Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

A re Tshwanetse go Keteka Malatsi Mangwe a a Ketekwang?

A re Tshwanetse go Keteka Malatsi Mangwe a a Ketekwang?

MALATSI a a rategang thata a bodumedi le a e seng a bodumedi a a ketekwang ke batho mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe gompieno ga a tswe mo Baebeleng. E le gore mekete e e ntseng jalo e tswa kae? Fa e le gore o ka kgona go ya go dira patlisiso kwa laeboraring, o tla kgatlhwa ke se dibuka dingwe di se buang ka malatsi a a ketekwang mo lefelong le o nnang mo go lone. Akanya ka dikai di le mmalwa.

 Easter. The Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Mo Tesetamenteng e Ntšha ga go na sepe se se bontshang gore go ne go ketekwa letsatsi la Ista.” Ista e simologile kae? E simolotse mo kobamelong ya boheitane. Le fa batho ba bolela gore ba keteka tsogo ya ga Jesu ka letsatsi leno, dilo tse ba di dirang ka nako ya Ista ga se tsa Bokeresete. Ka sekai, The Catholic Encyclopedia e bolela jaana ka “Mmutla wa Ista” o o rategang thata: “Mmutla ono ke setshwantsho se se neng se dirisiwa mo boheitaneng mme o tshwantshetsa maatla a go tsala.”

Meletlo ya Ngwaga o Mosha. Malatsi a go ketekwa ga ngwaga o mosha le ditlwaelo tsa teng di farologana go ya ka dinaga. The World Book Encyclopedia e tlhalosa jaana ka tshimologo ya mokete ono: “Ka 46 B.C., mmusi wa Moroma e bong Julius Caesar o ne a tlhoma letsatsi la January 1 go nna Letsatsi la Ngwaga o Mosha. Baroma ba ne ba keteka letsatsi leno go tlotla Janus, modimo wa ditswalo, dikgoro le ditshimologo. Kgwedi ya January e ne ya reelelwa ka Janus, yo o neng a na le difatlhego tse pedi—se sengwe se lebile kwa pele mme se sengwe sone se lebile kwa morago.” Ka jalo, mekete ya ngwaga o mosha e tswa kwa dingwaong tsa boheitane.

Halloween. The Encyclopedia Americana e bolela jaana: “Ditlwaelo tse di amanang le Halloween di simolotse mo meletlong ya Druid [ya baperesiti ba bogologolo ba Ba-Celtic] ya pele ga motlha wa Bokeresete. Ba-Celtic ba ne ba na le meletlo mengwe e ba neng ba e keteka go tlotla medingwana e mebedi e megolo—modimo wa letsatsi le modimo wa baswi . . . , yo moletlo wa gagwe o neng o tshwarwa ka November 1, e leng tshimologo ya Ngwaga o Mosha wa Ba-Celtic. Moletlo wa baswi o ne wa tsena ka iketlo mo Bokereseteng.”

Malatsi a Mangwe a a Ketekwang. Ga re kgone go tlotla ka meletlo yotlhe e e ketekwang ke batho mo lefatsheng lotlhe. Le fa go ntse jalo, malatsi mangwe a a ketekwang go tlotlomatsa batho kgotsa mekgatlho ya batho ga a amogelwe ke Jehofa. (Jeremia 17:5-7; Ditiro 10:25, 26) Gape, gakologelwa gore se se botlhokwa ka meletlo ya bodumedi ke gore a e itumedisa Modimo kgotsa ga e mo itumedise. (Isaia 52:11; Tshenolo 18:4) Melaometheo ya Baebele e e umakiwang mo Kgaolong ya 16 ya buka eno e tla go thusa go bona gore Modimo o leba jang go ketekwa ga malatsi ano a a ketekwang a e seng a bodumedi.