Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Letshwao Le le Sa Lebalesegeng”

“Letshwao Le le Sa Lebalesegeng”

MO LOTSHITSHING lo lo ka fa botlhaba jwa Noka ya Motoyasu kwa Toropong ya Hiroshima, kwa Japane, go na le kago e e neng ya nna matlotla fa e sa le ka 1945. Goreng go setse go fetile dingwaga di le 70 e ise e agiwe bosha?

Kago ya matlhatlaganyane a mararo ya ditena le letsopa e e neng e le holo ya dipontsho tsa madirelo, e ne ya wediwa ka 1915. Dilo di ne tsa fetoga ka Phatwe 6, 1945 ka 8:15 a.m. Ka nako eo, bomo ya atomo e e neng e le la ntlha e dirisiwa mo ntweng e ne ya runya dimetara di le 550 mo toropong eo le gaufi le holo ya dipontsho. Batho botlhe ba ba neng ba le foo ba ne ba swa ka ponyo ya leitlho. Le fa go ntse jalo, dipota tse di nonofileng tsa moago ono di ne tsa tswelela di eme.

Setlhogo sa UNESCO * sa re moago ono o o iseng o agiweng bosha ke “letshwao le le sa lebalesegeng la maatla a a sentseng go feta le fa e le leng pele a a dirilweng ke motho.” Ka 1996 moago ono o ne wa tsenngwa mo lenaaneng la UNESCO la Mafelo a a Tsewang a le Botlhokwa mo Lefatsheng gore e nne karolo ya Segopotso sa Hiroshima sa Kagiso (Hiroshima Peace Memorial).

Ka maswabi, segopotso se se amang maikutlo jaaka seno ga se a ka sa fedisa ntwa e gantsi e bakwang ke bogagaru, bosetšhaba le letlhoo la ditso le bodumedi. A dintwa di tla nna di le teng?

Baebele ya re di tla fela. Pesalema 46:9 ya re: “[Modimo] o dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe. O roba bora gape o robaganya lerumo; o fisa dikoloi mo molelong.” Ka nako eo, Modimo o tla emisetsa dipuso tsa batho ka puso ya gagwe e e tla busang lefatshe lotlhe—Bogosi jwa Modimo jo Jesu Keresete a tla busang e le “Kgosi ya dikgosi” mo go jone.—Tshenolo 11:15; 19:16.

Go tswa foo, go ka se tlhole go tlhokega segopotso sepe sa ntwa. Isaia 65:17 ya re: “Dilo tsa pele”—masetlapelo le dilo tse di utlwisang botlhoko—“ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.”

^ ser. 4 Mokgatlho wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng wa Thuto, Saense le Setso.