Ekesodo 3:1-22

  • Moshe le setlhatshana se se mmitlwa se se tukang (1-12)

  • Jehofa o tlhalosa leina la Gagwe (13-15)

  • Jehofa o naya Moshe ditaelo (16-22)

3  Moshe o ne a nna modisa wa letsomane la ga mogwegadiagwe e bong Jethero,+ moperesiti wa kwa Midiana. Fa a ntse a disitse letsomane kwa ntlheng e e kwa bophirima ya naga, o ne a goroga mo thabeng ya Modimo wa boammaaruri, mo Horeba.+  Foo moengele wa ga Jehofa o ne a iponatsa mo go ene mo kgabong ya molelo mo gare ga setlhatshana se se mmitlwa.+ E rile a ntse a lebile, a bona gore setlhatshana seo se se mmitlwa se a tuka le fa go ntse jalo ga se she.  Ka jalo, Moshe o ne a re: “Mma ke ye go bona tiragalo eno e e gakgamatsang gore ke ka ntlha yang fa setlhatshana se se mmitlwa seno se sa she.”  E rile Jehofa a bona gore o fapogela kwa go sone gore a ye go se leba, o ne a mmitsa go tswa mo setlhatshaneng seo se se mmitlwa a re: “Moshe! Moshe!” mme ene a re: “Ke fano.”  Foo o ne a mo raya a re: “O se ka wa atamela fano. Rola ditlhako* ka gonne lefelo le o emeng mo go lone le boitshepo.”  O ne a tswelela a re: “Ke nna Modimo wa ga rrago, Modimo wa ga Aborahame,+ Modimo wa ga Isake+ le Modimo wa ga Jakobe.”+ Foo Moshe o ne a ikhurumetsa sefatlhego ka gonne a boifa go leba Modimo wa boammaaruri.  Jehofa o ne a oketsa a re: “Ruri ke bone pogisego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto e bile ke utlwile selelo sa bone ka ntlha ya batho ba ba ba pateletsang go dira; ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.+  Ke tla fologa ke ya go ba golola mo seatleng sa Baegepeto+ ke bo ke ba ntsha mo lefatsheng leo ke ba isa kwa lefatsheng le le molemo le le le bulegileng, lefatshe le le elelang mashi le tswina ya dinotshe,+ lefatshe la Bakanana, Bahite, Baamore, Baperise, Bahife le Bajebuse.+  Eleruri ke utlwile selelo sa Baiseraele, mme gape ke bone tsela e e setlhogo e Baegepeto ba ba gatelelang ka yone.+ 10  Jaanong tla, ke tla go roma kwa go Faro mme o tla ntsha batho ba me, Baiseraele kwa Egepeto.”+ 11  Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a raya Modimo wa boammaaruri a re: “Nna ke mang gore ke ye kwa go Faro mme ke ntshe Baiseraele kwa Egepeto?” 12  Foo a mo raya a re: “Ke tla nna le wena,+ mme seno ke sesupo se o tla bonang ka sone gore ke nna ke go romileng: Fa o sena go ntsha batho bano kwa Egepeto, lo tla direla* Modimo wa boammaaruri mo thabeng eno.”+ 13  Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a raya Modimo wa boammaaruri a re: “A re tseye gore ke ya kwa Baiseraeleng ke bo ke ba raya ke re, ‘Modimo wa borraalonamogolo o nthomile kwa go lona,’ ba bo ba nthaya ba re, ‘Leina la gagwe ke mang?’+ Ke ba reye ke reng?” 14  Ka jalo, Modimo o ne a raya Moshe a re: “Ke Tla Nna se ke Tlhophang* go Nna Sone.”*+ Mme o ne a oketsa ka go re: “O reye Baiseraele o re, ‘Ke Tla Nna o nthomile kwa go lona.’”+ 15  Gape Modimo o ne a raya Moshe a re: “O reye Baiseraele o re, ‘Jehofa Modimo wa borraalonamogolo, Modimo wa ga Aborahame,+ Modimo wa ga Isake+ le Modimo wa ga Jakobe+ o nthomile kwa go lona.’ Leno ke leina la me ka bosakhutleng+ e bile eno ke tsela e ke tshwanetseng go gopolwa ka yone go tswa kokomaneng go ya kokomaneng. 16  Jaanong tsamaya, o phuthe bagolwane ba Iseraele mme o ba reye o re, ‘Jehofa Modimo wa borraalonamogolo o iponaditse mo go nna, Modimo wa ga Aborahame, Isake le Jakobe a bo a re: “Ke ntse ke lo etse tlhoko+ mme ke bone se lo se dirwang mo Egepeto. 17  Ka jalo, ke tla lo golola mo diatleng tsa Baegepeto ba ba lo bogisang+ mme ke tla lo isa kwa lefatsheng la Bakanana, Bahite, Baamore,+ Baperise, Bahife le Bajebuse,+ kwa lefatsheng le le elelang mashi le tswina ya dinotshe.”’+ 18  “Ruri ba tla reetsa lentswe la gago+ mme wena le bagolwane ba Iseraele lo tla ya kwa kgosing ya Egepeto mme lo e reye lo re: ‘Jehofa, Modimo wa Bahebera+ o buile le rona. Tsweetswee, re letle re tsamaye loeto lwa malatsi a mararo re ye kwa nageng gore re ntshetse Jehofa, Modimo wa rona setlhabelo.’+ 19  Mme nna ke itse sentle gore kgosi ya Egepeto ga e kitla e lo naya tetla ya gore lo tsamaye ntle le fa seatla se se nonofileng se mo pateletsa go dira jalo.+ 20  Ka jalo, ke tla tshwanelwa ke go otlolola seatla sa me ke bo ke itaya Egepeto ka ditiro tsotlhe tsa me tse di gakgamatsang tse ke tla di dirang mo go yone, morago ga moo o tla lo lesa gore lo tsamaye.+ 21  Mme ke tla dira gore Baegepeto ba bontshe batho bano bopelonomi, mme fa lo tsamaya ga lo kitla lo tsamaya lo iphotlhere.+ 22  Mosadi mongwe le mongwe a kope moagelani wa gagwe le mosadi yo a nnang mo ntlong ya gagwe dilwana tsa selefera le tsa gauta mmogo le diaparo, mme lo tla di apesa bomorwaalona le bomorwadialona; mme lo tla gapela Baegepeto dikhumo tsa bone.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “bompaatšhane.”
Kgotsa “obamela.”
Kgotsa “Ke Tla Nna se ke Tla Nnang Sone.” Bona Dintlha A4.
Kgotsa “Batlang.”