Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DOMINICAN REPUBLIC

Koketsego Kwa Dominican Republic

Koketsego Kwa Dominican Republic

“Batho ba Mefuta Yotlhe ba Bolokwe”

Thato ya ga Jehofa ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Go dumalana le boikaelelo jono jwa Modimo, Basupi ba ga Jehofa mo Dominican Republic ba dirile ka botlhale gore ba kgone go rerela batho botlhe mo tshimong, go akaretsa le ba ba kwa dikgolegelong.

Ka 1997, banyalani ba e leng babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba rera beke le beke kwa kgolegelong ya Najayo kwa toropong ya San Cristóbal. Nako nngwe fa ba le koo ba ne ba kopana le Gloria, mosadi wa Mo-Colombia wa dingwaga di le 23 yo o neng a tshwaretswe go gweba ka diritibatsi. O ne a tlhola a buisana le kgaitsadi yo o neng a tshwerwe mme a se na molato. Bakaulengwe ba ile ba tlisetsa Gloria buka ya Go Fetolana ka Dikwalo le dikgatiso tse dingwe go araba dipotso tsa gagwe. Tsela e a neng a tlhagafaletse go ithuta Baebele ka yone e ne ya tlhotlheletsa magolegwa a mangwe gore le bone ba ithute Baebele beke le beke.

Boammaaruri bo ne jwa dira gore Gloria a dire diphetogo tse dintsi mo botshelong. Ka 1999 o ne a tshwanelega go nna mmoledi yo o sa kolobediwang. Kgwedi le kgwedi o ne a fetsa diura di feta 70 a rera mo kgolegelong e bile o ne a na le dithuto tsa Baebele tse thataro tse di gatetseng pele. Ka 2000, o ne a tsenya kopo ya gore moporesidente a phimole molato wa gagwe mme o ne a atlega ka gonne o ne a itshwere sentle. O ne a gololwa mme a busediwa kwa Colombia. O ile a kolobediwa ka 2001 le mororo ba lelapa la gagwe ba ne ba le kgatlhanong le tshwetso ya gagwe.

Gloria Cardona o ithutile boammaaruri a le kwa kgolegelong. Gone jaanong ene le monna wa gagwe ke babulatsela

Gloria o ne a nna mmulatsela fa a sena go kolobediwa. O ne a nyalwa ke mogolwane mme boobabedi ke babulatsela ba ka metlha. Gone jaanong ba direla kwa go nang le tlhokego teng kwa Colombia. Gloria o thusitse batho ba le mmalwa gore ba ineele mo go Jehofa le go kolobediwa. A re o ikutlwa e kete o kolota Jehofa mme tsela e le nngwe fela e a ka mo duelang ka yone ke ka go thusa ba bangwe gore le bone ba itse boammaaruri.

Maitemogelo a ga Gloria a re ruta gore ditshipi tsa kgolegelo ga di ka ke tsa thibela magolegwa go ithuta boammaaruri. Baemedi ba lekala ba ne ba kopa balaodi ba puso ba ba okametseng dikgolegelo tse di mo Dominican Republic gore bakaulengwe ba tshware dithuto tsa Baebele mo dikgolegelong tse dingwe. Ka jalo, bakaulengwe ba le 43 le bokgaitsadi ba le barataro ba ne ba newa tetla ya go rera mo dikgolegelong di le 13.

“Lelefatsa Megala ya Mogope wa Gago”

Fa lekgolo la bo20 la dingwaga le ya fifing, go ne go na le baboledi ba dikgang tse di molemo ba le 21 684 mo Dominican Republic mo diphuthegong di le 342, e bile ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 34 380. Go ne ga tla batho ba le 72 679 kwa Segopotsong. Ka ntlha ya koketsego eno, batho ba ga Jehofa ba ne ba tsibogela mafoko ano a ga Isaia ka bonako: “Dira gore lefelo la mogope wa gago le bulege thata. Mme a ba phutholole matsela a mogope wa motlaagana wa gago o mogolo. O se ka wa ithiba. Lelefatsa megala ya mogope wa gago.”—Isaia 54:2.

Go ne go se na Holo ya Dikopano e e tla kgonang go tshola palo e e neng e oketsega ya baboledi. Ka 1996, Holo ya Dikopano e e bapileng le ofisi ya lekala kwa Santo Domingo e ne ya wediwa mme e ne e dirisiwa ke bakaulengwe ba ba mo toropokgolong le ba ba mo mafelong a a gaufi. Le fa go ntse jalo, Holo ya Dikopano kwa Villa González e e neng e dirisiwa ke Basupi botlhe mo Dominican Republic e ne e tlhoka go tlhabololwa.

Ka 2001, Setlhopha se se Laolang se ne sa letlelela gore go agiwe Holo ya Dikopano e e tsayang batho ba le 2 500 mo setsheng se se kwa Villa González. Gape bakaulengwe ba ne ba itumeletse gore go tla nna le lefelo le lengwe le le tla dirisediwang go tshwara Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi (se gone jaanong se bidiwang Sekolo sa Baboledi ba Bogosi). Lefelo leo le ne le tla bapa le Holo ya Dikopano mme le nne le diphaposi tsa borobalo, tlelase, laeborari, boapeelo le phaposi ya bojelo. Ka 2004, Theodore Jaracz wa Setlhopha se se Laolang o ne a neela puo ya go kgakola dikago tse disha. Fa e sa le ka nako eo, go ne ga nna le ditlhopha di le 15 tsa baalogi.