Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO THUSA LELAPA | LENYALO

Ditsela Tsa go Bontshana Tlotlo

Ditsela Tsa go Bontshana Tlotlo

KGWETLHO

Monna a re: “Fa re sena go nyalana, nna le mosadi wa me re ne re sa dumalane fa go tla mo kgannyeng ya go bontsha tlotlo. Ga se gore tsela e re neng re leba dilo ka yone e ne e le phoso, ke fela gore e ne e sa tshwane. Gantsi ke ne ke tle ke akanye gore mosadi wa me o ne a tshwanetse go bontsha tlotlo mo tseleng e a buang le nna ka yone.”

Mosadi a re: “Ke goletse mo lelapeng le mo go lone re neng re buela kwa godimo e bile re tsena ba bangwe ganong fa ba bua. Re ne re sa tseye seo e le go tlhoka tlotlo. Mme monna wa me ene o godisitswe ka tsela e e farologaneng thata le e ke godileng ka yone.”

Go bontsha tlotlo mo lenyalong ga se selo se se tshwanetseng go dirwa sewelo; ke karolo ya botlhokwa thata ya lenyalo. O ka bontsha jang gore o tlotla molekane wa gago?

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Banna ba tlhoka go bontshiwa tlotlo. Baebele e laela banna jaana: “A mongwe le mongwe wa lona . . . a rate mosadi wa gagwe . . . jaaka a ithata.” Gape e bo e re: “Mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” (Baefeso 5:33) Le fa banyalani ba tlhoka go ratana le go tlotlana, banna ba itumela thata fa ba bontshiwa tlotlo. Monna mongwe yo o bidiwang Carlos * a re: “Banna ba rata go akanya gore ba kgona go emelana le boemo bope fela, go rarabolola mathata le go tlhokomela ba malapa a bone.” Fa mosadi a tshepa monna wa gagwe gore o kgona go dira dilo tseno, seo se dira gore boobabedi ba solegelwe molemo. Mosadi mongwe yo o bidiwang Corrine a re: “Monna wa me o nthata le go feta fa ke mo tlotla.”

Basadi le bone ba tlhoka go tlotlwa. Seno se a utlwala ka gonne monna a ka se rate mosadi yo a sa mo tlotleng. Daniel a re: “Ke tshwanetse go tlotla dikakantsho tsa mosadi wa me. Gape ke tlhoka go tlotla maikutlo a gagwe. Ga ke a tshwanela go itlhokomolosa maikutlo a gagwe fela ka gonne ke sa tlhaloganye lebaka la go bo a ikutlwa ka tsela e e rileng.”

A molekane wa gago o akanya gore o a mo tlotla? Ga se kgang ya gore wena o tsaya gore o tlotla molekane wa gago, go na le moo, kgang ke gore a ene o ikutlwa a tlotliwa. Eno ke ntlha e mosadi yo re buileng ka ene kwa tshimologong ya setlhogo seno a ithutileng yone. “Fa monna wa me a ne a tsaya gore ga ke mo tlotle tota le fa nna ke ne ke akanya gore ke a mo tlotla, ke nna ke neng ke tlhoka go fetoga.”

SE O KA SE DIRANG

  • Kwala dilo di le tharo tse o di ratang ka molekane wa gago. Dirisa dilo tseo go go thusa go mmontsha tlotlo.

  • Mo bekeng e e latelang, ela tlhoko tsela e wena (e seng e molekane wa gago) o itshwarang ka yone mo dintlheng tseno tse di latelang.

Se o se buang. Patlisiso nngwe e e ileng ya dirwa e fitlhetse gore “banyalani ba ba itumetseng ke ba fa e reng ba na le dikgotlhang ba bo ba bua selo se le sengwe fela se ba sa se rateng ka balekane ba bone mo godimo ga tse nnè tse ba di ratang ka bone. Mme banyalani ba ba tlileng go tlhalana bone ba bua thata ka dilo tse ba sa di rateng ka balekane ba bone go na le go bua thata ka tse ba di ratang ka bone.” *Molaomotheo wa Baebele: Diane 12:18.

Ipotse jaana: ‘A ke bontsha molekane wa me tlotlo fa ke bua le ene? A gantsi ke mo tshwayatshwaya diphoso go na le go mo akgola? Ke bua jang le ene fa ke lemogile selo se ke sa se rateng?’ A molekane wa gago o tla dumalana le wena mo dintlheng tseno?—Molaomotheo wa Baebele: Bakolosa 3:13.

Leka seno: Ipeele mokgele wa go akgola molekane wa gago gangwe ka letsatsi. Kakantsho: Akanya ka dilo tse o di kwadileng fa godimo tse o neng o re o di rata ka ene. Itlwaetse go bolelela molekane wa gago dilo tse o di ratang ka ene.—Molaomotheo wa Baebele: 1 Bakorintha 8:1.

Se o se dirang. Mosadi mongwe yo o bidiwang Alicia a re: “Ke fetsa nako e ntsi ke dira ditiro tsa mo ntlong mme fa monna wa me a sa latlhele dilo fela kgotsa a tlhatswa dijana tse a jetseng mo go tsone, o mpontsha gore o a ntlotla le gore o anaanela matsapa a me mme seo se dira gore ke ikutlwe ke le botlhokwa.”

Ipotse jaana: ‘A tsela e ke dirisanang le molekane wa me ka yone e bontsha gore ke a mo tlotla? A ke fetsa nako e ntsi ke na le molekane wa me le go mo reetsa?’ A molekane wa gago o tla dumalana le wena mo dintlheng tseno?

Leka seno: Kwala ditsela di le tharo tse o ka ratang go bontshiwa tlotlo mo go tsone. Kopa molekane wa gago gore le ene a dire jalo. Go tswa foo, mo neye se o se kwadileng mme le ene a dire jalo gore lo bone gore lo ka dira eng go bontshana tlotlo mo dintlheng tseo. Tlhoma mogopolo mo go se wena o tlhokang go se dira go mmontsha tlotlo. Fa yo mongwe a bontsha tlotlo, yo mongwe le ene o tla tlhotlheletsega go dira jalo.

^ ser. 8 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 14 Go tswa mo bukeng ya Ten Lessons to Transform Your Marriage.