Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO THUSA LELAPA | LENYALO

Fa o Swabisitswe ke Lenyalo la Gago

Fa o Swabisitswe ke Lenyalo la Gago

KGWETLHO

Pele ga lo nyalana, wena le molekane wa gago lo ne lo lebega lo tshwana ka dilo di le dintsi. Jaanong go swabisiwa ke lenyalo la gago go koafaditse kamano ya lona mme go dira gore o ikutlwe e kete o mo kgolegelong le molekane wa gago go na le gore o itumelele go nna le ene.

O ka kgona go tokafatsa kamano ya lona. Le fa go ntse jalo, sekaseka pele gore ke eng se se ka tswang se go swabisitse.

LEBAKA LA GO BO GO DIREGA

O simolola go lemoga kafa tota botshelo jwa lenyalo bo leng ka teng. Dilo tsa letsatsi le letsatsi tse di jaaka go ya tirong, go godisa bana le go dirisana le ba lelapa la kwa gaabo molekane wa gago di ka fedisa boitumelo jwa lenyalo ka iketlo. Mo godimo ga moo, mathata a a sa lebelelwang—gongwe go nna le mathata a tsa madi kgotsa go tlhokomela mongwe mo lelapeng yo o tshwerweng ke bolwetse jo bo sa foleng—a ka koafatsa lenyalo.

Dilo tse lo sa utlwaneng ka tsone di lebega di ka se rarabologe. Go lebega batho ba itlhokomolosa dilo tse ba sa utlwaneng ka tsone fa ba sa ntse ba ratana. Mme fa monna le mosadi ba sena go nyalana, ba lemoga kafa ba sa tshwaneng ka teng mo dilong tse di jaaka mokgwa wa go buisana, go dirisa madi le go rarabolola mathata. Dilo tse ba neng ba sa utlwane ka tsone tse pele ba neng ba di tsaya e le dilo fela tse di serang jaanong go lebega ba ka se kgone go di itshokela.

Ga lo tlhole lo kgathala ka maikutlo a mongwe go yo mongwe. Fa nako e ntse e ya, go nnela go buisana ka mafoko a a botlhoko le go tshwarana ka tsela e e sa siamang le go tlogela dikgotlhang tse dintsi di sa rarabololwa go ka dira gore monna kgotsa mosadi a se ka a tlhola a ntsha maikutlo a gagwe, kgotsa se se maswe le go feta a simolole go ratana le mongwe o sele.

O ne o solofetse dilo tse di ka se kgonegeng. Batho bangwe ba tsena mo lenyalong ba dumela gore ba bone motho yo e leng ene fela yo o ba tshwanetseng. Le fa kgopolo eo e ka utlwala e le e e rategang, e ka felela ka masetlapelo. Fela fa mathata a simolola, kgopolo e e seng boammaaruri ya gore  o bone “molekane yo o tshwanelanang sentle le ene” e a phutlhama mme balekane ka bobedi ba sala ba akanya gore ba dirile phoso ka go nyalana.

SE O KA SE DIRANG

Tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa molekane wa gago. Leka seno: Kwala dinonofo di le tharo tse di molemo tse molekane wa gago a nang le tsone. Nna o tshotse lenaane leno, gongwe o le kgomaretse ka fa morago ga setshwantsho se sennye sa lenyalo kgotsa mo founong ya selula. Nna o leba lenaane leno e le go ikgopotsa gore ke ka ntlha yang fa o nyalane le molekane wa gago. Go tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa molekane wa gago go thusa gore lo nne ka kagiso mme go tla go thusa go itshokela dilo tse lo sa utlwaneng ka tsone.—Molaomotheo wa Baebele: Baroma 14:19.

Rulaganyang go fetsa nako mmogo. Pele ga lenyalo lo tshwanetse lwa bo lo ne lo rulaganya nako ya go dira dilo mmogo. Go intsha e ne e le selo se sesha e bile go le monate mme lo ne lo rulaganya gore lo fetse nako mmogo. Ke eng fa lo sa dire jalo le gone jaanong? Rulaganyang dinako tse lo ka di fetsang mmogo, jaaka e kete lo intshitse lo le babedi. Go dira jalo go ka lo thusa gore lo atamalane mme lo kgone go lebana botoka le mathata a a sa lebelelwang a botshelo.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 5:18.

Tlotlang ka maikutlo a lona. Fa o utlwisitswe botlhoko ke mafoko kana ditiro tsa molekane wa gago, a o ka kgona go tlodisa kgang eo matlho? Fa go sa nna jalo, o se ka wa dira dilo tsa bongwana ka go ngala. Ntle le go senya nako, buisana le molekane wa gago ka kgang eno o ritibetse, ka lone letsatsi leo fa go kgonega.—Molaomotheo wa Baebele: Baefeso 4:26.

Fa o utlwisitswe botlhoko ke mafoko kana ditiro tsa molekane wa gago, a o ka kgona go tlodisa kgang eo matlho?

Lemoga pharologano fa gare ga maikutlo a gago le maitlhomo a molekane wa gago. Go ka tswa go se ope wa lona yo o ikaeletseng go utlwisa yo mongwe botlhoko. Tlhomamisetsa molekane wa gago seno ka go kopa maitshwarelo go tswa pelong go bo o mo utlwisitse botlhoko. Go tswa foo, tlotlang ka dilo tse di rileng tse lo ka di dirang gore lo se ka lwa utlwisana botlhoko lo sa lemoge. Latelang kgakololo eno ya Baebele: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile.”—Baefeso 4:32.

O se ka wa lebelela dilo tse di ka se diregeng. Baebele ya re ba ba tsenang mo lenyalong “ba tla nna le pitlagano.” (1 Bakorintha 7:28) Fa o nna le pitlagano e e ntseng jalo, o se ka wa itlhaganelela go swetsa ka gore lo dirile phoso ka go nyalana. Go na le moo, dirisana le molekane wa gago mme lo rarabolole dikgotlhang le go ‘tswelela lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile.’—Bakolosa 3:13.