Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Milford Sound

BATHO LE DINAGA

Go Etela New Zealand

Go Etela New Zealand

DINGWAGA di ka nna 800 tse di fetileng, merafe ya Maori e ne ya tsaya loeto lo loleele go ralala mawatle mme ba nna mo New Zealand. Ba ne ba bona lefatshe le lentle le le sa tshwaneng gotlhelele le ditlhaketlhake tsa kwa Polynesia tse ba neng ba nna kwa go tsone. Lefelo leno le ne le tletse dithaba tse di apesitsweng ke aese, go le bothitho ka nako ya dikgakologo e bile go na le kapoko. Morago ga dingwaga di ka nna makgolo a matlhano, go ne ga tla morafe o mongwe o tswa kwa Yuropa. Gompieno baagi ba le bantsi ba New Zealand ba dumela gore ba tswa mo Bajeremaneng le Ba-Polynesia ba ba neng ba fudugela koo. Bontsi jwa batho ba koo ba nna mo ditoropong. Wellington e tsewa e le yone toropo e e di gaisang tsotlhe tse di kwa borwa mo lefatsheng.

Seretse se se belang sa kwa North Island

Le fa gone New Zealand e itlhaotse, bajanala ba ka nna dimilione di le tharo ba a e etela ngwaga le ngwaga ka gonne e na le mafelo a a jesang kgakge a a farologaneng a tlhago.

Setlhare se se nang le matlhare a mmala wa selefera, se se kgonang go gola boleele jwa dimitara di feta 10

Go ne go akanngwa gore nonyane e e sa fofeng e e bidiwang takahe ga e tlhole e le gone go fitlha e bonwa gape ka 1948

Naga eno e na le mefuta e e farologaneng ya diphologolo tsa naga tse dintle e bile ke yone e nang le mefuta e e mentsi ya dinonyane tse di sa fofeng mo lefatsheng lotlhe. Gape tuatara, e leng setshedi se se kgonang go tshela dingwaga di le 100 se e ke teng mokgantitswane, se bonwa gone koo! Go na le diphologolo di le mmalwa fela tse di tlwaelegileng tse di jaaka bommamathwane le tse dingwe tse di nnang mo metsing tse di jaaka maruarua le di-dolphin.

Basupi ba ga Jehofa ba na le dingwaga di ka nna 120 ba le gone kwa New Zealand. Ba rera ka dipuo di ka nna 19 go akaretsa se-Niuea, se-Rarotonga, se-Samoa le se-Tonga, e leng dipuo tsa kwa Polynesia.

Morafe wa ba-Maori ba bina ba apere diaparo tsa bone tsa setso