Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Go ne go dirisiwa mofuta ofe wa pene le enke mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele?

Dipene tsa lotlhaka tsa kwa Egepeto mo e ka nnang ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.

Kwa bofelong jwa lekwalo la boraro la ga moaposetoloi Johane le le mo Baebeleng, o ne a re: “Ke ne ke na le dilo di le dintsi go di go kwalela, le fa go ntse jalo ga ke batle go nna ke go kwalela ka enke le pene.” Thanolo e e tserweng fela jaaka e ntse ya mafoko a Segerika a Johane a a dirisitseng e bontsha gore Johane o ne a sa batle go tswelela a kwala ka “[enke] e ntsho le lotlhaka.”—3 Johane 13, The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures.

Pene ya mokwadi e ne e le phatsana ya lotlhaka lo lo thata. E ne e segiwa bokima kwa godimo mme kwa tlase e bo e nna motswi. Mokwadi o ne a kgona go lootsa motswi wa yone ka letlapana le le gotlhang. Lotlhaka lono lo ne lo tshwana e bile lo dirisiwa jaaka fountain pen (pene e e tsenngwang mo enkeng) ya mo motlheng wa rona e e nang le ntlha ya tshipi.

Bontsi jwa dienke kgotsa “bontsho,” e ne e le motswako wa mosidi le boreku jo e keteng rabara, o o neng e dirisiwa e le sekgomaretsi. Enke eno e ne e rekisiwa e omeletse mme e ne e tshwanetse go tlhakanngwa le metsi pele gore e nne motswako o o siametseng go ka dirisiwa. Fa go kwalwa, enke eo e ne e oma ka boyone mo godimo ga papirase kgotsa letlalo le go neng go kwalelwa mo go lone mme e ne e sa nwelelele. Ka jalo, mokwadi o ne a ka kgona go baakanya diphoso dipe fela motlhofo a dirisa sepontšhe se se metsi, se le sone e neng e le nngwe ya didirisiwa tse mokwadi a neng a tlwaetse go di dirisa. Tshedimosetso eno e e malebana le enke ya bogologolo e bontsha se bakwadi ba Baebele ba neng ba ka tswa ba akantse ka sone fa ba ne ba bua ka go phimolwa ga maina mo bukeng ya Modimo ya kgakologelo.—Ekesodo 32:32, 33; Tshenolo 3:5, Kingdom Interlinear.

Moaposetoloi Paulo o ne a dira megope ya mefuta efe?

Didirisiwa tsa go roka tsa lekgolo la ntlha la dingwaga kgotsa la bobedi C.E.

Ditiro 18:3 ya re tiro ya ga moaposetoloi Paulo e ne e le go dira megope. Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, batho ba ba neng ba dira megope ba ne ba loga boboa jwa kamela kgotsa jwa podi go dira dikarolwana tsa letsela. Go tswa foo, ba ne ba rokaganya dikarolwana tseo mmogo go direla batsamai megope. Le fa go ntse jalo, megope e le mentsi e e neng e dirwa mo motlheng oo e ne e dirwa ka letlalo. Megope e mengwe e ne e dirwa ka leloba le le neng le dirwa kwa motseng wa gaabo Paulo wa Tareso. Paulo a ka tswa a ne a dirisa nngwe ya didirisiwa tseno kgotsa a di dirisa tsotlhe. Fa Paulo a ntse a bereka le Akhwila a ka tswa a ile a dira dithibaletsatsi tsa leloba tse di neng di dirisediwa go khurumetsa mathudi a matlo.

Paulo a ka tswa a ile a ithuta tiro eno fa a sa ntse a le mosha. Bosupi jo bo tswang mo dipapiraseng tsa kwa Egepeto bo bontsha gore ka nako ya puso ya Roma batho ba ba neng ba ithutela tiro kwa Egepeto ba ne ba simolola go ithuta tiro eno ba na le dingwaga di ka nna 13. Fa e le gore Paulo o ne a le mo dingwageng tseo fa a simolola tiro ya gagwe, seo se raya gore fa a ne a le dingwaga di le 15 kgotsa 16 a ka tswa a ne a setse a na le botswerere jwa go sega letsela ka bogolo jo bo tshwanetseng le go le roka a dirisa dithoko le mekgwa e e farologaneng ya go roka. Buka ya The Social Context of Paul’s Ministry ya re: “Fa Paulo a fetsa go ithuta tiro eno, a ka tswa a ile a fiwa dithulusu.” Yone buka eo ya re: “Dithipa le dithoko tse di neng di tlhokega di ka tswa di ne di dira gore tiro ya go dira megope e nne motlhofo,” e leng tiro e Paulo a neng a kgona go e itshedisa ka yone e re ka e ne e le morongwa yo o etang.