokoa; o tsosiwa o le maatla.+ 44  O jalwa e le mmele wa nama le madi, o tsosiwa e le mmele wa moya. Fa e le gore go na le mmele wa nama le madi, gape go na le wa moya. 45  Ka jalo, go kwadilwe jaana: “Motho wa ntlha e bong Adame o ne a nna motho* yo o tshelang.”+ Adame wa bofelo o ne a nna moya o o nayang botshelo.+ 46  Le fa go ntse jalo, go nnile le mmele wa nama le madi pele ga mmele wa moya. Morago ga moo, go ne ga tla mmele wa moya. 47  Motho wa ntlha o tswa mo lefatsheng e bile o dirilwe ka lorole;+ motho wa bobedi o tswa kwa legodimong.+ 48  Batho ba ba mo lefatsheng ba tshwana le motho yo Modimo a mo dirileng ka lorole. Mme ba ba kwa legodimong ba tshwana le yo o tlileng a tswa kwa legodimong.+ 49  Mme fela jaaka re tshwana le yo o dirilweng ka lorole,+ re tla tshwana le yo o kwa legodimong.+ 50  Le fa go ntse jalo bakaulengwe, ke batla go lo bolelela gore nama le madi ga di ka ke tsa tsena mo Bogosing Jwa Modimo, gape selo se se bolang ga se ka ke sa nna se se sa boleng. 51  Ke lo bolelela sephiri se se boitshepo: Ga re na go swa rotlhe,* mme Modimo o tla re fetola rotlhe,+ 52  ka bonako, ka ponyo ya leitlho. Seno se tla direga mo nakong ya terompeta ya bofelo. Gonne terompeta e tla lela,+ mme baswi ba tla tsosiwa ba na le mebele e e sa boleng, mme Modimo o tla re fetola. 53  Gonne se se bolang se tshwanetse go nna se se sa boleng,+ le se se swang se tshwanetse go nna se se sa sweng.+ 54  Mme fa se se bolang se nna se se sa boleng mme se se swang se nna se se sa sweng, foo lefoko le tla diragala le le kwadilweng go twe: “Loso lo komediwa ka bosakhutleng.”+ 55  “Loso, maatla a gago a kae? Loso, botlhole jwa gago bo kae?”+ 56  Botlhole jo bo bakang loso ke boleo,+ mme molao wa ga Moshe o dira gore boleo bo nne le maatla.+ 57  Mme re leboga Modimo, ka gonne o re thusa go fenya loso a dirisa Morena wa rona Jesu Keresete!+ 58  Ka jalo, bakaulengwe ba me ba ba rategang, emang lo tlhomame,+ lo sa tshikhinyege, ka metlha lo na le mo gontsi go go dira+ mo tirong ya Morena, ka lo itse gore tiro e lo e direlang Morena ka natla ga se ya lefela.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Gape o bidiwa Petere.
Seger., “bakaulengwe.”
Seger., “ke mabutswapele.”
Seger., “ba ba robetseng mo losong.”
Seger., “ke mabutswapele.”
Seger., “a baya baba botlhe ka fa tlase ga dinao tsa gagwe.”
Kgotsa “nako le nako?”
Kgotsa gongwe “fela jaaka batho ba bangwe ba akanya.”
Seger., “tshelang?”
Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “go robala rotlhe mo losong.”