Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pogo e Tla Tloga e Fela!

Pogo e Tla Tloga e Fela!

Akanya o nna mo lefatsheng le go se nang pogo mo go lone—lefatshe le go se nang bokebekwa, ntwa, bolwetse le masetlapelo a tlholego. Akanya o tsoga moso mongwe le mongwe o sa tlhoke go tshwenyega ka tlhaolele, kgatelelo kgotsa go sa tlhomama ga ikonomi. A seno se utlwala e le toro fela? Gone ke boammaaruri gore ga go na motho ope kgotsa mokgatlho o o tlhomilweng ke batho o o ka kgonang go tlisa maemo a a ntseng jalo. Mme Modimo o solofeditse gore o tla fedisa dilo tsotlhe tse di dirang gore batho ba boge, go akaretsa le tse go tlotlilweng ka tsone mo setlhogong se se fetileng. Ela tlhoko ditsholofetso tse di latelang tse di tswang mo Lefokong la Modimo, Baebele:

GO BUSA GA PUSO E E SIAMENG

“Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.

Bogosi jwa Modimo ke puso ya kwa legodimong. Mmusi wa jone yo o tlhophilweng, Jesu Keresete, o tla busa mo boemong jwa babusi botlhe ba batho mme o tla tlhomamisa gore thato ya Modimo ga e dirwe fela kwa legodimong mme e dirwa le mo lefatsheng. (Mathaio 6:9, 10) Puso eno e ka se ka ya emisediwa ke puso epe ya batho ka gonne ke ‘bogosi jo bo sa khutleng jwa Morena wa rona le Mmoloki Jesu Keresete.’ O tla tlhomamisa gore go na le kagiso e e nnelang ruri.—2 Petere 1:11.

GO TLA BO GO SA TLHOLE GO NA LE BODUMEDI JWA MAAKA

“Satane ka boene o nna a iphetola moengele wa lesedi. Jalo ga se sepe se segolo fa badiredi ba gagwe le bone ba nna ba iphetola badiredi ba tshiamo. Mme bokhutlo jwa bone bo tla nna kafa ditirong tsa bone.”—2 Bakorintha 11:14, 15.

Bodumedi jwa maaka bo tla senolwa jaaka ditiro tsa ga Diabolo e bile bo tla fedisiwa mo lefatsheng. Go tla bo go sa tlhole go na le tlhaolele ya bodumedi le tshololo ya madi. Seno se tla dira gore batho botlhe ba ba ratang “Modimo yo o tshelang” ba mo obamele ka “tumelo e le nngwe” le go mo obamela ka “moya le boammaaruri.” Ruri seo se tla dira gore go nne le kagiso le kutlwano!—1 Bathesalonika 1:9; Baefeso 4:5; Johane 4:23.

BATHO E TLA BO E SA TLHOLE E LE BA BA SA ITEKANELANG

“Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:3, 4.

Jehofa Modimo o dira gore seno se kgonege ka Morwawe e bong Jesu, yo o neng a ntshetsa batho botshelo jwa gagwe. (Johane 3:16) Ka kaelo ya ga Jesu,  batho ba tla boa ba itekanela. Go tla bo go sa tlhole go na le pogo ka gonne “Modimo ka boene o tla nna le bone” mme o tla “phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.” Go ise go ye kae, bosaitekanelang jwa batho bo tla bo bo sa tlhole bo le teng; “basiami ba tla rua lefatshe mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

MEYA E E BOIKEPO E TLA BO E SA TLHOLE E LE GONE

“[Jesu Keresete] a tshwara kgogela, noga ya kwa tshimologong, yo e leng Diabolo le Satane, a ba a mmofa dingwaga di le sekete. Mme a mo piriganyetsa mo moleteng o o se nang bolekanngo a ba a o tswala a o kana mo godimo ga gagwe, gore a se ka a tlhola a tsietsa ditšhaba.”—Tshenolo 20:2, 3.

Tlhotlheletso yotlhe ya ga Satane e tla bo e fedile fa ene le madimona a gagwe ba tla bo ba tshwerwe le go piriganyediwa mo “moleteng o o se nang bolekanngo,” seemo se mo go sone ba tla bong ba sa kgone go dira sepe. Ba tla bo ba sa tlhole ba kgona go nna le tlhotlheletso e e bosula mo bathong. A bo go tla bo go itumedisa jang ne go tshela mo lefatsheng le go se nang tlhotlheletso ya ga Satane le meya e e boikepo mo go lone!

“METLHA YA BOFELO” E TLA BO E FETILE

“Metlha ya bofelo” e tla fela ka nako ya se Jesu a neng a re ke “pitlagano e kgolo.” O ne a re: “Ka nako eo go tla nna le pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e nna gone gape.”—Mathaio 24:21.

Pitlagano eno e tla bo e le kgolo ka gonne go tla bo go na le masetlapelo a a iseng a ko a nne gone. E tla fitlha kwa setlhoeng sa yone ka nako ya ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,’ e e itsegeng e le “Hara-Magedona.”—Tshenolo 16:14, 16.

Batho ba ba mo lefatsheng lotlhe ba ba ratang tshiamo ba lebeletse pele bofelo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. Ela tlhoko masego a le mmalwa a ba tla a itumelelang mo Bogosing jwa Modimo.

MODIMO O TLA DIRA MO GO OKETSEGILENG!

“Boidiidi jo bogolo” bo tla sirelediwa gore bo tsene mo lefatsheng le lesha la kagiso: Lefoko la Modimo le bolela gore “boidiidi jo bogolo” jwa batho ba ba se nang palo bo tla ‘tswa mo pitlaganong e kgolo’ mme bo tla bolokiwa gore bo tshele mo lefatsheng le lesha. (Tshenolo 7:9, 10, 14; 2 Petere 3:13) Bo tla bolela gore poloko ya bone e tswa mo go Jesu Keresete “Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe.”—Johane 1:29.

Go tla nna le masego a magolo ka ntlha ya thuto e e tswang mo Modimong: Mo lefatsheng le lesha, “lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa.” (Isaia 11:9) Thuto eno e e tswang kwa Modimong e tla akaretsa ditaelo tsa go tshela ka kagiso le batho botlhe le tumalanong le tikologo. Modimo o solofetsa jaana: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone.”—Isaia 48:17.

Baratiwa ba rona ba ba suleng ba tla tsosiwa mo mabitleng: Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a tsosa tsala ya gagwe e bong Lasaro mo baswing. (Johane 11:1, 5, 38-44) Ka tsela eo, o ne a bontsha se a tla se dirang ka selekanyo se segolo mo thulaganyong ya Bogosi jwa Modimo.—Johane 5:28, 29.

Go tla nna le kagiso le tshiamo ka bosakhutleng: Mo pusong ya ga Keresete, go tla bo go sa tlhole go na le tlolomolao. Re itse jang seo? Re a itse ka gonne Jesu o kgona go bona dipelo e bile o tla dirisa bokgoni joo go atlhola batho ba ba siameng le ba ba boikepo. Batho ba ba ganang go fetola ditsela tsa bone tse di boikepo ba ka se letlelelwe go tshela mo lefatsheng la Modimo le lesha.—Pesalema 37:9, 10; Isaia 11:3, 4; 65:20; Mathaio 9:4.

Re sekasekile boporofeti bongwe jwa Baebele jo bo buang ka nako e e itumedisang e e tlang. Fa Bogosi jwa Modimo bo busa mo lefatsheng, go tla nna le ‘letlotlo la kagiso’ ka bosakhutleng. (Pesalema 37:11, 29) Dilo tsotlhe tse di utlwisang batho botlhoko le tse di dirang gore ba boge di tla bo di sa tlhole di le gone. Modimo o re tlhomamisetsa seno jaana: “Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha. . . . Mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri.”—Tshenolo 21:5.