Efangele ya ga Mathaio 19:1-30

  • Lenyalo le tlhalo (1-9)

  • Mpho ya go sa tsene mo lenyalong (10-12)

  • Jesu o segofatsa bana (13-15)

  • Potso ya lekawana la mohumi (16-24)

  • Go itima dilo ka ntlha ya Bogosi (25-30)

19  Fa Jesu a sena go bua dilo tseno, o ne a tswa kwa Galalea mme a ya kwa melelwaneng* ya Judea ka kwa letlhakoreng le lengwe la Joredane.+  Gape, boidiidi jo bogolo jwa batho bo ne jwa mo sala morago, mme o ne a ba fodisetsa gone koo.  Mme Bafarasai ba ne ba tla kwa go ene ba ikaeletse go mo leka, ba bo ba mmotsa jaana: “A molao o letlelela monna gore a tlhale mosadi wa gagwe ka lebaka lengwe le lengwe fela?”+  O ne a ba araba a re: “A ga lo ise lo bale gore go tswa kwa tshimologong Modimo o ne a bopa monna le mosadi+  a bo a re: ‘Ka lebaka leno, monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme batho bano ba babedi ba tla nna nama e le nngwe’?+  Mo e leng gore ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Ka jalo, se Modimo a se kopantseng, a motho ope a se ka a se kgaoganya.”+  Ba ne ba mo raya ba re: “Jaanong ke ka ntlha yang fa Moshe a ne a laela gore monna a neele mosadi lekwalo la tlhalo a bo a mo tsamaisa?”+  O ne a ba raya a re: “Moshe o ne a lo dumelela gore lo tlhale basadi ba lona, ka gonne o ne a akanyetsa dipelo tsa lona tse di thata,+ mme go ne go sa nna jalo go tswa kwa tshimologong.+  Ke lo raya ke re ope fela yo o tlhalang mosadi wa gagwe, mme mosadi wa gagwe a sa dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo,* a bo a nyala mosadi yo mongwe, o dira boaka.”+ 10  Barutwa ba ne ba mo raya ba re: “Fa e le gore go ntse jalo ka monna le mosadi wa gagwe, go tla bo go se botlhale go nyala.” 11  O ne a ba raya a re: “Ga se batho botlhe ba ba kgonang go tshela ka tsela eno,* mme ke fela ba ba nang le mpho eo.+ 12  Gonne go na le baopafadiwa ba ba neng ba tsholwa ba ntse jalo, mme go na le baopafadiwa ba ba neng ba dirwa baopafadiwa ke batho, e bile go na le ba ba sa nyaleng kgotsa ba ba sa nyalweng ka ntlha ya Bogosi jwa magodimo. A yo o kgonang go tshela ka tsela eno, a dire jalo.”+ 13  Go tswa foo, go ne ga tlisiwa bana ba bannye kwa go ene gore a ba beye diatla a bo a ba rapelele, mme barutwa ba ne ba ba kgalemela.+ 14  Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re: “Tlogelang bana ba bannye bano, mme lo se ka lwa leka go ba thibela go tla mo go nna, ka gonne Bogosi jwa magodimo ke jwa ba ba ntseng jalo.”+ 15  Mme o ne a ba baya diatla a bo a tsamaya. 16  Jaanong mongwe o ne a tla kwa go ene a bo a re: “Moruti, ke eng se se molemo se ke tshwanetseng go se dira gore ke bone botshelo jo bo sa khutleng?”+ 17  O ne a mo raya a re: “Ke ka ntlha yang fa o mpotsa ka se se molemo? Go na le a le Mongwe fela yo o molemo.+ Mme gone, fa o batla go bona botshelo, ikobele ditaelo ka metlha.”+ 18  Motho yoo o ne a mo raya a re: “Dife?” Jesu o ne a re: “Ga o a tshwanela go bolaya motho,+ ga o a tshwanela go dira boaka,+ ga o a tshwanela go utswa,+ ga o a tshwanela go ntsha bosupi jwa maaka,+ 19  tlotla rrago le mmago,+ e bile o tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.”+ 20  Lekawana leno le ne la mo raya la re: “Ke dirile dilo tseno tsotlhe; ke sa ntse ke tlhaela eng?” 21  Jesu o ne a mo raya a re: “Fa o batla go itekanela,* tsamaya o ye go rekisa dilo tse o nang le tsone o bo o abela bahumanegi, mme o tla nna le letlotlo kwa legodimong;+ mme o tle o nne molatedi wa me.”+ 22  E rile lekawana leno le utlwa seno, le ne la tsamaya le hutsafetse ka gonne le ne le na le dithoto di le dintsi.+ 23  Foo Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ammaaruri ke a lo bolelela, go tla nna thata gore motho yo o humileng a tsene mo Bogosing jwa magodimo.+ 24  Gape ke a lo bolelela, go motlhofo gore kamela e tsene mo phatlheng ya nnale go na le gore monna yo o humileng a tsene mo Bogosing Jwa Modimo.”+ 25  E rile barutwa ba utlwa seo, ba ne ba gakgamala thata ba bo ba re: “Tota ke mang yo o ka bolokwang?”+ 26  Jesu o ne a ba araba jaana a ba lebile ka kelotlhoko: “Mo bathong seno ga se kgonege, mme mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.”+ 27  Go tswa foo, Petere o ne a mo raya a re: “Re tlogetse dilo tsotlhe mme ra go sala morago; jaanong re tla boelwa ke eng?”+ 28  Jesu o ne a ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo bolelela, fa dilo tsotlhe di dirwa disha, le fa Morwa motho a nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang, lona ba lo ntshetseng morago lo tla nna mo ditulong tsa bogosi tse 12, lo atlhola ditso tse 12 tsa Iseraele.+ 29  Mme mongwe le mongwe yo o tlogetseng matlo kgotsa bomogolowe kgotsa bomonnawe kgotsa rraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka gonne e le molatedi wa me o tla amogela go menagane ga lekgolo e bile o tla rua botshelo jo bo sa khutleng.+ 30  “Mme ba le bantsi ba ntlha e tla nna ba bofelo, mme ba bofelo e tla nna ba ntlha.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kwa dikgaolong tse e leng molelwane.”
Ka Segerika, por·nei′a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “ba ba tsholang lefoko leno.”
Go tewa a sa tlhaele sepe mo tseleng e a direlang Modimo ka yone.