Petere wa Ntlha 2:1-25

  • Tlhologelelwang lefoko (1-3)

  • Maje a a tshelang a ntlo e e agilweng ka moya wa Modimo (4-10)

  • Go tshela jaaka batswakwa mo lefatsheng (11, 12)

  • Ikobeleng taolo (13-25)

    • Keresete o re tlhometse sekao (21)

2  Ka jalo, tlogelang go dira bosula,+ go tsietsa, boitimokanyi, lefufa le mefuta yotlhe ya go seba.  Fela jaaka masea a a sa tswang go tsholwa a tlhologelelwa mashi,+ le lona tlhologelelwang mashi a a phepa* a lefoko la Modimo, gore ka one lo tle lo gole lo bo lo bolokwe,+  fa fela lo iponetse* gore Morena o pelonomi.  Fa lo tla mo go ene, yo e leng leje le le tshelang le le gannweng ke batho+ mme le ne la tlhophiwa ke Modimo e bile le le tlhwatlhwakgolo mo go ene,+  lona ba lo leng maje a a tshelang lo ntlo e e agilweng ka moya wa Modimo+ gore lo nne baperesiti ba ba tlhophetsweng Modimo, gore lo ise ditlhabelo tse di dumalanang le moya wa Modimo+ e bile di amogelesega mo go ene ka Jesu Keresete.+  Gonne Lokwalo lwa re: “Ke tlhoma leje le le tlhophilweng mo Siona, leje la sekhutlo* la motheo le le tlhwatlhwakgolo, mme ga go na ope yo o dumelang mo go lone yo o tla swabisiwang ka gope.”+  Ka jalo, lo mo tsaya a le tlhwatlhwakgolo ka gonne lo dumela mo go ene; mme ba ba sa dumeleng mo go ene go kwadilwe ka bone go twe, “leje le baagi ba neng ba le gana,+ jaanong le fetogile leje le legolo la sekhutlo”*+  le “leje le le kgopang le lefika le le kgopisang.”+ Ba a kgopiwa ka gonne ga ba ikobele lefoko. Jono ke bokhutlo jo bo ba letetseng.  Mme lona lo “lotso lo lo tlhophilweng; lo setlhopha sa dikgosi tse e leng baperesiti, lo setšhaba se se boitshepo,+ lo batho ba Modimo a ba tlhophileng,+ gore lo bolele ka bopelonomi jwa gagwe gongwe le gongwe,”+ yo o neng a lo bitsa gore lo tswe mo lefifing mme a lo isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.+ 10  Gonne lo kile lwa bo lo se setšhaba sa Modimo, mme jaanong lo setšhaba sa gagwe;+ lo kile lwa bo lo sa utlwelwe botlhoko, mme jaanong lo utlwetswe botlhoko.+ 11  Ka jalo baratwa, e re ka lo le batswakwa le baagi ba nakwana,+ ke lo rotloetsa gore lo tswelele lo ithiba mo dikeletsong tse di sa siamang+ tse di lwang le lona.+ 12  Tswelelang lo itshwere sentle mo ditšhabeng,+ gore fa ba lo latofatsa ka gore lo dira dilo tse di bosula, ba iponele ditiro tsa lona tse dintle+ mme ba galaletse Modimo mo letsatsing la fa a tla go atlhola. 13  Ikobeleng se Morena a se batlang ka go ikobela taolo nngwe le nngwe e e tlhomilweng ke batho,+ e ka tswa e le kgosi+ ka gonne e na le maemo a a kwa godimo 14  kgotsa balaodi ka gonne ba tlhomilwe ke kgosi eo gore ba atlhole batho ba ba bosula le gore ba akgole ba ba dirang molemo.+ 15  Gonne Modimo o batla gore lo dire dilo tse di molemo, gore lo tle lo didimatse* batho ba ba se nang tlhaloganyo ba ba buang dilo tse di sa siamang ka lona ka gonne ba se na kitso.+ 16  Lo batho ba ba gololesegileng,+ mme lo se ka lwa dirisa kgololesego ya lona go dira dilo tse di bosula,+ go na le moo tshelang ka tsela e e tshwanelang batho ba ba direlang Modimo.+ 17  Tlotlang batho botlhe,+ ratang bakaulengwe botlhe,+ boifang Modimo,+ tlotlang kgosi.+ 18  A batlhanka ba ikobele beng ba bone mme ba ba tlotle thata,+ e seng ba ba molemo le ba ba bonolo fela, mme gape le ba go seng motlhofo go ba itumedisa. 19  Gonne ke selo se se itumedisang fa mongwe a itshokela mathata* e bile a boga ka tsela e e sa tshwanelang ka gonne a lwela go nna le segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo.+ 20  Gonne go na le molemo ofe fa lo itewa ka gonne lo dira boleo lo bo lo itshokela seo?+ Mme fa lo boga ka gonne lo dira molemo, seo se itumedisa Modimo.+ 21  Tota e bile, Modimo o lo tlhophile gore lo boge ka tsela eno e e sa tshwanelang, ka gonne Keresete le ene o ne a boga ka ntlha ya lona,+ a lo tlhomela sekao gore lo se latele gaufiufi.*+ 22  Ga a ka a dira boleo bope,+ e bile ga a ka a tsietsa ope.+ 23  Fa a ne a tlhapadiwa,*+ ga a ka a tlhapatsa* ope.+ Fa a ne a boga,+ ga a ka a tshosetsa ba ba neng ba mmogisa, mme o ne a ineela mo go Ene yo o atlholang+ ka tshiamo. 24  Ene ka boene o ne a rwala maleo a rona+ ka mmele wa gagwe mo koteng,*+ gore re tle re gololwe mo maleong mme re tshelele go dira se se siameng. Mme “lo ne lwa fodisiwa ka dintho tsa gagwe.”+ 25  Gonne lo ne lo tshwana le dinku tse di timetseng,+ mme jaanong lo boetse kwa modiseng+ le kwa molebeding wa lona.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “a a sa tswakanngwang.”
Seger., “utlwile.”
Seger., “tlhogo ya sekhutlo.”
Seger., “bofe molomo wa.”
Kgotsa “khutsafalo; botlhoko.”
Seger., “gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.”
Kgotsa “gobololwa.”
Kgotsa “gobolola.”
Kgotsa “mo setlhareng.”