TSOGANG! November 2014 | Ditsela Tsa go Itumelela Botshelo

Baebele e na le kgakololo e e ka go thusang go itumelela botshelo. Bona dikai tse nnè tsa Baebele tse di bontshang botlhale jo bo ka ikanngwang.

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditlhogo di akaretsa: dithulaganyo tse di sa atlegang tsa go sireletsa dikgwa tsa pula tsa Ecuador, go thatafalelwa ke go bona madi a a nang le HIV, mathata a go kgaoganya diruiwa kwa Australia.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Ditsela Tsa go Itumelela Botshelo

A kgakololo ya Baebele e ka go thusa gore o itumelele botshelo? Setlhogo seno se tlotla ka melaometheo e menè ya Baebele e e thusang.

Mesele—Ditiro Tsa Boenjenere Tsa Roma

Ke eng fa Baroma ba bogologolo ba ne ba aga mesele? Ke eng se se dirang gore mesele eno e tlhomologe?

GO THUSA LELAPA

Fa Ngwana wa Gago a Bua Maaka

O ka dirang fa ngwana wa gago a bua maaka? Mo setlhogong seno go tlotliwa ka kgakololo ya Baebele e e ka go thusang go ruta ngwana wa gago botlhokwa jwa go bua boammaaruri.

PEGO YA BOTSHELO

Ke Bone Kgomotso Fa ke E Tlhoka Thata

Fa Miklós Aleksza a le dingwaga di le 20 o ne a gobala mo a neng a sa kgone go tsamaya. Baebele e mo thusitse jang gore a bone tsholofelo ya mmatota ka isagwe?

SE BAEBELE E SE RUTANG

Bophepa

Bona kgakololo e e molemo ya Baebele e e thusitseng batho ba le dimilione go tshela botshelo jo bo phepa.

“Letshwao Le le Sa Lebalesegeng”

Goreng kago e e kwa Toropong ya Hiroshima, kwa Japane e ne ya nna matlotla fa e sa le ka 1945? Bala ka kago eno e e tlhomologileng mme o bone gore e amana jang le ditsholofetso tsa mo isagweng tsa Baebele.

Tse Dingwe

Goreng ke Tshwanetse go Thusa Batho ba Bangwe?

Go direla batho ba bangwe dilo tse di molemo go ka go solegela molemo ka ditsela tse pedi. Ke dife?

Basha ba Bua ka Madi

Bona dikakantsho kaga go boloka, go dirisa le go leba madi ka tsela e e tshwanetseng.

Karata ya Baebele ya Miriame

Miriame o ne a letsa seletswa sefe sa mmino? Itseele karata eno ya Baebele mme o ithute mo go oketsegileng ka ene.