Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Kafa Boporofeti Jwa ga Daniele bo Bolelelang Pele ka Gone go Goroga ga ga Mesia

Kafa Boporofeti Jwa ga Daniele bo Bolelelang Pele ka Gone go Goroga ga ga Mesia

MOPOROFETI DANIELE o tshetse dingwaga di feta 500 pele Jesu a tsalwa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a senolela Daniele tshedimosetso e e neng e tla thusa go lemoga nako e Jesu a neng a tla tlodiwa, kgotsa a tlhomiwa ka yone, go nna Mesia kgotsa Keresete. Daniele o  ne a bolelelwa jaana: “O itse o bo o nne le temogo gore go simolola ka nako e lefoko le tswang ka yone la go tsosolosa le go aga Jerusalema sesha go fitlha Mesia, Moeteledipele a goroga, e tla nna dibeke di supa, le dibeke di le masome a marataro le bobedi.”—Daniele 9:25.

Go bona gore Mesia o ne a tla goroga leng, sa ntlha re tshwanetse go itse gore re simolola kae go bala nako e e isang kwa go nneng gone ga ga Mesia. Go ya ka boporofeti, nako eo ke “go simolola ka nako e lefoko le tswang ka yone la go tsosolosa le go aga Jerusalema sesha.” Nako e “lefoko le tswang ka yone” e ne e le efe? Go ya ka mokwadi wa Baebele e bong Nehemia, lefoko la gore dipota tse di dikologileng Jerusalema di agiwe sesha le dule “mo ngwageng wa bomasome a mabedi wa ga kgosi Aretaserese.” (Nehemia 2:1, 5-8) Bakwadi  ba hisitori ba tlhomamisa gore ngwaga wa 474 B.C.E. e ne e le ngwaga wa ntlha o o tletseng wa go busa ga ga Aretaserese. Ka jalo, ngwaga wa bo20 wa go busa ga gagwe e ne e le 455 B.C.E. Jaanong re na le ngwaga o re ka simololang go bala ka one, o o amanang le boporofeti jwa ga Mesia jo bo mo go Daniele. Ngwaga oo ke 455 B.C.E.

Daniele o a tlhalosa gore nako e e isang kwa go gorogeng ga ga “Mesia, Moeteledipele” e ne e tlile go nna lobaka lo lo kae. Boporofeti jono bo bua ka “dibeke di supa, le dibeke di le masome a marataro le bobedi”—e leng dibeke di le 69. Ke lobaka lo lo kana kang lono? Dithanolo di le mmalwa tsa Baebele di tlhalosa gore dibeke tseno ga se dibeke tsa malatsi a le supa, mme ke dibeke tsa dingwaga. Ka mafoko a mangwe, beke nngwe le nngwe e emelwa ke dingwaga di le supa. Bajuda ba bogologolo ba ne ba tlwaelane le kgopolo eno ya dibeke tsa dingwaga. Ka sekai, ba ne ba keteka ngwaga wa Sabata ka ngwaga mongwe le mongwe wa bosupa. (Ekesodo 23:10, 11) Ka jalo, dibeke di le 69 tsa boporofeti di lekana le dibeke di le 69 tse nngwe le nngwe ya tsone e tsayang dingwaga di le 7. Kgotsa di lekana le dingwaga di le 483.

Jaanong re saletswe fela ke go bala. Fa re bala go tloga ka 455 B.C.E., dingwaga di le 483 di re isa kwa ngwageng wa 29 C.E. Oo ke one ngwaga o Jesu a neng a kolobediwa ka one mme a nna Mesia! * (Luke 3:1, 2, 21, 22) A ga go gontle go bona tsela e boporofeti jono jwa Baebele bo diragadiwang ka yone fano?

^ ser. 2 Go simolola ka 455 B.C.E. go ya go 1 B.C.E. ke dingwaga di le 454. Go simolola ka 1 B.C.E. go fitlha ka 1 C.E. ke ngwaga o le mongwe (go ne go se na ngwaga wa 0). Mme go simolola ka 1 C.E. go fitlha ka 29 C.E. ke dingwaga di le 28. Go tlhakanya dipalo tse tharo tseno go re naya dingwaga di le 483. Jesu o ne a “kgaolwa” ka go bolawa ka 33 C.E., ka beke ya bo70 ya dingwaga. (Daniele 9:24, 26) Bona buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele! kgaolo ya 11, le Insight on the Scriptures, Bolumo 2, ditsebe 899-901. Ka bobedi jwa tsone di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.