Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

Re ne Re Humanegile Mme re Humile mo Dilong Tsa Semoya

Re ne Re Humanegile Mme re Humile mo Dilong Tsa Semoya

Rremogolo le rre ba ne ba nna mo ntlong e e sa wediwang go agiwa kwa Cotiujeni, motse wa batho ba maemo a a kwa tlase kwa karolong e e kwa bokone ya se gone jaanong e leng Moldova. Ke ne ka tsholelwa koo ka Sedimonthole 1939. Mo masimologong a bo1930, ba lelapa la gaetsho ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa. Mmè le ene o ne a nna Mosupi fa a sena go lemoga gore rremogolo o itse Baebele botoka go na le moruti wa mo motseng.

Fa ke ne ke le dingwaga di le tharo, rre, rangwane le rremogolo ba ne ba fudusediwa kwa dikampeng tsa pogisetso ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete. Ke rre fela yo o neng a falola. Ka 1947, morago ga Ntwa ya Lefatshe ya II, o ne a boela gae a robegile mokwatla. Le fa a ne a golafetse, o ne a nna a nonofile mo tumelong.

DIPHETOGO TSE DIKGOLO MO MATSHELONG A RONA

Fa ke ne ke le dingwaga di le robongwe, lelapa la gaetsho le Basupi ba bangwe ba le makgolokgolo ba kwa Moldova ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Siberia. Ka Phukwi 6, 1949, re ne ra pitlagangwa mo teng ga dikolotsana tsa dikgomo. Morago ga go tsamaya malatsi a le 12 le dikilometara di le 6 400 re sa kgaotse, re ne ra ema kwa seteisheneng sa terena sa Lebyazhe. Balaodi ba lefelo leo ba ne ba re letetse koo. Re ne ra kgaoganngwa ka ditlhopha tse dinnye mme go ise go ye kae re ne ra phatlaladiwa mo lefelong leo. Setlhopha sa rona se ne sa ya go nna kwa sekolong se sennye se se neng se sa dirisiwe. Re ne re lapile e bile re kgobegile marapo. Mosadi mongwe yo o godileng o ne a opelela kwa tlase pina nngwe e e tlhamilweng ke Basupi ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Go ise go ye kae, botlhe ba ne ba opela mafoko ano le ene:

“Bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba isiwa botshwarwa kwa kgakala.

Ba ne ba ba isa kwa bokone le kwa botlhaba.

Ka ntlha ya go dira tiro ya Modimo, ba ne ba atlholelwa go lebana le mathata mme ba itshokela diteko tse di setlhogo thata.”

Fa nako e ntse e tsamaya, re ne ra kgona go ya dipokanong tsa go ithuta Baebele Sontaga mongwe le mongwe kwa lefelong le le bokgakala jwa dikilometara di ka nna 13 go tswa mo re nnang gone. Gantsi re ne re tsamaya phakela mo mesong go le lefifi ka nako ya mariga mme re bo re tsamaya ka dinao mo lefelong le kapoko e neng e fitlha mo lethekeng fa themperetšha e ne e le di dikirii tsa Celsius di le 40 ka fa tlase ga boswakgapetla. Re ne re pitlagana mo kamoreng e e disekweremetara di le 19 re le 50 kgotsa go feta. Re ne ra simolola go opela pina e le nngwe, tse pedi kgotsa tse tharo. Go ne ga rapelwa go tswa foo ga sekasekiwa dipotso tsa Baebele. Seno se ne se dirwa ka lobaka lwa ura kgotsa go feta. Re ne re opela dipina tse di oketsegileng mme go tswa foo go bo go sekasekiwa dipotso tse di oketsegileng tsa Baebele. Ruri eno e ne e le nako e e neng e nonotsha tumelo ya rona!

DIKGWETLHO TSE DISHA TSE RE NENG RE TLHOKA GO LEBANA LE TSONE

Kwa seteisheneng sa terena sa Dzhankoy ka 1974

Ka 1960, Basupi ba ba kwa botshwarwa ba ne ba fiwa kgololesego e e oketsegileng. Le fa re ne re humanegile, ke ne ka kgona go etela kwa Moldova, kwa ke neng ka kopana le Nina gone, yo batsadi ba gagwe le rremogolo le mmèmogolo wa gagwe le bone e neng e le Basupi. Go ise go ye kae, re ne ra nyalana mme ra boela kwa Siberia, kwa morwadiarona, Dina a neng a tsholelwa gone ka 1964 mme morwarona Viktor, a tsholwa ka 1966. Dingwaga di le pedi morago ga foo, re ne ra fudugela kwa Ukraine mme ra nna mo ntlong e nnye kwa Dzhankoy, toropo e e bokgakala  jwa dikilometara di le 160 go tswa kwa Yalta mo pheninsuleng ya Crimea.

Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe kwa Crimea, fela jaaka go ne go ntse go ralala Soviet Union. Mme tiro ya rona e ne e sa thibelwa thata, e bile re ne re sa bogisiwe thata. Ka jalo, Basupi bangwe ba ne ba simolola go tsaya dilo motlhofo. Ba ne ba ipolelela gore e re ka ba bogile thata kwa Siberia, go ne go tshwanela gore jaanong ba bereke ka natla gore ba nne le dilo dingwe tsa manobonobo.

DITIRAGALO TSE DI ITUMEDISANG

Ka Mopitlwe 27, 1991, tiro ya rona e ne ya amogelwa semolao mo go se ka nako eo se neng se itsege e le Soviet Union. Ka bonako fela go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore go nne le dikopano tse supa tsa kgaolo tse di kgethegileng tsa malatsi a le mabedi mo nageng yotlhe. Re ne re tshwanetse go ya kwa go e e neng e le kwa Odessa, Ukraine, e go neng go rulagantswe gore e tla simolola ka Phatwe 24. Ke ne ka fitlha kgwedi pele ga foo gore ke ye go thusa go baakanya setadiamo se segolo sa kgwele ya dinao se kopano e neng e tla tshwarelwa mo go sone.

E re ka re ne re bereka letsatsi lotlhe, gantsi re ne re robala mo dibankeng tsa setediamo bosigo. Ditlhopha tsa basadi ba Basupi di ne tsa phepafatsa paraka e e gaufi le setediamo. Go ile ga latlhwa ditone di le 70 tsa matlakala. Ba ba neng ba bereka mo lefapheng la marobalo ba ne ba ralala toropo go batlela batlakopanong ba le 15 000 ba ba lebeletsweng marobalo. Ka tshoganyetso, re ne ra utlwa dikgang tse di sa itumediseng!

Ka Phatwe 19—malatsi a le matlhano fela pele ga kopano ya rona e simolola—Mikhail Gorbachev, yo ka nako eo e neng e le poresidente ya USSR, o ne a tshwarwa fa a ntse a le kwa malatsing a boikhutso kwa Yalta, lefelo le le seng kgakala le mo re neng re le gone. Tetla ya go tshwara kopano e ne ya phimolwa. Batlakopanong ba ne ba simolola go leletsa komiti e e okametseng kopano mogala ba botsa ba re, “Re direng ka dithekete tsa rona tsa bese le tsa terena?” Morago ga go rapela ka tlhoafalo, bakaulengwe ba ba rulaganyang kopano ba ne ba ba raya ba re “Tlang fela!”

Bakaulengwe ba ne ba tswelela ka dithulaganyo tsa go baakanyetsa kopano le go rapela. Lefapha le le ikarabelelang ka dipalangwa mo kopanong le ne la simolola go kgatlhantsha batlakopanong ba ba neng ba goroga go tswa kwa dikarolong tse dintsi tsa Soviet Union mme ba ba isa kwa ba robalang gone. Moso mongwe le mongwe, maloko a Komiti ya Kopano a ne a tswa kwa mafapheng a bone mme ba ya go kopana le balaodi ba toropo. Bosigo bongwe le bongwe ba ne ba boa ba se na dikgang tse di itumedisang.

DITHAPELO TSA RONA DI A ARABIWA

Ka Labone, Phatwe 22—malatsi a le mabedi pele ga nako e kopano e neng e rulagantswe go simolola ka yone—maloko a Komiti ya Kopano a ne a boa ka dikgang tse di itumedisang: Re ne re filwe tetla ya go tshwara kopano! Fa re opela pina e e simololang e bile re kopanetse mmogo mo thapelong e e simololang, re ne re itumetse thata. Morago ga thulaganyo ya bofelo ka Matlhatso, re ne ra sala kwa lefelong la kopano go fitlha maitseboa, re bua le go tsosolosa botsalano. Batho ba re neng re tlotla le bone e ne e le Bakeresete ba ba nang le tumelo e e nonofileng ba ba ileng ba kgona go itshokela diteko tse di boima thata.

Kopano ya kgaolo kwa Odessa, 1991

Mo dingwageng tse di fetang 22 morago ga kopano eo, go ile ga nna le koketsego le kgatelopele e kgolo mo phuthegong. Go ile ga agiwa Diholo tsa Bogosi go ralala Ukraine mme palo ya baboledi ba Bogosi e ile ya oketsega go tloga go 25 000 ka 1991 go fitlha go baboledi ba ba fetang 150 000 gone jaanong!

RE SA NTSE RE HUMILE MO DILONG TSA SEMOYA

Lelapa la rona le sa ntse le nna mo go yone ntlo e e kwa Dzhankoy, toropo ya batho ba ba ka nnang 40 000. Le fa go ne go na le malapa a le mmalwa fela a Basupi fa re ne re goroga go tswa kwa Siberia ka 1968, gone jaanong go na le diphuthego di le thataro kwa Dzhankoy.

Lelapa la me le lone le oketsegile. Gone jaanong go na le dikokomane di le nnè tse di sa ntseng di tshela e bile di direla Jehofa—bana ba rona, bana ba bone le bana ba bana ba bone.