Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Potso 2: Go Tla Direga Eng ka Nna fa ke Swa?

Potso 2: Go Tla Direga Eng ka Nna fa ke Swa?

ROMAN e ne e sa ntse e le mosimanyana fa tsala ya gagwe e kgolo e ne e bolawa ke kotsi ya koloi. A re: “Loso lwa tsala ya me lo ne lwa nkama thata. Dingwaga di le dintsi morago ga kotsi eo, ke ne ke ipotsa gore go direga eng ka rona fa re swa.”

Ke eng fa go tlwaelegile go botsa potso eno?

Go swa ga batho go bonala e le selo se se sa tlwaelegeng. Go sa kgathalesege gore re na le dingwaga di le kae, gantsi ga re batle go swa. Batho ba le bantsi ba boifa se se tla diregang morago ga loso.

Bangwe ba araba potso eo jang?

Batho ba le bantsi ba dumela gore fa motho a swa go na le sengwe se se tswelelang se tshela. Ba dumela gore batho ba ba siameng ba tla duelwa ka go ya legodimong, fa ba ba sa siamang bone ba tla otlhaelwa maleo a bone ka bosakhutleng. Batho ba bangwe ba akanya gore fa motho a swa ga a tlhole a le teng mme kgabagare a bo a lebalwa gotlhelele.

Dikarabo tseo di kaya eng?

Karabo ya ntlha e bontsha gore fa motho a swa ga se gore o a bo a sule. Ya bobedi e kaya gore botshelo ga bo na bokao. Batho ba ba akanyang gore botshelo ga bo na bokao ba ka nna le boikutlo jo bo kotsi jono: “A re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.”—1 Bakorintha 15:32.

Baebele e ruta eng?

Baebele ga e rute gore fa motho a swa go na le sengwe se se tswelelang se tshela. Modimo o ne a tlhotlheletsa Kgosi Solomone go kwala jaana: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Batho ba ba sa ‘itseng sepe gotlhelele’ ga ba itse se se diragalang. Ga ba kgone go utlwa kgotsa go dira sepe. Ka jalo, baswi ba ka se kgone go thusa batshedi kgotsa go ba utlwisa botlhoko.

Go farologana le se batho ba le bantsi ba se dumelang, e ne e se boikaelelo jwa Modimo gore batho ba swe. O ne a bopa motho wa ntlha e bong Adame, a na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Lekgetlho la ntlha le Modimo a ileng a umaka loso ka lone, e ne e le fa a ne a bolelela Adame ka kotlhao ya go tlhoka kutlo. O ne a iletsa Adame go ja leungo la setlhare se se rileng mme a mo tlhagisa gore fa a ka le ja ‘ruri o ne a tla swa.’ (Genesise 2:17) Fa Adame le Efa ba ka bo ba ile ba nna kutlo, bone le bana ba bone botlhe ba ba neng ba ikanyega mo Modimong ba ka bo ba ile ba tshelela ruri mo lefatsheng.

Adame o ne a tlhopha go itlhokomolosa tlhagiso ya Modimo. O ne a leofa ka ntlha ya go se ikobele Modimo, mme o ne a swa. (Baroma 6:23) Ga go na sepe se se ileng sa tswelela se tshela fa Adame a swa. Go na le moo, fa Adame a sena go swa, o ne a sa tlhole a le gone. Modimo o ne a raya Adame a re: “O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlha o boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) E re ka batho botlhe ba tswa mo go Adame, re ruile boleo le loso go tswa mo go ene.—Baroma 5:12.

Le fa Adame a ile a tlhopha go se ikobele Modimo, Modimo o sa ntse a tla diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa go dira gore lefatshe le tlale ka bana ba ga Adame. (Genesise 1:28; Isaia 55:11) Go ise go ye kae, Jehofa o tla tsosa bontsi jwa batho ba ba suleng. Fa moaposetoloi Paulo a bua ka nako eo, o ne a re: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Ditiro 24:15.

Roman yo o umakilweng pelenyana, o ne a ithuta Baebele mme a utlwa gore e ruta eng ka loso le ka ga Jehofa Modimo. Se a se ithutileng se ile sa mo ama thata. Bala pego ya gagwe mo setlhogong se se reng “Baebele e Fetola Matshelo a Batho”.