Dipesalema 143:1-12

  • Go nyorelwa Modimo jaaka lefatshe le le omeletseng

    • ‘Ke akanyetsa kwa teng ka ditiro tsa gago’ (5)

    • “Nthute go dira thato ya gago” (10)

    • ‘E kete moya wa gago o o molemo o ka nkgoga’ (10)

Pina ya ga Dafide. 143  Ao tlhe Jehofa, utlwa thapelo ya me;+Reetsa thapelo ya me ya go kopa thuso. Nkarabe, ka gonne o a ikanyega e bile o siame.   Ke motlhanka wa gago, o se ka wa ntshekisaKa gonne ga go na ope yo o tshelang yo o ka tlhokang molato* fa pele ga gago.+   Gonne mmaba o ntshetsetshetse morago;O thubaganyeditse botshelo jwa me fa fatshe. O dirile gore ke nne mo lefifing jaaka batho ba ba sa bolong go swa.   Ke kgobegile marapo;*+Ga ke na maatla gotlhelele.+   Ke gakologelwa malatsi a bogologolo;Ke tlhatlhanya ka dilo tsotlhe tse o di dirileng;+Ke akanyetsa kwa teng* ka tiro ya diatla tsa gago.   Ke otlololela diatla tsa me kwa go wena;Ke tshwana le lefatshe le le omeletseng le le go nyoretsweng.+ (Selah)   Ao tlhe Jehofa, nkarabe ka bonako;+Ke feletswe ke maatla.*+ O se ka wa mphitlhela sefatlhego sa gago,+Go seng jalo ke tla tshwana le ba ba fologelang mo lebitleng.+   Dira gore ke utlwe lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng mo mosong,Gonne ke ikantse wena. Nkitsise tsela e ke tshwanetseng go tsamaya mo go yone,+Gonne ke lebile kwa go wena.   Ao tlhe Jehofa, nkgolole mo babeng ba me. Ke kopa gore o ntshireletse.+ 10  Nthute go dira thato ya gago,+Gonne o Modimo wa me. Moya wa gago o molemo;E kete o ka nkgogela mo lefelong le le sireletsegileng.* 11  Ao tlhe Jehofa, mpoloke ke tshela ka ntlha ya leina la gago. Nkgolole mo matshwenyegong, ka gonne o siame.+ 12  E re ka o na le lorato lo lo sa kgaotseng, fedisa* baba ba me;+Senya botlhe ba ba mpogisang,+Ka gonne ke motlhanka wa gago.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “yo o ka nnang tshiamo.”
Seheb., “Moya wa me o a koafala.”
Kgotsa “ithuta.”
Seheb., “moya.”
Kgotsa “mo lefatsheng la thokgamo.”
Seheb., “didimatsa.”