Baroma 2:1-29

  • Modimo o atlhola Bajuda le Bagerika (1-16)

    • Tsela e segakolodi se berekang ka yone (14, 15)

  • Bajuda le Molao wa ga Moshe (17-24)

  • Go rupa mo pelong (25-29)

2  Ka jalo, wena mokaulengwe, ga o na lebaka la go atlhola motho yo mongwe+ ka dilo tse le wena o di dirang, ka gonne fa o atlhola motho yo mongwe o a ikatlhola.+  Re a itse gore Modimo o atlhola batho ba ba dirang dilo tseo, le gore katlholo ya gagwe e boammaaruri.  Mme wena mokaulengwe, a o tsaya gore fa o atlhola batho ba ba dirang dilo tseo mme le wena o di dira, Modimo ga a kitla a go atlhola?  Kgotsa a o nyatsa bopelonomi jo bogolo jwa Modimo+ le gore o pelotelele+ e bile ga a diragatse katlholo ka bonako?*+ A o dira jalo ka gonne o sa itse gore Modimo o leka go dira gore o ikwatlhaye ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe?+  Le fa go ntse jalo, Modimo o tla go atlhola mo letsatsing la bogale jwa gagwe ka gonne o le tlhogoethata e bile o sa ikwatlhaye. O tla bontsha bogale joo mo letsatsing la fa a diragatsa katlholo ya gagwe ya tshiamo.+  E bile o tla duela mongwe le mongwe go ya ka ditiro tsa gagwe.+  Ba ba batlang kgalalelo le tlotlo le go tshelela ruri e bile ba dira ditiro tse di molemo+ ka boitshoko, o tla ba naya botshelo jo bo sa khutleng;  le fa go ntse jalo, ba ba ratang manganga le ba ba sa utlweng boammaaruri jo bo tswang kwa Modimong mme ba dira se se sa siamang, ba tla tlelwa ke tšhakgalo le bogale jwa Modimo.+  Mongwe le mongwe yo o dirang se se utlwisang botlhoko o tla nna le pitlagano le matshwenyego, Mojuda pele mme go tswa foo, Mogerika; 10  mme mongwe le mongwe yo o dirang se se molemo o tla nna le kgalalelo le tlotlo le kagiso, Mojuda pele+ mme go tswa foo, Mogerika.+ 11  Gonne Modimo ga a na tlhaolele.+ 12  Gonne botlhe ba ba neng ba leofa ba sa itse molao ba tla nyelela ba sa itse molao;+ mme botlhe ba ba neng ba leofa ba itse molao ba tla atlholwa ka molao.+ 13  Gonne ba ba utlwang molao ga se bone ba ba siameng fa pele ga Modimo, mme ba ba dirang se se mo molaong ke bone ba ba tla bolelwang ba siame.+ 14  Le fa gone batho ba ditšhaba tse dingwe ba sa itse molao+ wa Modimo, ba dira dilo tse molao o di buang. Le fa gone ba sa itse molao, tota molao oo o mo dipelong tsa bone. 15  Ke bone ba ba bontshang gore molao o kwadilwe mo dipelong tsa bone fa segakolodi sa bone se ba thusa go itse gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Dikakanyo tsa bone di a ba latofatsa kgotsa ga di ba bone molato. 16  Seno se tla direga mo letsatsing la fa Modimo a dirisa Keresete Jesu go atlhola dilo tse batho ba di dirang mo sephiring.+ Se tla direga go ya ka dikgang tse di molemo tse ke di rerang. 17  Jaanong, fa e le gore o ipitsa Mojuda+ mme o ikaega ka molao e bile o ipelafatsa ka Modimo, 18  mme o itse thato ya gagwe e bile o amogela dilo tse di botlhokwa thata ka gonne o rutiwa* ka molao wa ga Moshe,+ 19  mme o bua o sa belaele gore o mogogi wa difofu, lesedi la ba ba leng mo lefifing, 20  o gakolola dieleele, o ruta bana, o na le kitso e bile o itse boammaaruri jo bo mo Molaong wa ga Moshe, 21  le fa go ntse jalo, a wena yo o rutang motho yo mongwe, a ga o ithute?+ Wena yo o rerang o re, “O se ka wa utswa,”+ a o a utswa? 22  Wena yo o reng, “O se ka wa dira boaka,”+ a o dira boaka? Wena yo o ilang medingwana, a o utswa mo teng ga ditempele? 23  Wena yo o ipelafatsang ka molao, a o tlontlolola Modimo ka go tlola molao wa ga Moshe? 24  Gonne “ditšhaba tse dingwe di tlhapatsa leina la Modimo ka ntlha ya boitshwaro jwa lona,” fela jaaka go kwadilwe.+ 25  Tota e bile, go rupa+ go mosola fela fa o dira se se mo molaong;+ mme fa o tlola molao, le fa o rupile o tshwana fela le motho yo o sa rupang. 26  Ka jalo, fa motho yo o sa rupang+ a boloka ditaelo tsa Modimo tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moshe, le fa a sa rupa o tla tsewa e le motho yo o rupileng, a ga go jalo?+ 27  Mme motho yo o sa rupang yo o dirang se se mo molaong wa ga Moshe, o atlhola wena yo o tlolang molao e bile o rupile. 28  Go nna Mojuda wa mmatota ga go bonale mo tseleng e motho a lebegang ka yone,+ e bile go rupa ga mmatota ga se fela sengwe se se bonalang mo mmeleng.+ 29  Se se mo pelong ke sone se dirang gore motho a nne Mojuda wa mmatota,+ mme o rupile mo pelong+ ka moya o o boitshepo, e seng ka molao.+ Motho yoo o bakwa ke Modimo, e seng ke batho.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “e bile o a ithiba?”
Kgotsa “o rutiwa ka molomo.”