Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ka Ikanya Bodumedi Malebana le Ntwa?

A o Ka Ikanya Bodumedi Malebana le Ntwa?

Alberto e ne e le lesole mo e ka nnang dingwaga di le lesome. O gakologelwa jaana: “Moruti wa rona wa sesole o ne a re segofatsa, a bo a re, ‘Modimo o na le lona.’ Ke ne ka ipotsa gore, E re ka Baebele e re “o se ka wa bolaya,” ‘a ke ile go bolaya?’”

Ray o ne a le mo sesoleng sa lewatle ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya II. Ka lekgetlho lengwe o kile a botsa moruti wa sesole a re: “O tlile mo sekepeng go tla go rapelela masole le gore re fenye. A baba ba rona le bone ga ba dire jalo?” Moruti o ne a re Morena o bereka ka ditsela tse di gakgamatsang.

Fa e le gore karabo eo ga e go kgotsofatse, ga se wena fela.

BAEBELE E RUTA ENG?

Jesu o ne a re taelo e kgolo go di feta tsotlhe mo ditaelong tsa Modimo ke e e reng “o rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mareko 12:31) A Jesu o ne a re re rate baagelani ba rona fela go ikaegile ka gore ba nna kae kgotsa ke ba lotso lofe? Nnyaa. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:34, 35) Tsela e ba ratanang ka yone e ne e tla nna e e sa tlwaelegang mo e leng gore e ne e tla nna lotshwao lo lo bontshang gore ke barutwa ba gagwe. Ba ne ba tla ntsha matshelo a bone go na le gore ba bolaye ba bangwe.

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tshela go ya ka mafoko a ga Jesu. The Encyclopedia of Religion ya re: “Borara ba kereke, go akaretsa Tertullian le Origen, ba ile ba tlhomamisa gore Bakeresete ba ne ba sa letlelelwa go bolaya batho ba bangwe, e leng molaomotheo o o ba thibelang go nna le seabe mo sesoleng sa Roma.”

BASUPI BA GA JEHOFA BA DIRA JANG MO NTLHENG ENO?

E re ka Basupi ba ga Jehofa ba nna mo nageng nngwe le nngwe, ba iphitlhela ba le mo matlhakoreng oomabedi a ntwa e e fa gare ga ditšhaba. Le fa go ntse jalo, ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go boloka lotshwao lwa bone lwa lorato.

A baeteledipele ba bodumedi ba rutile batho ka lorato lwa boammaaruri lwa Bokeresete?

Ka sekai, ka ntwa e e neng e le fa gare ga Bahutu le Batutsi kwa Rwanda ka 1994, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nna ba sa tseye letlhakore gotlhelele. Basupi ba morafe o mongwe ba ne ba sireletsa Basupi ba morafe o mongwe, gantsi ba dira jalo ka go tsenya matshelo a bone mo kotsing e kgolo. Fa Basupi ba babedi ba Bahutu ba ba neng ba sireleditse bakaulengwe ba bone ba Batutsi ba ne ba tshwarwa, setlhopha sa sesole sa Bahutu sa Interahamwe se ne sa re: “Lo tshwanetse go swa ka gonne lo ile lwa thusa Batutsi go falola.” Ka maswabi, Basupi bao ba Bahutu ba ne ba bolawa ka bobedi.—Johane 15:13.

O akanya eng: A se Basupi ba ga Jehofa ba se dirileng se tsamaisana le mafoko a ga Jesu a a malebana le lorato lwa go intsha setlhabelo?