Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DOMINICAN REPUBLIC

Ba Tswelela ka go Rera

Ba Tswelela ka go Rera

Barongwa ba Tswelela ka Tiro mo Sephiring

Go thibelwa ga tiro e ne e le tshimologo ya dinako tsa mathata mo bakaulengweng. Alma Parson yo e leng morongwa, o ne a re Diholo Tsa Bogosi di ne tsa tswalwa mme tiro ya go rera ya thibelwa. Bakaulengwe ba rona ba ba rategang ba ne ba lebana le diteko e bile ba boga. Gape ba ne ba latlhegelwa ke ditiro ba bo ba isiwa kgolegelong. Le fa go ntse jalo, o ne a gopola gore ka metlha Jehofa ke ene a neng a ba kaela le go ba sireletsa. Bakaulengwe ba ne ba tswelela ka tiro mo sephiring ba ikaegile ka Jehofa.

Lennart Johnson o gopola jaana ka nako ya fa Basupi ba ne ba sa letlelelwa go tshwara dipokano: ‘Bakaulengwe ba ne ba kopana ka ditlhotswana mo magaeng a bone ka tshisibalo. Re ne re ithuta ka dimakasine tsa Tora ya Tebelo tse di dirilweng ka motšhine wa mimeograph. Botlhe ba ba ikanyegang ba ne ba itumelela tsela e Jehofa a neng a nonotsha tumelo ya bone ka yone.’

Roy le Juanita Brandt, ke bangwe ba ba neng ba tswelela ka kabelo ya bone ka nako ya fa tiro e ne e thibetswe

Ka yone nako eo, puso e ne ya ba tlhoma leitlho ya bo ya ba bogisa le go feta. Mme bakaulengwe le bokgaitsadi ga ba a ka ba tshoga. Mokwaledi Hungría o ne a kwalela Poresidente ya Repaboliki jaana ka September 15, 1950: “Rre Lee Roy Brandt le baeteledipele ba bangwe ba setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go nna ba bilediwa mo ofising eno ba kopiwa gore ba tlogele go anamisa maaka a mokgatlho wa bone o o fedisitsweng semolao mo Repaboliking; mme ba itlhokomolositse taelo eno. Letsatsi le letsatsi, ofisi eno e amogela dipego tse di tswang kwa dikarolong tse di farologaneng tsa naga tsa gore ba tsweletse ka maaka a bone mo sephiring mme seno se dira gore puso e jewe ditshego.” O ne a konela ka go kgothaletsa gore batswakwa ba ba eteletseng Basupi ba ga Jehofa pele ba lelekiwe mo Dominican Republic.

Motswedi wa Maatla

Kwa bowelong jwa 1950, Mokaulengwe Knorr le Mokaulengwe Henschel ba ne ba etela Dominican Republic. Morago ga moo, barongwa ba bangwe ba ne ba romelwa kwa Argentina, Guatemala le Puerto Rico. Ba bangwe ba ne ba batla tiro gore ba se ka ba lelekwa mo nageng. Ka sekai, Mokaulengwe Brandt o ne a berekela khampani ya motlakase mme ba bangwe ba ne ba ruta Seesemane. Buka ya Ngwaga ya 1951 e ne ya bega jaana ka barongwa bano: “Go nna ga bone mo nageng, ba sa tshabele gope, go ile ga matlafatsa balatedi ba ba ikanyegang ba Morena ba ba rutilweng boammaaruri ke bone. Botlhe ba itumelela go bona bopelokgale jwa bone ka go nna ba tshwareletse mo tirong.”

‘Go nna ga bone mo nageng go ile ga matlafatsa balatedi ba ba ikanyegang’

Dorothy Lawrence ke mongwe wa barongwa ba ba neng ba ruta Seesemane mme ba ba kgatlhegang o ne a ba ruta le Baebele. Ka ntlha ya seno, o ne a thusa ba le mmalwa go amogela boammaaruri.

Baobamedi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ne ba loga maano a mangwe gore ba tswelele ka go rera le fa ba tlhomilwe leitlho. Ka dinako tse dingwe, ba ne ba kgaoganya ditsebe tsa dibuka gore ba kgone go di menaganya ba bo ba di tsenya mo kgetsing ya hempe kgotsa mo kgetsaneng ya korosari. Dipego tsa tirelo ya tshimo di ne di lebega jaaka lenaane la korosari. Mo pegong ya tirelo ya tshimo ba ne ba re dibuka, dibukana, dimakasine, maeto a go boela le diura, ke di-papaya, dinawa, mae, khabetšhe le sepinatšhe. Dikhopi tsa mimeograph tsa Tora ya Tebelo di ne di bidiwa yuca kgotsa cassava, semela se gantsi se fitlhelwang mo lefelong leo.

Tiro ya go Dira Barutwa e a Tswelela

Ka June 16, 1954, Rafael Trujillo o ne a saena tumalano le Vatican e e neng e naya baruti ba Kereke ya Katoliki ditshiamelo tse di kgethegileng mo Dominican Republic. Ka nako eo, Basupi ba ne ba na le dingwaga di le nnè ba thibetswe. Le fa go ntse jalo, ka 1955, go ne go na le baboledi ba le 478 mo Dominican Republic. Go tlile jang gore go nne le kgolo e e kana kana le fa maemo a ne a le thata? Buka ya Ngwaga ya 1956 e ne ya bega jaana: “Sephiri sa rona e ne e le gore moya wa ga Jehofa ke one o re nayang maatla. Bakaulengwe ba seoposengwe, ba nonofile mo tumelong e bile ba tswelela pele ka bopelokgale.”

Ka July 1955, bakaulengwe go tswa kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ba ne ba romelela Trujillo lekwalo la semolao. Ba ne ba tlhalosa boemo jwa Basupi ba ga Jehofa ka botlalo jwa go sa tseye letlhakore, gape le go dira kopo ya gore Trujillo a ‘tlose thibelo ya Basupi ba ga Jehofa le Watch Tower Bible and Tract Society.’ Go ne ga felela jang?