Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 PUISANO LE MOAGELANI

A Modimo o a Amega fa re Boga?

A Modimo o a Amega fa re Boga?

Motlotlo o o latelang ke o o tlwaelegileng o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ka nnang le one le moagelani. A re re Mosupi mongwe yo o bidiwang Katlego o etetse mosadi mongwe yo o bidiwang Goitsemang.

KE KA NTLHA YANG FA A LETLELETSE SENO GO DIREGA?

Katlego: Gompieno ke naya mongwe le mongwe pampitshana eno mo lefelong leno la lona. E na le setlhogo se se reng, A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? Ya gago ke eno.

Goitsemang: A e amana le bodumedi?

Katlego: Ee. Ela tlhoko dipotso tse thataro tse di mo go yone. Ke efe ya dipotso tseno—

Goitsemang: Mma ke go emise fela foo. O tla bo o itshenyetsa nako ka go bua le nna.

Katlego: Ke ka ntlha yang fa o rialo?

Goitsemang: Go bua boammaaruri, ga ke itse le gore a ke dumela mo Modimong.

Katlego: Waitse, ke itumelela go bo o mpolelela boammaaruri. A nka botsa, a ka metlha o ne o ikutlwa jalo?

Goitsemang: Nnyaa, ke godile ke tsena kereke. Mme ga ke bolo go tlogela go ya.

Katlego: Ke a utlwa. Mma ke go bolelele gore ke nna mang. Leina la me ke Katlego.

Goitsemang: Nna ke Goitsemang.

Katlego: Ke itumelela go go itse, Goitsemang.

Goitsemang: Le nna ke itumelela go go itse.

Katlego: Goitsemang, ga ke fano go go pateletsa go dumela se nna ke se dumelang. Mme nka rata go go botsa sengwe. A go na le sengwe se se rileng se se dirileng gore o belaele gore Modimo o teng?

Goitsemang: Ee. Mmè o ne a amega mo kotsing ya koloi dingwaga di le 17 tse di fetileng.

Katlego: Ke maswabi go utlwa seo. A o ne a gobala?

Goitsemang: Ee, o sa le a golafala fa e sa le ka nako eo.

Katlego: Seo se utlwisa botlhoko tota. O tshwanetse wa bo o ile wa utlwa botlhoko thata.

Goitsemang: Thata. Ke ka moo ke ipotsang gore, Fa e le gore Modimo o teng ke ka ntlha yang fa a letleletse seno go direga? Ke ka ntlha yang fa Modimo a dira gore re boge jaana?

A GO PHOSO GO BOTSA GORE KA NTLHA YANG?

Katlego: Tsela e o ikutlwang ka yone le dipotso tsa gago di a utlwala. Fa re boga, go tlwaelegile gore re ipotse gore ke ka ntlha yang. Tota e bile, banna le basadi bangwe ba ba ikanyegang ba motlha wa ditiragalo tsa Baebele ba ile ba ipotsa jalo!

Goitsemang: Ruri?

Katlego: Ee. A o ka se itumelele gore ke go bontshe sekai sengwe go tswa mo Baebeleng?

Goitsemang: Nka itumelela seo.

Katlego: Ela tlhoko se moporofeti yo o ikanyegang e bong Habakuke a ileng a se botsa Modimo, jaaka go kwadilwe mo go Habakuke kgaolo 1, temana 2 le 3: “Ao tlhe Jehofa, ke tla tshwanelwa ke go goa ke kopa thuso ka lobaka lo lo kae, mme o sa utlwe? Ke tla ikuela kwa go wena ka lobaka lo lo kae gore o thuse mo thubakanyong, mme o sa boloke? Ke ka ntlha yang fa o dira gore ke bone se se utlwisang botlhoko?” A dipotso tseno di tshwana le tse o ntseng o di ipotsa?

Goitsemang: Ee, di a tshwana.

Katlego: Modimo ga a ise a ko a kgalemelele Habakuke go bo a ile a botsa dipotso tseo, e bile ga a ise a ko a reye Habakuke a re o tlhoka fela go nna le tumelo e e oketsegileng.

Goitsemang: Seo se a kgatlha.

JEHOFA O TLHOILE POGO

Katlego: Baebele e ruta gore Modimo o a bona fa re boga e bile o a amega.

Goitsemang: O raya jang?

Katlego: Mma ke go bontshe sekai sengwe se se mo go Ekesodo 3:7. A o ka rata go bala temana eo?

 Goitsemang: Ke tla e bala. Ya re: “Mme Jehofa a oketsa a re: ‘Kwantle ga pelaelo ke bone pogisego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto, e bile ke utlwile selelo sa bone ka ntlha ya bao ba ba gatelelang go dira; ka gonne ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.’”

Katlego: Ke a leboga. Go ya ka temana eno, a Modimo o a bona fa batho ba gagwe ba boga?

Goitsemang: Ee, go bonala go ntse jalo.

Katlego: Mme ga a akanye fela gore go direga eng. Lebelela gape karolo ya bofelo ya temana eo. Modimo o ne a re: “Ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.” A mafoko ao a utlwala e le a Modimo yo o sa amegeng?

Goitsemang: Nnyaa, le e seng.

Katlego: Ee ke boammaaruri, Modimo ga a bone fela gore re a boga mme gape go mo utlwisa botlhoko.

Goitsemang: Ke boammaaruri.

Katlego: O ntse o akantse ka seno, a re bale ka sekai se sengwe sa fa batho ba Modimo ba ne ba boga. Se mo go Isaia 63:9. Karolo ya ntlha ya temana eo ya re: “Mo matshwenyegong otlhe a bone, go ne go mo tshwenya thata.” Ka jalo, a o ka re Modimo o ne a amilwe ke go boga ga batho ba gagwe?

Goitsemang: Ee, go utlwala jalo.

Katlego: Goitsemang, boammaaruri ke gore, Modimo o amega thata ka rona e bile ga a rate go bona re boga. Fa re utlwa botlhoko, le ene o utlwa botlhoko.

KE KA NTLHA YANG FA A TSERE NAKO GO TSAYA KGATO?

Katlego: Pele ke tsamaya, go na le ntlha e nngwe gape e ke ratang go go bolelela yone.

Goitsemang: Ga go na bothata.

Katlego: Ela tlhoko gore Baebele e re ruta eng ka maatla a Modimo. Temana e ke akantseng ka yone ke Jeremia 10:12. A o ka e bala?

Goitsemang: Go siame. Ya re: “Ke Modiri wa lefatshe ka maatla a gagwe, Yo o tlhomamisang ka thata naga e e ungwang ka botlhale jwa gagwe, le Yo o phuthulotseng magodimo ka tlhaloganyo ya gagwe.”

Katlego: Ke a leboga. A re akanye ka temana eno go se kae. A Modimo o ne a tlhoka maatla a magolo go bopa lobopo lo logolo lono le sengwe le sengwe se se mo go lone?

Goitsemang: Ee.

Katlego: Jaanong, fa e le gore Modimo o na le maatla a go bopa sengwe le sengwe se se re dikologileng, a ga re a tshwanela go lebelela gore o tshwanetse a bo a na le maatla a go laola popo ya gagwe?

Goitsemang: Gone.

Katlego: Akanya gape ka mmè wa gago. Ke ka ntlha yang fa go go utlwisa botlhoko go mmona a boga?

Goitsemang: Ka gonne ke a mo rata. Ke mmè wa me.

Katlego: Mme fa o ne o na le maatla a go mo fodisa gompieno, a o ne o tla mo fodisa?

Goitsemang: Ee, ke ne ke tla mo fodisa.

Katlego: Akanya gore seo se kaya eng. Baebele e re ruta gore Modimo o a re bona fa re boga, o re utlwela botlhoko e bile o na le maatla a magolo. Ka jalo, a o kile wa akanya gore Modimo o tlhoka boikgapo go le kana kang gore a se ka a tsaya kgato ka bonako go fedisa pogo ya rona?

Goitsemang: Ga ke ise ke ko ke akanye ka gone ka tsela eo.

Katlego: A seo ga se reye gore o na le lebaka le le utlwalang la go bo a ise a tseye kgato go fedisa mathata a rona? *

Goitsemang: Hmm, a ka tswa a na le lebaka le le utlwalang.

Katlego: Founo ya gago e a lela, ka jalo, mma ke re ke tla boa gape mo nakong e e tlang go tla go tsweletsa motlotlo.

Goitsemang: Ke a leboga. Nka itumelela seo. *

A go na le kgang nngwe mo Baebeleng e o ileng wa ipotsa ka yone? A o ka rata go itse ka dilo dingwe tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang kgotsa dilo tse ba di dirang? Fa go le jalo, o se ka wa okaoka go botsa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O tla itumelela go tlotla le wena ka dipotso tseo.

^ ser. 61 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng bona kgaolo 11 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 64 Setlhogo sa mo isagweng sa motseletsele ono wa ditlhogo se tla tlotla ka lebaka la go bo Modimo a letleletse pogo.