Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE KA FA NTLE | A O TSHWANETSE GO RAPELA?

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Rapela?

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Rapela?

A o rapela ka metlha? Batho ba le bantsi ba a rapela, go akaretsa le balatolamodimo. Mme gone ke ka ntlha yang fa batho ba rapela? Go ya ka batho ba ba botsoloditsweng kwa Fora, halofo ya baagi ba kwa Fora ba re ba rapela kgotsa ka dinako dingwe ba tlhatlhanya “e le fela gore ba ikutlwe botoka.” Batho ba le bantsi ba kwa Yuropa ga ba rapele go obamela Modimo. Go na le moo, ba batla fela gore “thapelo e ba ritibatse maikutlo.” Ka fa letlhakoreng le lengwe badumedi bangwe bone ba rapela Modimo fela fa ba tlhoka sengwe, ba solofetse gore dithapelo tsa bone di tla arabiwa ka ponyo ya leitlho.—Isaia 26:16.

Go tweng ka wena? A o akanya gore thapelo ke sengwe fela se se ka go dirang gore o akanye sentle? Fa e le gore o dumela mo Modimong, a o bona kafa thapelo e go thusang ka gone mo botshelong jwa gago? A kgotsa go bonala e kete dithapelo tsa gago ga di arabiwe? Baebele e ka go thusa gore o kgone go leba thapelo e se tsela fela ya go dira gore o ikutlwe botoka mme e le selo sa botlhokwa se se ka go atametsang gaufi le Modimo.