Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Ke Paletswe Makgetlo a le Mantsi Pele ke Atlega

Ke Paletswe Makgetlo a le Mantsi Pele ke Atlega
  • O TSHOTSWE KA: 1953

  • O TSHOLETSWE KWA: AUSTRALIA

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A TSHWAKGOTSWE KE DITSHWANTSHO TSA THOBALANO

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ka 1949, rre o ne a fudugela mo Australia a tswa kwa Jeremane. O ne a tlile go batla tiro kwa meepong le kwa madirelong a motlakase a bo a nna mo magaeng a Victoria. Fa a le koo, o ne a nyala mmè mme ka tsholwa ka 1953.

Dingwaga di le mmalwa moragonyana, mmè o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ka jalo dithuto tsa Baebele di ne tsa nwelelela mo mogopolong wa me fa ke sa le monnye. Le fa go ntse jalo, rre o ne a sa rate bodumedi bope. O ne a simolola go nna dikgoka le go boifisa e bile mmè o ne a mo tshaba. Mmè o ne a tswelela a ithuta Baebele mo sephiring a bo a simolola go rata se e se rutang. Fa Papa a seyo, o ne a tlotlela nna le kgaitsadiake yo mmotlana se a se ithutileng. O ne a re bolelela ka lefatshe la paradaise le le tlang le kafa re ka itumelang ka gone fa re tshela ka melao ya Baebele ya boitsholo.—Pesalema 37:10, 29; Isaia 48:17.

Fa ke le dingwaga di le 18, ke ne ka patelesega go tswa mo lapeng ka gonne Papa a le dikgoka. Le fa ke ne ke dumela dilo tse di tswang mo Baebeleng tse Mama a neng a di nthutile, ke ne ke sa di tseye di le botlhokwa. Ka jalo, ga ke a ka ka di dirisa. Ke ne ka simolola go nna ramotlakase kwa meepong ya magala. Fa ke le dingwaga di le 20, ke ne ka nyala. Dingwaga di le tharo moragonyana, re ne ra nna le ngwana wa mosetsana mme ka simolola go akanya thata ka gore ke eng se se botlhokwa mo botshelong jwa me. Ke ne ke itse gore Baebele e tla thusa lelapa la rona, ka jalo ka simolola go ithuta Baebele le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mme mosadi wa me o ne a sa rate Basupi. Fa ke sena go ya kwa pokanong nngwe ya bone, o ne a re ke itlhophele gore a ke tlogela go ithuta Baebele kgotsa ke tswa mo lapeng. O ne a mphekeetsa, ka jalo ka ineela mme ka tlogela go ikgolaganya le Basupi. Moragonyana ke ne ka ikwatlhaela go bo ke paletswe ke go dira se ke neng ke itse gore se siame.

Letsatsi lengwe badirikanna ba ne ba mpontsha ditshwantsho tsa thobalano. Di ne di kgatlha gape di ferosa sebete e bile di ne di dira gore ke ikutlwe ke le molato thata. E re ka ke ne ke gopola se ke se ithutileng mo Baebeleng, ke ne ke akanya gore Modimo o tlile go nkotlhaya. Mme fa ke ntse ke leba ditshwantsho tseo tse di leswe gangwe le gape, tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone ka ditshwantsho tsa thobalano e ne ya fetoga. Fa nako e ntse e ya, di ne tsa ntshwakgola.

Mo dingwageng di le 20 tse di neng tsa latela, ka bonya ka bonya ke ne ka tlogela go tshela ka melao e e siameng ya boitsholo e mmè a neng a e nthutile. Boitsholo jwa me bo ne bo bontsha gore ke akanya ka eng. Ke ne ke rogana e bile ke rata metlae ya boitsholo jo bo sa siamang. Ke ne ka simolola go leba thobalano ka tsela e e sa siamang. Le fa gone ke ne ke sa ntse ke nna le mosadi wa me, ke ne ke ratana le basadi ba bangwe. Letsatsi lengwe ke ne ka iteba mo seiponeng ke bo ke re, ‘Ke go tlhoile!’ Ke ne ke sa tlhole ke itlotla.

Lenyalo la me le ne la thubega mme botshelo jwa me jwa tlhakatlhakana. Ke ne ka rapela Jehofa ka pelo yotlhe mme ka simolola go ithuta Baebele gape morago ga dingwaga di le 20. Ka nako eo, rre o ne a tlhokafetse e bile mmè o ne a kolobeditswe go nna Mosupi wa ga Jehofa.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Tsela e ke neng ke tshela ka yone e ne e farologane thata le tsela e Baebele e batlang re tshela ka yone. Mme jaanong ke ne ke ikemiseditse go nna le kagiso ya mogopolo e Baebele e e solofetsang. Ke ne ka simolola go bua puo e e phepa le go laola bogale. Gape ke ne ka tlogela boitsholo jo bo sa siamang, go betšha, botagwa le go utswela mothapi wa me.

Ditsala tsa me tsa kwa tirong di ne di sa tlhaloganye gore goreng ke batla go dira diphetogo tse dikgolo jaana. Ba ne ba fetsa dingwaga di le tharo ba ntlhotlheletsa gore ke boele kwa mekgweng ya me ya pele. Fa ke ne ke dira phoso le fa e le nnye, jaaka go phatloga ka bogale kgotsa go rogana, ba ne ba goa ka boitumelo ba re: “Aha! Yo ke Joe yo re mo itseng.” Ruri mafoko ao a ne a nkutlwisa botlhoko! Gantsi ke ne ke ikutlwa ke paletswe.

Kwa tirong, go ne go tletse ditshwantsho tsa thobalano mo didirisiweng tsa ileketeroniki le mo dibukeng. Badirimmogo le nna ba ne ba itlwaeditse go anamisa ditshwantsho tse di leswe ka dikhomputara e leng se le nna nkileng ka se dira. Ke ne ke leka go tlogela go leba ditshwantsho tsa thobalano mme ba ne ba ikemiseditse go dira gore ke se ka ka atlega. Ke ne ka kopa motho yo o neng a nthuta Baebele gore a nthuse le go nkgothatsa. O ne a ntheetsa a le pelotelele fa ke mmulela mafatlha. O ne a dirisa ditemana tsa Baebele tse di maleba go mpontsha gore nka fenya jang mokgwa oo a bo a nkgothaletsa go nna ke kopa Jehofa ka thapelo gore a nthuse.—Pesalema 119:37.

Letsatsi lengwe ke ne ka rulaganya kopano le badirikanna. Fa ba sena go kokoana, ke ne ka ba laela gore ba tseye bojalwa mme ba bo neye banna bangwe ba babedi ba re neng re itse gore ba tshwakgotswe ke bojalwa. Ba ne ba goa jaana ba gana: “O ka se dire jalo! Banna bano ba tshwakgotswe ke bojalwa!” Ke ne ka re: “Le nna ke tshwakgotswe ke ditshwantsho tsa thobalano.” Go tloga ka nako eo, banna bao ba ne ba lemoga gore ke lwela go tlogela go leba ditshwantsho tsa thobalano mme ga ba a ka ba tlhola ba mpateletsa go boela kwa mekgweng ya me ya pele.

Fa nako e ntse e tsamaya e bile ke ntse ke thusiwa ke Jehofa, ke ne ka kgona go tlogela go leba ditshwantsho tsa thobalano. Ka 1999, ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke itumeletse gore ke neilwe tshono e nngwe ya gore ke tshele botshelo jo bo nang le seriti le jo bo itumedisang.

Jaanong ke a tlhaloganya gore goreng Jehofa a tlhoile dilo tse ke neng ke di rata ka lobaka lo loleele. E re ka e le Rre yo o lorato, o ne a batla go ntshireletsa mo diphelelong tse di botlhoko tsa go leba ditshwantsho tsa thobalano. Ruri mafoko a a mo go Diane 3:5, 6 a boammaaruri! A re: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” Melao ya Baebele e a re sireletsa, gape e re thusa go atlega.—Pesalema 1:1-3.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Mo nakong e e fetileng ke ne ke sa itlotle mme jaanong ke a itlotla e bile ke na le kagiso ya mogopolo. Ke tshela botshelo jo bo phepa e bile ke lemoga gore Jehofa o intshwaretse le go nkema nokeng. Ka 2000, ke ne ka nyala Karolin, kgaitsadi yo montle wa Mokeresete yo o ratang Jehofa thata fela jaaka nna. Go rena kagiso mo lelapeng la rona. Re itumelela go nna bangwe ba bakaulengwe ba ba phepa le ba ba lorato mo lefatsheng lotlhe.