Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Banyalani ba ba dirisanang mmogo ba tshwana le bakgweetsi ba sefofane

BANYALANI

2: Go Dirisana Mmogo

2: Go Dirisana Mmogo

GO KAYA ENG?

Banyalani ba ba dirisanang mmogo ba tshwana le bakgweetsi ba sefofane. Fa go na le mathata, ba leka go dirisana mmogo go a rarabolola.

BAEBELE YA RE: “Ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe.”—Mathaio 19:6.

“Lenyalo ke kgetsi ya tsie, le kgona ka go tshwaraganelwa. Monna le mosadi ba tshwanetse go dirisana mmogo gore lenyalo la bone le kgone go atlega.”—Christopher.

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Fa go na le bothata, monna le mosadi ba ba sa dirisaneng sentle ba supana ka menwana go na le go rarabolola bothata joo. Seo se feleletsa se dirile gore ba se ka ba utlwana.

“Tirisanommogo e botlhokwa thata mo lenyalong. Fa nna le monna wa me re ne re sa dirisane mmogo, re ka bo re tshwana le batho ba babedi ba ba nnang mo ntlong e le nngwe mme mongwe le mongwe a itshelela botshelo jwa gagwe. Mme seo se ne se tla dira gore re se ka ra dumalana fa re tlhoka go dira ditshwetso tsa botlhokwa.”—Alexandra.

SE O KA SE DIRANG

ITLHATLHOBE

  • A ke na le boikutlo jwa gore madi a ke a berekelang “ke a me fela”?

  • A ke a itumela fa monna kgotsa mosadi wa me a seyo?

  • A ke leka go mo kgaoganya le batho ba kwa gabone le fa ke ntse ke itse gore o a ba rata?

DIPOTSO TSE LO KA TLOTLANG KA TSONE

  • Ke mo maemong afe re dirisanang mmogo sentle?

  • Ke kae mo re ka tokafatsang gone?

  • Ke eng se re ka se dirang go tokafatsa tsela e re dirisanang ka yone?

DIKAKANTSHO

  • Go na le go nna kgatlhanong le monna kgotsa mosadi wa gago, dirisanang mmogo mo go sengwe le sengwe.

  • Go na le go leka go rarabolola bothata o le nosi, lekang go bo rarabolola mmogo.

“Ga go re sepe gore ke mang yo o phoso, selo sa botlhokwa ke gore lo tshedisane ka kagiso le go itumelela lenyalo la lona.”—Ethan.

BAEBELE YA RE: “Lo tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.”—Bafilipi 2:3, 4.