Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Masetlapelo a Tlholego—Ke Bosupi Jwa Gore Modimo o Setlhogo?

A Masetlapelo a Tlholego—Ke Bosupi Jwa Gore Modimo o Setlhogo?

SE BATHO BANGWE BA SE BUANG: “Modimo o laola lefatshe, ka jalo ke ene a bakang masetlapelo a tlholego; ka gone, o tshwanetse a bo le setlhogo.”

SE BAEBELE E SE BUANG: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) “Yo o boikepo” ke mang? Baebele e mo tlhalosa e le Satane. (Mathaio 13:19; Mareko 4:15) A ke sengwe se se sa utlwaleng? Akanya ka seno: Fa e le gore Satane o laola lefatshe, go raya gore o tlhotlheletsa batho gore ba nne pelotshetlha, bogagapa le gore ba se ka ba kgona go bona se se siameng le se se sa siamang. A seo ga se kitla se thusa go tlhalosa lebaka la go bo batho ba palelwa ke go tlhokomela lefelo le ba nnang mo go lone? Bomankge ba le bantsi ba tlhagisa gore fa batho ba sa tlhokomele lefelo le ba nnang mo go lone, seo se dira gore go nne le masetlapelo a tlholego, go dira gore a oketsege kgotsa a tlhasele batho.

Ka jalo, ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse Satane go nna le tlhotlheletso e ntsi jaana? Re ka bona karabo mo hisitoring ya batho, ka nako ya fa batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba tsuologela Modimo yo e leng Mmusi. Fa e sa le ka nako eo, bontsi jwa batho ba latetse sekao sa bone. Tshwetso eo—ya go gana bolaodi jwa Modimo—e dirile gore batho ba laolwe ke mmaba wa Modimo, Satane. Ka ntlha ya seo Jesu o ne a re Satane ke “mmusi wa lefatshe.” (Johane 14:30) A Satane o tla busa lefatshe go ya go ile? Nnyaa!

Jehofa * ga a itlhokomolose pogo e e bakiwang ke Satane. Tota e bile, Modimo o amega thata fa batho ba boga. Ka sekai, malebana le dinako tse di thata tse di ileng tsa wela setšhaba sa Iseraele, Baebele e bolela jaana ka Modimo: “Mo matshwenyegong otlhe a bone, go ne go mo tshwenya thata.” (Isaia 63:9) Ka ntlha ya kutlwelobotlhoko, Modimo o rulagantse go fedisa puso e e setlhogo ya ga Satane—ka bonako! O tlhomile Morwawe, Jesu Keresete go nna Kgosi e e tshiamiso le e e siameng ka bosakhutleng.

KAFA O AMEGANG KA TENG: Le fa puso ya ga Satane e paletswe ke go sireletsa batho mo masetlapelong a tlholego, puso ya ga Jesu e tla dira jalo. Ka lekgetlho lengwe Jesu o ne a tsaya kgato go sireletsa barutwa ba gagwe ka nako ya sefefo se se bogale. Pego ya Baebele ya re: “A . . . kgalema phefo mme a raya lewatle a re: ‘Kgaotsa! Didimala!’ Mme phefo ya kokobela, ga ba ga nna le tshisibalo e kgolo.” Barutwa ba ne ba re: “Tota yone ke mang, ka gonne le e leng phefo le lewatle di a mo utlwa?” (Mareko 4:37-41) Tiragalo eo e re tlhomamisetsa gore Jesu o tla sireletsa batho botlhe ba ba kutlo ka nako ya fa a busa e le Kgosi.—Daniele 7:13, 14.

^ ser. 5 Jehofa ke leina la Modimo le le tlhalosiwang mo Baebeleng.