Efangele ya ga Luke 21:1-38

  • Madinyana a mabedi a motlholagadi wa motlhoki (1-4)

  • SESUPO SA SE SE TLA DIREGANG (5-36)

    • Dintwa, dithoromo tsa lefatshe, malwetse a leroborobo, ditlhaelo tsa dijo (10, 11)

    • Jerusalema e dikologilwe ke masole (20)

    • Dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba (24)

    • Go tla ga Morwa motho (27)

    • Setshwantsho sa setlhare sa mofeige (29-33)

    • Nnang lo tsogile (34-36)

  • Jesu o ruta mo tempeleng (37, 38)

21  Fa Jesu a ntse a lebile matlole a matlotlo, o ne a bona bahumi ba tsenya meneelo ya bone mo go one.+  Foo o ne a bona motlholagadi mongwe wa motlhoki a tsenya madinyana a mabedi a tshipi a boleng jo bo kwa tlase thata,*+  mme o ne a re: “Ammaaruri ke a lo bolelela, motlholagadi yono wa mohumanegi o tsentse go gaisa ba bangwe botlhe.+  Ka gonne botlhe ba tsentse se se tswang mo dikhumong tsa bone, mme ene le fa a sotlega,* o tsentse madi otlhe a a itshedisang ka one.”+  Moragonyana, fa bangwe ba ne ba bua ka tempele ba re e kgabisitswe ka maje a mantle le ka dilo tse di neetsweng Modimo,+  o ne a re: “Malatsi a etla a mo go one dilo tseno tsotlhe tse lo di bonang gone jaanong di tla digelwang fa fatshe, mme ga go kitla go tlogelwa leje lepe mo godimo ga le lengwe.”+  Foo ba ne ba mmotsa ba re: “Moruti, tota dilo tseno di tla direga leng, mme sesupo sa gore dilo tseno tsotlhe di tla direga e tla nna sefe?”+  O ne a re: “Lo ele tlhoko gore ope a se ka a lo tsietsa,+ ka gonne ba le bantsi ba tla dirisa leina la me, ba re, ‘Ke nna Keresete,’ ba bo ba re, ‘Nako e e tlhomilweng e gaufi.’ Lo se ka lwa ba sala morago.+  Mo godimo ga moo, fa lo utlwalela ka dintwa le dikhuduego,* lo se ka lwa tshoga. Gonne dilo tseno di tshwanetse go diragala pele, mme bokhutlo ga bo kitla bo tla ka yone nako eo.”+ 10  Go tswa foo, o ne a ba raya a re: “Setšhaba se tla tlhasela setšhaba se sengwe+ le bogosi bo tla tlhasela bogosi jo bongwe.+ 11  Go tla nna le dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe, e bile go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le malwetse a leroborobo mo mafelong ka go latelana.+ Batho ba tla bona dilo tse di tshosang le ditshupo tse dikgolo tse di tswang kwa legodimong. 12  “Mme pele ga dilo tseno tsotlhe di direga, batho ba tla lo tshwara ba bo ba lo bogisa,+ ba lo isa kwa disinagogeng le kwa dikgolegelong. Lo tla isiwa kwa dikgosing le kwa balaoding ka ntlha ya leina la me.+ 13  Seo se tla felela ka gore lo bolelele batho ka nna. 14  Ka jalo, ikemisetseng gore ga lo kitla lo ipaakanya go sa le gale gore lo tla iphemela jang,+ 15  ka gonne ke tla lo naya mafoko le botlhale tse baganetsi ba lona botlhe ba se kitlang ba kgona go emelana le tsone kgotsa go di ganetsa.+ 16  Mo godimo ga moo, batsadi ba lona, bomorwarraalona, ba masika a lona le ditsala tsa lona ba tla lo tshwarisa, e bile ba tla bolaya bangwe ba lona,+ 17  e bile batho botlhe ba tla lo tlhoa ka gonne lo le balatedi ba me.+ 18  Le fa go ntse jalo, ga go na moriri ope wa ditlhogo tsa lona o o tla wang.+ 19  Lo tla boloka matshelo* a lona fa lo ka tswelela lo itshokile.+ 20  “Le fa go ntse jalo, fa lo bona Jerusalema e dikologilwe ke masole,+ itseng gore e gaufi le go senngwa.+ 21  Foo a ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng,+ a ba ba mo motseng oo ba tswe, mme a ba ba kwa magaeng ba se ka ba tsena mo go one, 22  ka gonne ano ke malatsi a go diragatsa tshiamiso,* gore dilo tsotlhe tse di kwadilweng di tle di diragadiwe. 23  Ruri go tla nna thata mo basading ba ba imileng le ba ba anyisang masea mo malatsing ao!+ Gonne go tla nna le matshwenyego a magolo mo lefatsheng e bile batho ba tla otlhaiwa. 24  Mme ba tla bolawa ka tšhaka ba bo ba isiwa botshwarwa kwa ditšhabeng tse dingwe;*+ mme Jerusalema e tla gatakwa ke ditšhaba* go fitlha dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba* di fela.+ 25  “Gape, go tla nna le ditshupo mo letsatsing le mo ngweding le mo dinaleding.+ Ditšhaba tse di mo lefatsheng di tla tshwenyega thata di sa itse se di ka se dirang ka ntlha ya go suma ga lewatle le go fuduega ga lone. 26  Batho ba tla idibala ka ntlha ya letshogo le ka ntlha ya dilo tse ba lebeletseng gore di tla diragala mo lefatsheng, ka gonne dilo tse di kwa magodimong di tla reketlisiwa. 27  Go tswa foo, ba tla bona Morwa motho+ a tla a le mo lerung a na le maatla le kgalalelo e kgolo.+ 28  Mme fa dilo tseno di simolola go diragala, emang lo tlhamaletse lo bo lo tsholetse ditlhogo tsa lona, ka gonne kgololo ya lona e atametse.” 29  Foo o ne a ba bolelela setshwantsho seno: “Elang tlhoko setlhare sa mofeige le ditlhare tse dingwe tsotlhe.+ 30  Fa lo bona di simolola go ntsha matlhare, lo a itse gore jaanong selemo se gaufi. 31  Ka tsela e e tshwanang, le lona fa lo bona dilo tseno di diragala, itseng gore Bogosi Jwa Modimo bo gaufi. 32  Ammaaruri ke a lo bolelela, kokomana eno ga e kitla e fela go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala.+ 33  Legodimo le lefatshe di tla nyelela, mme mafoko a me one ga a kitla a nyelela.+ 34  “Le fa go ntse jalo, ikeleng tlhoko gore le ka motlha dipelo tsa lona di se ka tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe+ le ke ditlhobaelo tsa botshelo,+ mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganyetso 35  jaaka serai.+ Gonne le tla tlela batho botlhe ba ba nnang mo lefatsheng. 36  Jaanong, nnang lo tsogile+ ka metlha lo rapela ka pelo yotlhe+ gore lo tle lo kgone go falola dilo tseno tsotlhe tse di tshwanetseng go diragala lo bo lo kgone go ema fa pele ga Morwa motho.”+ 37  Ka jalo, motshegare o ne a ruta mo tempeleng, mme bosigo o ne a tswa a bo a ya go lala kwa Thabeng ya Lotlhware. 38  Mme phakela batho botlhe ba ne ba tla kwa go ene mo tempeleng ba tla go mo reetsa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “dilepetone tse pedi.” Bona Dintlha B14.
Kgotsa “humanegile.”
Kgotsa “dipheretlhego; tlhakatlhakano.”
Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “malatsi a go ipusolosetsa.”
Seger., “tsotlhe.”
Kgotsa “batho ba e seng Bajuda.”
Kgotsa “batho ba e seng Bajuda.”