Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BABADI BA BOTSA . . .

Ke Eng fa Modimo a Letlelela Batho ba ba Maatla go Gatelela ba ba Bokoa?

Ke Eng fa Modimo a Letlelela Batho ba ba Maatla go Gatelela ba ba Bokoa?

Baebele e bua ka makgetlho mangwe a a utlwisang botlhoko a batho ba ba maatla ba gatelelang ba ba bokoa mo go one. Seo se re gakolola kgang ya ga Nabothe. * Ahabe, kgosi ya kwa Iseraele ya mo lekgolong la bolesome la dingwaga  B.C.E., o ne a letlelela mosadi wa gagwe Jesebele, gore a dire gore Nabothe le bomorwawe ba bolawe, gore kgosi e kgone go tsaya tshimo ya mofine ya monna yoo. (1 Dikgosi 21:1-16; 2 Dikgosi 9:26) Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a letlelela batho go dirisa maatla a bone ka tsela e e setlhogo jalo?

‘Modimo a ka se ka a aka.’—Tito 1:2

Mma re tlhome mogopolo mo lebakeng leno le le botlhokwa: Modimo a ka se ka a aka. (Tito 1:2) Seo se amana jang le ditiro tse di boikepo tsa go gatelela ba bangwe? Kwa tshimologong, Modimo o ne a tlhagisa batho gore fa ba sa mo reetse go tla nna le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko—loso. Fela jaaka Modimo a ile a bolela, e sa le batho ba swa go tloga ka nako ya botsuolodi joo jwa kwa tshimong ya Edene. Tota e bile, motho wa ntlha o ne a swa ka go bo a ne a gatelelwa—fa Kaine a bolaya morwarraagwe e bong Abele—Genesise 2:16, 17; 4:8.

Fa Lefoko Modimo le bua ka hisitori ya batho go tloga ka nako eo, le sobokanya dilo ka tsela eno: ‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) A mafoko ao a ile a diragadiwa? Jehofa o ne a tlhagisa setšhaba sa Iseraele e leng batho ba gagwe, gore dikgosi tsa bone di tla ba gatelela, di dira gore ba ikuele mo Modimong. (1 Samuele 8:11-18) Tota le Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a batla lekgetho le lentsi mo bathong ba gagwe. (1 Dikgosi 11:43; 12:3, 4) Dikgosi tse di bosula, tse di jaaka Ahabe, di ne di le setlhogo le go feta. Akanya ka seno: Fa Modimo a ka bo a ile a thibela kgatelelo eo yotlhe, a seo se ka bo se sa bontshe gore Modimo o ne a sa bue boammaaruri?

‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9

Gakologelwa gape gore, Satane o bolela gore batho ba direla Modimo ka ntlha ya mabaka a bopelotshetlha. (Jobe 1:9, 10; 2:4) Fa Modimo a ka bo a ile a sireletsa batlhanka ba gagwe mo kgatelelong yotlhe, a seo se ne se se kitla se dira gore ditatofatso tsa ga Satane di lebege di le boammaaruri? Mme fa Modimo a ka bo a thibetse gore go se ka ga nna le ope yo o gatelelwang ka tsela epe, a seo e ne e ka bo e se maaka a magolo le go feta? Fa Modimo a ka bo a sireleditse batho ka tsela eo, ba le bantsi ba ne ba tla re batho ba kgona go ipusa ka katlego kwantle ga Modimo. Mme Lefoko la Modimo le bolela se se farologaneng le seo—la re motho a ka se kgone go ipusa gotlhelele. (Jeremia 10:23) Bogosi jwa Modimo bo tshwanetse go tla; mme ke fela ka nako eo tshiamololo e tla felang.

A mme seo se raya gore Modimo ga a dire sepe ka kgatelelo? Le e seng. Ela tlhoko dilo tse pedi tse a di dirang: Sa ntlha o bontsha se bosetlhogo e leng sone tota. Ka sekai, Lefoko la gagwe le senola karolo nngwe le nngwe ya leano le Jesebele a neng a le dirile kgatlhanong le Nabothe. Mo godimo ga moo, Baebele e bontsha gore dilo tse di ntseng jalo di tlhotlhelediwa ke mmusi yo o maatla yo o sa batleng gore go itsiwe se a leng sone. (Johane 14:30; 2 Bakorintha 11:14) Baebele e mo senola gore ke Satane Diabolo. Ka go senola boikepo le kgatelelo le gore di bakiwa ke mang tota, Modimo o re thusa gore re se ka ra dira boikepo. Ka tsela eo, o sireletsa isagwe ya rona ya go ya go ile.

Sa bobedi, Modimo o re neela tsholofelo e e tlhomameng ya gore kgatelelo e tla fela. Tsela e a ileng a senola, a atlhola le go otlhaya Ahabe le Jesebele ka yone—mmogo le ba bangwe ba bantsi ba ba tshwanang le bone—e dira gore re tlhomamisege ka ditsholofetso tsa gagwe tsa gore ka letsatsi lengwe o tla otlhaya badirabosula botlhe. (Pesalema 52:1-5) Gape Modimo o re naya tsholofelo e re ka e ikanyang ya gore, go ise go ye kae, o tla dirolola ditlamorago tsa boikepo tse di amang batho ba ba mo ratang. * Ka jalo, Nabothe yo o ikanyegang o tla bona nako e ka yone ene le bomorwawe ba tla bong ba tshela mo lefatsheng la paradaise ka bosakhutleng go se na tshiamololo.—Pesalema 37:34.

^ ser. 3 Bona setlhogo se se reng “Etsa Tumelo ya Bone” mo makasineng ono.

^ ser. 8 Bona kgaolo 11 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.