Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE KA FA NTLE: A MODIMO O SETLHOGO?

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba re Modimo o Setlhogo?

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba re Modimo o Setlhogo?

A POTSO e e mo tsebeng e e ka fa ntle ya makasine ono e a go gakgamatsa? Bangwe ba akanya jalo, mme batho ba le bantsi gompieno ba ipotsa gore a Modimo o setlhogo—kgotsa ba akanya gore o setlhogo. Ka ntlha yang?

Bangwe ba ba falolang masetlapelo a tlholego ba botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela dilo tseno go direga? A ga a amege? Kgotsa a o setlhogo?”

Ba bangwe le bone ba ipotsa dipotso tseo fa ba bala Baebele. Fa ba bala dipego tse di buang ka ga Noa le Morwalela, ba ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa Modimo yo o lorato a ile a fedisa batho bao? A o setlhogo?’

A o a tle o ipotse dipotso tseo ka dinako dingwe? Kgotsa a o iphitlhela o sa kgone go araba batho ba ba ipotsang gore a Modimo o setlhogo? Go sa kgathalasege gore motho o akanya eng, ela tlhoko potso e nngwe e e ka thusang.

KE KA NTLHA YANG FA RE TLHOILE BOSETLHOGO?

Re ka nna ra re, re tlhoile bosetlhogo ka gonne re itse se se siameng le se se sa siamang. Ka tsela eo re farologana thata le diphologolo. Mmopi wa rona o re dirile “mo setshwanong sa gagwe.” (Genesise 1:27) Seo se kaya eng? O re file bokgoni jwa go bontsha dinonofo tsa gagwe le go tshela ka melao ya boitsholo e e siameng, le go itse se se siameng le se se sa siamang. Ela tlhoko seno: Fa e le gore Modimo ke ene a dirileng gore re itse se se siameng le se se sa siamang e bile re tlhoile bosetlhogo, a seo ga se bontshe gore Modimo le ene o bo tlhoile?

Baebele e bontsha gore Modimo o tlhoile bosetlhogo go feta rona, ka gonne Modimo o re tlhomamisetsa jaana mo Baebeleng: “Ditsela tsa me di kwa godimo ga ditsela tsa lona, le dikakanyo tsa me di kwa godimo ga dikakanyo tsa lona.” (Isaia 55:9) Fa re ne re ka re Modimo o setlhogo, a re tla bo re sa bue se se farologaneng le se Baebele e se buang—re re ditsela tsa rona di kwa godimo ga tsa gagwe? Tota go ka nna botlhale gore re sekaseke mabaka pele ga re ka bua jalo. Gongwe re tshwanetse go ipotsa gore ke ka ntlha yang fa ditiro dingwe tsa Modimo di lebega di le setlhogo e seng gore a ene o setlhogo. Go re thusa go tlhaloganya, mma re sekaseke gore tota lefoko “setlhogo” le kaya eng.

Fa re re motho o setlhogo, re belaela maitlhomo a gagwe. Motho yo o setlhogo ke yo o itumelelang go bona ba bangwe ba boga kgotsa yo o sa amegeng fa ba na le mathata. Ka jalo, rre yo o otlhayang morwawe ka go bo a itumelela go mo utlwisa botlhoko o setlhogo. Mme rre yo o otlhayang morwawe ka go bo a batla go mo ruta kgotsa go mo sireletsa o siame. E re ka gantsi re sa itse gore ke ka ntlha yang fa batho ba dira dilo ka tsela e e rileng, go motlhofo gore re se ka ra tlhaloganya maitlhomo a bone.

Mma re sekaseke mabaka a mabedi a go bo bangwe ba akanya gore Modimo o setlhogo—masetlapelo a tlholego a re a bonang gompieno le dikatlholo tsa Modimo tse re balang ka tsone mo Baebeleng. A tota mabaka a bontsha gore Modimo o setlhogo?