Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipota tsa toropo ya Itchan Kala kwa Khiva

BATHO LE DINAGA

Go Etela Uzbekistan

Go Etela Uzbekistan

TRANSOXANIA. Lefatshe Le le Fa Gare ga Dinoka. Tartary. Turkistan. Go dirisitswe maina a mantsi go bitsa kgaolo eno e jaanong e akaretsang Uzbekistan, “Naga ya Ba-Uzbek.” Go tloga fela ka dingwaga tsa bo1500, ditoropo tsa Uzbekistan di ne di thusa bagwebi ba ba neng ba tsamaya ka ditsela tse di neng di kopanya China le Mediterranean tse di bidiwang Tsela ya Silk. Gompieno mo Uzbekistan, tlhale e bonwa mo dimmarakeng tsotlhe tsa matsela. Dimmètshe tse dintle tse di dirilweng ka tlhale, wulu kgotsa letsela le le phatsimang di rekisiwa fano.

Hisitori e bontsha gore setso sa Ba-Uzbekistan se ile sa fetofetolwa ke batho ba le bantsi. Batlhabani ba ba tumileng le masole a bone a diganka ba ne ba gwanta go kgabaganya dithaba le dikaka tsa Uzbekistan. Bone ba akaretsa Alexander yo Mogolo, yo o neng a kopana le mokapelo wa gagwe e bong Roxane koo; Genghis Khan wa kwa Mongolia le Timur (yo gape a bidiwang Tamerlane), yo e neng e le moagi wa kgaolo eo e bile a busa mmusomogolo mongwe mo hisitoring ya batho.

Moaparo wa setso

Difikantswe tse dintle tse di mebala e bile di ruletswe ka dithaele tsa mmala o motala, di dira gore toropo ya Uzbekistan e nne ntle. Bontsi jwa meago eo ke dikolo.

Tsela ya Silk. Fa e sale e dirisiwa pele ga motlha wa rona e bile e ne e tlhanasela go fitlha go dirwa tsela ya lewatle e e yang kwa India go ela kwa bowelong jwa dingwaga tsa bo1500. Tsela eno e e neng dirisiwa ke bagwebi, e karolo nngwe ya yone e neng e kgabaganya mo Uzbekistan, e ne e le botlhokwa mo go tsa kgwebo.

Go dirwa dimmètshe tsa letsela le le phatsimang

Lewatle la Aral. Lewatle la Aralle e kileng ya bo e le letsha la bonè le legolo mo lefatsheng—le a nyelela ka gonne metsi a lone a dirisediwa go nosetsa. Uzbekistan le dinaga tse dingwe tse di mo Bogare Jwa Asia di leka go baakanya boemo jono.

Go fetoga ga ditlhaka tsa Uzbekistan. Go ne go buiwa dipuo di le dintsi mono mme morago ga gore Baiselamo ba fenye ntwa ka dingwaga tsa bo800, go ne ga dirisiwa Searabia. Morago ga gore naga eno e busiwe ke Soviet Union, go ne ga dirisiwa ditlhaka tsa Selatine mme kwa bowelong jwa bo1930 di ne tsa tseelwa boemo ke ditlhaka tsa Cyrillic. Ka 1993, go ne ga nna le molao o mosha wa go dirisa ditlhaka tsa Uzbekistan tse di kwalwang ka mokwalo wa Selatine.

Maungo a a omisitsweng mo marekisetsong a toropo