Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BATHO LE DINAGA

Go Etela El Salvador

Go Etela El Salvador

DINGWAGA di ka nna 500 tse di fetileng, fa Ba-Spain ba ne ba goroga mo nageng e jaanong e bidiwang El Salvador, morafe o mogolo mo lefelong leo o ne wa bitsa naga ya one o re Cuscatlán—leina le le kayang “Naga ya Leje le le Tlhwatlhwakgolo.” Gompieno bontsi jwa batho kwa El Salvador ke ditlogolwana tsa merafe e e tlholegang koo le tsa batho ba ba neng ba thibelela koo ba tswa Yuropa.

Batho ba kwa El Salvador ba itsege e le batho ba ba dinatla le ba ba botsalano. Gape ba maitseo e bile ba tlotlo. Pele batho ba simolola motlotlo kgotsa fa ba tlile go dirisana ka tsa kgwebo ba dumedisana jaana ka maitseo: “Buenos días” (tumediso ya mo mosong) kgotsa “Buenas tardes” (tumediso ya thapama). Tota e bile batho ba kwa magaeng le ba kwa ditoropong tse dinnye kwa El Salvador ba go tsaya e le go tlhoka maitseo go feta motho fela o sa mo dumedise.

Go lema kofi go nnile le tlhotlheletso e kgolo thata mo hisitoring ya El Salvador

Dingwe tsa dijo tse batho ba kwa El Salvador ba di itumelelang thata ke pupusa—papatha e tshesane ya bopi jwa mmidi (kgotsa raese) e tsentswe tšhisi le dinawa fa gare, mmogo le nama ya kolobe kgotsa dishabo tse dingwe. Gantsi di-pupusa di jewa ka tamatisouso le curtido—khabetšhe e e tlhakantsweng le digwete, dieie le vinegar e e tsentsweng ditswaiso. Le fa batho ba bangwe ba dirisa thipa le foroko, tsela e e tlwaelegileng ya go ja di-pupusa ke ka diatla.

Di-pupusa ke dingwe tsa dijo tse di rategang thata mo El Salvador

Los Tercios Waterfall, Suchitoto

 A O NE O ITSE? El Salvador e a tle e bidiwe naga ya makgwamolelo. Go na le makgwamolelo a feta 20 mme mangwe a one a sa ntse a kgwa molelo. Los Tercios Waterfall e phothosela mo godimo ga maje a maleele a a nnileng gone ka ntlha ya go thunya ga makgwamolelo.

Go na le Basupi ba ga Jehofa ba feta 38 000 mo El Salvador, mme ba mo diphuthegong di ka nna 700. Ba ruta batho ba ka nna 43 000 Baebele ka Se-Spain, Seesemane le ka Puo ya Diatla ya El Salvador.