Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | BAEBELE—KAFA E FALOTSENG KA GONE

Lebaka La go Bo Baebele e Falotse

Lebaka La go Bo Baebele e Falotse

Baebele e falotse. Seo se dira gore o kgone go nna le yone le go e ipalela. E bile fa o tlhopha thanolo e e siameng ya Baebele, o ka tlhomamisega gore o bala khopi e e ikanyegang ya mekwalo ya ntlhantlha. * Mme ke eng fa Baebele e kgonne go falola ka ditsela tse di gakgamatsang le fa e ne e lebane le mathata a go onala, kganetso e e setlhogo le go fetolwa ga molaetsa wa yone? Ke eng se se dirang gore buka eno e nne botlhokwa?

“Jaanong ke tlhomamisegile gore Baebele e ke nang le yone ke mpho e e tswang kwa Modimong”

Baithuti ba le bantsi ba Baebele ba dumalana le se moaposetoloi Paulo a se kwadileng: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Ba dumela gore Baebele e falotse ka gonne ke Lefoko la Modimo le ka gonne Modimo o e sireleditse go fitlha gompieno. Faizal yo o umakilweng kwa tshimologong ya ditlhogo tseno o ne a swetsa ka gore a ithute Baebele go bona gore a se se neng se buiwa ka yone se boammaaruri. Se a se fitlheletseng se ne sa mo gakgamatsa. Ka bonako fela o ne a lemoga gore Baebele ga e na dithuto tse dintsi tse di anameng mo madumeding a mantsi a a ipitsang a Bokeresete. Mo godimo ga moo, o ne a kgatlhiwa ke se Modimo a se ikaeletseng ka lefatshe jaaka go tlhalosiwa mo Lefokong la Gagwe.

A re: “Jaanong ke tlhomamisegile gore Baebele e ke nang le yone ke mpho e e tswang kwa Modimong. Tota e bile, fa Modimo a kgona go dira lobopo, a a ka se nne le maatla a go re naya buka le go re e bolokela? Go bua se se farologaneng le seo e tla bo e le go lekanyetsa maatla a Modimo. Tota nna ke mang go go lekanyetsa maatla a Mothatayotlhe?”—Isaia 40:8.

^ ser. 3 Bona setlhogo se se reng “O ka Tlhopha Jang Thanolo e e Botoka ya Baebele?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 1, 2008.