Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Michael Servetus—Monna yo o Ileng a Ipatlela Boammaaruri

Michael Servetus—Monna yo o Ileng a Ipatlela Boammaaruri

Michael Servetus—Monna yo o Ileng a Ipatlela Boammaaruri

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA SPAIN

Ka October 27, 1553, Michael Servetus o ne a fisiwa ka molelo a le mo koteng kwa Geneva, Switzerland. Guillaume Farel—modiragatsakatlholo le mothusi wa ga John Calvin—o ne a tlhagisa batho ba ba neng ba lebeletse jaana: “[Servetus] ke monna yo o botlhale yo go se nang pelaelo gore o ne a akanya gore o ruta boammaaruri, mme o ne a tlhotlhelediwa ke Diabolo. . . . Ikeleng tlhoko gore lo se ka lwa diragalelwa ke selo se se tshwanang!” Monna yono yo o neng a welwa ke bomadimabe o ne a dirile eng se se neng sa dira gore a swe botlhoko jaana?

MICHAEL SERVETUS o ne a tsholwa ka 1511 kwa motseng wa Villanueva de Sijena, kwa Spain. E ne e le moithuti yo o botlhale thata go tloga fela fa a sa le monnye. Go ya ka mokwadi mongwe yo o neng a kwala polelo ya botshelo jwa ga Servetus, “fa a le dingwaga di le 14, o ne a setse a ithutile Segerika, Selatine le Sehebera, mme o ne a na le kitso e ntsi thata ya filosofi, dipalo le ya thutabodumedi.”

Juan de Quintana, yo e neng e le moruti yo go ipobolwang mo go ene wa ga Mmusimogolo wa Spain e bong Charles V, o ne a thapa Servetus fa a santse a le mo dingwageng tsa bolesome gore e nne morongwa wa gagwe. Fa Servetus a ntse a tsamaya le Juan de Quintana mo maetong a gagwe, o ne a etse tlhoko dikgaogano tsa bodumedi tse di neng di le gone kwa Spain, koo Bajuda le Bamoseleme ba neng ba isitswe botshwarwa teng kgotsa ba pateleditswe go sokologa gore e nne Bakatoliki. *

Fa Servetus a na le dingwaga di le 16 o ne a ya go ithutela boatlhodi kwa Yunibesithing ya Toulouse, kwa Fora. Fa a le koo o ne a bona Baebele e e feletseng lekgetlo la ntlha. Le fa go ne go na le molao o o gagametseng wa gore Baebele e se ka ya balwa, Servetus ene o ne a e balela mo sephiring. Fa a sena go fetsa go e bala yotlhe lekgetlo la ntlha, o ne a ikana gore o tla e bala “gape makgetlo a le sekete.” Go ka direga gore Baebele e Servetus a neng a e bala kwa Toulouse e ne e le Complutensian Polyglot, e leng thanolo e e neng ya dira gore a kgone go bala Dikwalo ka puo ya tsone ya ntlhantlha (Sehebera le Segerika), mmogo le thanolo ya Selatine. * Go ithuta ga gagwe Baebele, mmogo le go senyega ga boitshwaro jwa baruti go a go boneng kwa Spain, go ne ga dira gore a se ka a tlhola a ikanya bodumedi jwa Katoliki.

Dipelaelo tse Servetus a neng a na le tsone ka bodumedi jwa Katoliki di ne tsa gola le go feta ka nako ya fa a ne a le gone fa go tlhomiwa Charles V mo setulong sa bogosi. Kgosi eno ya Spain e ne ya tlhomiwa ke Mopapa Clement VII go nna mmusi wa Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma. Mopapa, yo o neng a ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi se se kgonang go tsholediwa, o ne a amogela kgosi e e neng e ntse e atla dinao tsa gagwe. Moragonyana Servetus o ne a kwala jaana: “Ke iponetse ka matlho kafa dikgosana di neng di rwele mopapa ka teng mo magetleng a tsone, ka kgalalelo yotlhe, a ntse a tlotlwa ke batho ba ba mo dikologileng mo mebileng.” Servetus o ne a ipotsa gore kgalalelo le magasigasi di ne di amana jang le go tshela botshelo jo bo sa raraanang jo go buiwang ka jone mo Efangeleng.

O Simolola go Batla Boammaaruri Jwa Bodumedi

Servetus o ne a tlogela tiro e a neng a e filwe ya go direla Quintana mme a simolola go ipatlela boammaaruri ka boene. O ne a dumela gore molaetsa wa ga Keresete o ne o sa kwalelwa baithutabodumedi kgotsa baitse ba filosofi, go na le moo o ne o kwaletswe batho ba maemo a a kwa tlase ba ba neng ba tla o tlhaloganya le go o dirisa. Ka gone, o ne a ikemisetsa go tlhatlhoba mekwalo ya Baebele e e kwadilweng ka dipuo tsa ntlhantlha mme a gana thuto epe fela e e neng e sa dumalane le Dikwalo. Se se kgatlhang ke gore lefoko “boammaaruri” le mafoko a mangwe a a bopilweng go tswa mo go lone a tlhagelela thata mo dibukeng tsa gagwe go gaisa lefoko lepe le sele.

Go ithuta ga ga Servetus ka hisitori le Baebele go ne ga dira gore a swetse ka gore Bokeresete bo ile jwa senyega mo makgolong a ntlha a le mararo a dingwaga mo Motlheng wa Rona o o Tlwaelegileng. O ne a ithuta gore Constantine le batlhatlhami ba gagwe ke bone ba neng ba rotloetsa dithuto tsa maaka tse kgabagare di neng tsa dira gore Tharonngwe e tsewe e le thuto e e amogelwang. Fa a na le dingwaga di le 20, Servetus o ne a gatisa buka ya gagwe ya On the Errors of the Trinity, mme e ne ya dira gore a tlhaselwe thata ke Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Bokgelogi.

Servetus o ne a tlhaloganya dilo sentle. O ne a kwala jaana: “Ga go na gope mo Baebele e umakang Tharonngwe gone. . . . Re kgona go itse Modimo, e seng ka dikgopolo tsa rona tse di supang mabela tsa filosofi, mme re mo itse ka Keresete.” * Gape o ne a fitlhelela tshwetso ya gore moya o o boitshepo ga se motho, mme ke maatla a Modimo a dirang dilo ka one.

Go na le batho bangwe ba ba neng ba dumalana le Servetus. Modiradiphetogo wa Moporotesetanta e bong Sebastian Franck o ne a kwala jaana: “Mo pampitshaneng ya gagwe, Severtus wa Mo-Spain, o bolela gore Modimo ke motho a le mongwe fela. Kereke ya Roma yone e bolela gore go na le batho ba le bararo mo mothong a le mongwe. Mme gone ke dumalana le Mo-Spain.” Le fa go ntse jalo, ga go na kereke epe, e ka tswa e le Kereke ya Katoliki ya Roma kgotsa ya Porotesetanta, e e kileng ya itshwarela Servetus go bo a ile a ganetsa thuto eno ya yone ya konokono.

Go ithuta Baebele gape go ile ga dira gore Servetus a se ka a amogela dithuto tse dingwe tsa kereke, mme o ile a bolela gore go dirisiwa ga ditshwantsho ga go dumalane le Dikwalo. Ka gone, ngwaga le halofo morago ga go gatisa On the Errors of the Trinity, Servetus o ne a bolelela Bakatoliki le Baporotesetanta ka tlotlo jaana: “Ga go sepe sa ditlhopha tseno tse pedi se ke dumalanang kgotsa ke ganetsanang le sone mo dilong tsotlhe. Ke dumela gore ka bobedi jwa tsone go lebega di na le boammaaruri e bile gape di na le diphoso, se sengwe se bona diphoso tsa se sengwe mme ga go sepe se se iponang diphoso.” Se ene a neng a se batla fela e ne e le go ipatlela boammaaruri. *

Le fa gone Servetus a ne a batla boammaaruri ka bopeloephepa, go na le diphoso dingwe tse a neng a di dira. Ka sekai, o ne a bolela gore Haramagedona le Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete di ne di tla tla ka nako ya fa a sa ntse a tshela.

Go Batla Boammaaruri Jwa Saense

E re ka a ile a patelesega go tshaba ka ntlha ya babogisi ba gagwe, Servetus o ne a fetola leina la gagwe mme a ipitsa Villanovanus mme a nna kwa Paris, koo a neng a bona dikirii ya botaki le ya bongaka gone. E re ka a ne a rata dilo tsa saense thata, o ne a dira tiro ya go aroganya dirwe tsa mmele gore a kgone go tlhaloganya tsela e mmele wa motho o dirang ka yone. Ka ntlha ya seo, go ka direga gore Servetus e nnile ene Moyuropa wa ntlha go tlhalosa modikologo wa madi go tswa kwa pelong go ya kwa makgwafong. Dipatlisiso tseno tsa gagwe di ile tsa tsenngwa mo bukeng ya gagwe ya The Restitution of Christianity. Servetus o ne a tlhalosa seno dingwaga di le 75 pele ga modikologo otlhe wa madi mo mmeleng o tlhalosiwa ke William Harvey.

Servetus gape o ne a kwala sesha buka ya ga Ptolemy ya Geography. Buka eno e ne ya atlega thata mo e leng gore batho bangwe ba ne ba mmitsa mosimolodi wa thutafatshe e e bapisang mafelo le thuto ya ditso tsa batho. Fa a ne a sekisiwa kwa Geneva moragonyana, Servetus o ne a pegwa molato ka ntlha ya go bo a ile a tlhalosa Palesetina a re ke naga e e lemilweng go se kae e e sa ungweng. Servetus o ne a iphemela ka go bolela gore o bua ka naga eno jaaka e ntse mo motlheng wa gagwe e seng mo motlheng wa ga Moshe, o go se nang pelaelo gore ka one e ne e elela mashi le dinotshi.

Gape Servetus o ne a kwala buka ya Universal Treatise on Syrups, e e neng ya dira gore mofuta mongwe wa molemo wa kalafi o lejwe ka tsela e ntšha e e tekatekano. Kitso e ntsi ya bongaka e e neng ya fitlhelwa mo bukeng eo e ne ya dira gore e nne ene motho wa ntlha go ribolola dilo mo go tsa melemo ya kalafi le mo go dirisiweng ga dibitamine. E re ka Servetus a ile a nna mankge mo dilong di le dintsi jaana, mokwalahisitori mongwe o ile a mo tlhalosa a re ke “mongwe wa batho ba ba botlhale thata yo o kileng a nna gone mo hisitoring, yo o dirileng go tlala seatla mo kitsong ya batho.”

Moganetsi wa Gagwe yo o Maatla

Batho ba ba batlang boammaaruri ga ba bolo go nna ba ganediwa. (Luke 21:15) John Calvin, yo o neng a simolola naga e batho ba patelediwang go utlwa molao wa Porotesetanta mo go yone kwa Geneva, e ne e le mongwe wa baganetsi ba ga Servetus. Go ya ka mokwalahisitori e bong Will Durant, puso ya ga Calvin ya “bobusaesi e ne e sa kaelwe ke molao kgotsa maatla a a neng a na le one mme e ne e tlhotlhelediwa ke gore o ne a batla go gatelela batho ba bangwe le gore botho jwa gagwe bo ne bo tshabiwa,” mme Calvin “o ne a gana gotlhelele jaaka mopapa ope fela gore motho a ka itirela tshwetso ka esi gore o batla go dumela eng.”

Go ka direga gore Servetus le Calvin ba ile ba kopana kwa Paris ka nako ya fa ba ne ba sa le makawana. Ba ne ba sa utlwane go tloga fela kwa tshimologong, mme Calvin o ne a nna mmaba yo mogolo le yo o sa ineeleng wa ga Servetus. Le fa gone Calvin e ne e le moeteledipele wa Diphetogo, kwa bofelong o ne a pega Servetus molato fa pele ga Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Bokgelogi ya Katoliki. Servetus o ne a kgona go falola ka tshoba la mogodu kwa Fora, kwa setshwantsho sa gagwe se neng sa fisiwa teng. Le fa go ntse jalo, o ne a tshwarwa mme a isiwa kgolegelong kwa toropong e e fa molelwaneng ya Geneva, koo mafoko a ga Calvin a neng a ikobelwa gone.

Calvin o ne a tshwara Servetus ka tsela e e makgwakgwa fa a le kwa kgolegelong. Le fa go ntse jalo, fa Servetus a ne a bua le Calvin ka nako ya fa a ne a sekisiwa, o ne a bolela gore a ka fetola se a se dumelang, fa fela moganetsi wa gagwe a ne a ka mo ntshetsa mabaka a a tlhatswang pelo go tswa mo Dikwalong. Calvin o ne a palelwa ke go dira jalo. Fa a sena go sekisiwa, Servetus o ne a atlholelwa loso ka go fisiwa mo koteng. Borahisitori bangwe ba re ke ene fela motho yo o neng a ganetsa bodumedi yo setshwantsho sa gagwe se neng sa fisiwa ka molelo ke Bakatoliki mme ene a fisiwa a ntse a tshela ke Baporotesetanta.

Moeteledipele wa Kgololesego ya Bodumedi

Le fa gone Calvin a ne a bolaile moganetsi wa gagwe, o ne a latlhegelwa ke maatla a gagwe a go tlhotlheletsa batho ba bangwe. Go bolawa ga ga Servetus go sa tshwanela go ne ga galefisa batho ba ba nang le temogo mo Yuropa yotlhe, mme seno se ne sa dira gore batho ba ba buelelang kgololesego ya setšhaba ba nne le lebaka la go buelela kgang ya bone. Ba ne ba gatelela ntlha ya gore ga go na motho ope yo o tshwanetseng a bolawa ka ntlha ya bodumedi jwa gagwe. Ba ne ba ikemisetsa le go feta gore ba tswelele pele ba lwela kgololesego ya bodumedi.

Mmoki wa Montadiana e bong Camillo Renato o ne a bolela jaana a le kgatlhanong le seno: “Modimo, le fa e le one moya wa gagwe tota, ga se one o kgothaleditseng gore go dirwe selo se se ntseng jalo. Keresete le ene o ne a se ka a tshwara jalo batho ba ba neng ba mo ganetsa.” Sébastien Chateillon wa Mofora, yo o berekang tiro e e malebana le go direlwa ga batho molemo o ne a kwala jaana: “Go bolaya motho ga go sireletse se o se dumelang, mme se se salang, o a bo o bolaile motho.” Servetus ka boene o ne a re: “Ke go tsaya e le kgang e e masisi go bolaya batho ka gonne ba dirile phoso fa ba ne ba tlhalosa kgang nngwe ya dikwalo, e re ka re itse gore tota le batho ba ba tlhophilweng le bone ba ka nna ba dira diphoso.”

Malebana le tlhotlheletso e kgolo e go bolawa ga ga Servetus go nnileng le yone, buka ya Michael Servetus—Intellectual Giant, Humanist, and Martyr ya re: “Loso lwa ga Servetus lo ne lwa dira gore go nne le diphetogo mo dilong tse di dumelwang le mo tseleng ya go akanya e e neng ya nna teng fa e sa le go tloga ka lekgolo la bonè la dingwaga.” E oketsa jaana: “Fa go lejwa dilo go ya ka hisitori, Servetus o ne a swa e le gore batho botlhe mo setšhabeng sa gompieno ba nne le kgololesego ya go itlhophela.”

Ka 1908 go ne ga tlhomiwa sefikantswe sa go gopola Servetus kwa toropong ya Fora ya Annemasse, e e bokgakala jwa dikilometara di le 5 go tswa kwa lefelong le a neng a bolaelwa kwa go lone. Mokwalo o o gabilweng mo letlapeng la sefikantswe seno wa re: “Michel Servet[us], . . . moithutafatshe, ngaka, moithutafisioloji, o ile a nna le seabe mo go tokafatseng botshelo jwa batho ka dilo tsa saense tse a neng a di ribolola, tsela e a neng a ineetse ka yone mo go thuseng balwetse le bahumanegi, le kafa a neng a sa ineele ka teng gore batho ba bangwe ba laole tsela e a akanyang ka yone le segakolodi sa gagwe. . . . Dilo tse a neng a di dumela di ne di ka se tshikinngwe. O ile a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo ka ntlha ya go femela boammaaruri.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Balaodi ba Spain ba ne ba leleka Bajuda ba le 120 000 ba ba neng ba gana go amogela Bokatoliki, mme Ba-Moor ba le dikete di le mmalwa ba ne ba fisiwa ka molelo mo koteng.

^ ser. 6 Bona setlhogo se se reng “Complutensian Polyglot—Sedirisiwa se se Botlhokwa sa go Ranola,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 15, 2004.

^ ser. 11 Mo bukeng ya gagwe ya A Statement Regarding Jesus Christ, Servetus o ne a tlhalosa gore thuto ya Tharonngwe e tlhakanya tlhogo mme a bolela gore Dikwalo ga di na le fa e le lefoko le le lengwe fela le le tshegetsang thuto eno.

^ ser. 13 Fa Servetus a le kwa kgolegelong, o ne a saena lekwalo la gagwe la bofelo le le nang le mafoko ano: “Michael Servetus, a le nosi, mme gone a ikantse tshireletso e e tlhomameng thata ya ga Keresete.”

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Servetus O ne A Dirisa Leina Jehofa

Go batlana ga ga Servetus le boammaaruri go ne ga dira gore a dirise leina Jehofa. Dikgwedi di le mmalwa morago ga gore William Tyndale a dirise leina leno mo thanolong ya gagwe ya Pentateuch, Servetus o ne a gatisa buka ya On the Errors of the Trinity—e mo go yone yotlhe a neng a dirisa leina Jehofa. O ne a tlhalosa jaana mo bukeng eno: “Leina le lengwe, le le boitshepo go gaisa otlhe, יהוה, . . . le ka tlhalosiwa ka tsela e e latelang, . . . ’o dira gore go diragale,’ ‘ene yo o dirang gore go diragale,’ ‘yo o dirang gore dilo di nne gone.’” O ne a re: “Leina la ga Jehofa le ka dirisiwa fela go bitsa Rara.”

Ka 1542, Servetus gape o ne a rulaganya thanolo ya Baebele e e itsegeng thata ya Selatine ya ga Santes Pagninus (e e bontshitsweng fa tlase). Mo dintlheng tse dintsi tse Servetus a neng a di kwala kafa thoko mo tsebeng, o ne a bua thata ka leina la Modimo. Mo ditemaneng tsa botlhokwa tse di jaaka Pesalema 83:18, tse go kwadilweng lefoko “Morena” mo go tsone, ene o ne a kwala leina Jehofa mo dintlheng tse di kwa thoko mo tsebeng.

Mo bukeng ya gagwe ya bofelo ya The Restitution of Christianity, Servetus o ne a kwala jaana malebana le leina la Modimo, Jehofa: “[Go] phepafetse . . . gore go na le batho ba le bantsi ba ba neng ba bitsa leina leno mo metlheng ya bogologolo.”

[Setshwantsho]

Sefikantswe se se kwa Annemasse, kwa Fora

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Setshwantsho se se gabilweng mo letlapeng sa lekgolo la bo15 la dingwaga sa go patelediwa ga Bamoseleme ba ba nnang kwa Spain go kolobediwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Capilla Real, Granada

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Tsebe ya ntlha ya buka ya “On the Errors of the Trinity”

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the book De Trinitatis Erroribus, by Michael Servetus, 1531

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Servetus o ne a ribolola modikologo wa madi go tswa kwa pelong go ya kwa makgwafong

[Motswedi wa Setshwantsho]

Anatomie descriptive et physiologique, Paris, 1866-7, L. Guérin, Editor

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Buka ya ga Servetus ya “Universal Treatise on Syrups” e ile ya thusa thata fa go dirwa melemo ya kalafi

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

John Calvin o ne a nna mmaba yo o matlho mahibidu wa ga Servetus

[Motswedi wa Setshwantsho]

Biblioteca Nacional, Madrid

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]

Biblioteca Nacional, Madrid